Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikakgelo Tsa Babadi

Dikakgelo Tsa Babadi

Dikakgelo Tsa Babadi

Basha ba Botsa Jaana . . . Ke Eng fa ke Tshwanetse go Bala? (May 2006) Ke na le dingwaga di le 15, mme setlhogo seno se nthusitse thata. Ke ne ka ya le makasine ono kwa sekolong, mme morutabana wa me o ne a o bona. Fa a ntse a ruta o ne a bua ka mekgwa ya go bala mme a bontsha bana ba ke tsenang tlelase le bone makasine ono wa Tsogang!. O ne a re o itumeletse go bala setlhogo seno fela thata, mme e bile o kgothaletsa botlhe mo tlelaseng gore ba se bale.

D.A.C., Brazil

Mo nakong e e fetileng ke ne ke bala ditlhogo tse di nkgatlhang fela mo dimakasineng. Jaanong ke dira maiteko a magolo gore ke bale setlhogo sengwe le sengwe, le fa e le gore kwa tshimologong se ka utlwala se sa nkgatlhe. Ke fitlhetse e le gore ditlhogo tse di ntseng jalo gantsi e nna tsone tse ke di ratang. Ke leboga go menagane.

E. G., United States

Ke itumeletse go itse gore gompieno go na le basha ba ba tshwanang le se ke neng ke le sone. Ke kolobeditswe ke na le dingwaga di le 14 mme jaanong ke na le dingwaga di le 40. Nakwana pele ke kolobediwa, le nna ke ne ke itlwaeditse go bala ditsebe di le mmalwa go tswa go Tora Ya Tebelo kgotsa Tsogang! letsatsi le letsatsi. Ke bona gore ke tlwaelo eno e e dirileng gore le ka motlha ke se ka ka foswa ke go bala setlhogo sepe fela le gore ke kgone go tlhokomela bomoya jwa me.

S. O., Japane

Michael Servetus—Monna yo o Ileng a Ipatlela Boammaaruri (May 2006) Ke a lo leboga ka setlhogo seno se se molemo. Se nkgothaditse thata gore ke tswelele pele go rera le go tswelela pele ke femela leina la ga Jehofa.

M. R., Brazil

Batho ba le bantsi ba itse Servetus e le motho yo o itsegeng thata mo go tsa kalafi. Le fa go ntse jalo, setlhogo seno se bontshitse dintlha dingwe tsa botho jwa gagwe, tse di jaaka bopeloephepa jwa gagwe le keletso ya gagwe ya go batla boammaaruri. Ke a lo leboga ka go gatisa setlhogo seno.

M. J., Spain

Go Tsaya Tlhagiso Tsia go Ile ga Thusa (June 2006) Go a itumedisa go nna karolo ya phuthego e e lorato ya ga Jehofa. Ke rata go leboga thata bakaulengwe le bokgaitsadi botlhe ba ba thusitseng go aga ntlo ya me sesha, e e neng e sentswe mo go maswe ke Kgwanyape ya Katrina. Jaanong ke legae le le tletseng ka lorato lwa bone.

I. F., United States

Sei—“Letsela le Lentle go a Gaisa Otlhe” (June 2006) Go tloga fela ke sa le ngwana, ke ne ke ipotsa gore sei e dirwa jang. A bo ke ne ka itumela jang ne fa ke bona setlhogo seno mo Tsogang! Ruri ke se itumeletse, mme se okeditse kanaanelo ya me ka popo ya ga Jehofa.

A. C. L., Brazil

Matshwao a Magolo a Kankere e e Kotsi ya Melanoma (June 8, 2005) Ka go dirisa ditshwantsho tsa mebala tse di leng mo setlhogong seno, ke ne ka kgona go itlhatlhoba mme ka bona kuruga e ntsho e e neng e mpelaetsa e go neng ga fitlhelwa gore ke kankere e e kotsi ya melanoma. Ke lebogela gore melanoma eno e ne ya ntshiwa ka karo e sa ntse e simologa. Ke leboga Jehofa go tswa pelong ka tshedimosetso eno e e mosola.

K. N., Japane