Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Mo lesomeng la dingwaga le le fetileng, balemirui ba kwa China ba ka nna dimilione di le 40 ba latlhegetswe ke lefatshe la bone ka ntlha ya go gola ka bonako ga naga e e fetolwang go nna metse ya ditoropo.—CHINA DAILY, CHINA.

▪ Lefatshe ka bophara ka 2005, go ne ga nna le dintwa di le 28 tse di matlho mahibidu le di le 11 tse di potlana tse di lowang.—VITAL SIGNS 2006-2007, WORLDWATCH INSTITUTE.

▪ Setlhopha sa kwa Tokyo Institute of Technology se kgonne go fofisa ka katlego sefofane se se motlhofo thata sa bokete jwa dikilogerama di le 55 fela se se neng se tsamaisiwa ke dibeteri tse di tlwaelegileng. Sefofane seno se kgonne go fofa sekgala sa dimetara di le 391 mo metsotswaneng e le 59.—MAINICHI DAILY NEWS, JAPAN.

▪ Gareng ga badirisi ba Internet ba dingwaga di le 12 go ya go di le 20 ba ba neng ba etela mafelo mangwe a go tweng ke “mafelo a motho o ipolelang se a leng sone le go ipapatsa mo go one” fa ba ntse ba dirisa khamera e e mo khomputareng, “diperesente di le 40 tsa basimane le di le 57 tsa basetsana di begile gore ba ne ba kopiwa go apola diaparo tsa bone kgotsa gore ba dire tiro nngwe ya tlhakanelodikobo mo pele ga khamera.”—RUTGERS NISSO GROEP, NETHERLANDS.

A Metshameko ya Bidio e ka Tshwakgola?

“Tsela e boboko jwa batho ba ba tshamekang metshameko ya bidio thata e tsibogang ka yone e tshwana le ya ba ba tshwakgotsweng ke bojalwa kgotsa ke diokobatsi.” Go rialo moithutatlhaloganyo Ralf Thalemann, moeteledipele wa setlhopha se se batlisisang ka tsa go tshwakgolwa wa kwa Charité University Hospital, kwa Berlin, Germany. Go dumelwa gore go tshameka thata metshameko ya dikhomputara go ka dira gore dopamine e tswe ka bontsi mo bobokong jwa motshameki, e e dirang gore motho a nne le boikutlo jwa go itumela jo bo ka dirang gore motho a feleletse a “tshwakgotswe.” Patlisiso nngwe e bontsha gore seno se ka diragalela batho ba ba fetang diperesente di le 10 ba ba tshamekang metshameko ya dibidio.

Gantsi Bahumi ga ba “Sireletsega e Bile ba a Tshwenyega”

Lokwalodikgang la kwa Beijing lwa China Daily, lo bega gore “bahumi ba ikutlwa ba sa sireletsega e bile ba a tshwenyega.” Go dirilwe dipatlisiso mo bathong ba kwa Botlhaba le ba kwa Bophirima jwa China ba palogare ya bone e nang le diranta di le dimilione di le 2,1. Babatlisisi, ba ba neng ba batlisisa “maikutlo a bahumi malebana le bodumedi, lenyalo, botshelo, tiro le madi,” ba fitlhetse gore “bontsi jwa bahumi ba rata madi le go a tlhoa ka nako e lengwe.” Bontsi jwa batho ba ba arabetseng mo dipatlisisong tseno ba re kwantle ga go tlhagelela mo setšhabeng le go fitlhelela dilo tse di rileng, “go tlhobaela ke selo sa konokono se madi a ba leretseng sone.”

Tiro ya Kwa Dipolasing e Siametse Batho ba ba Lwalang mo Tlhaloganyong

Bomankge ba feta 100 go tswa kwa dinageng di le 14 bosheng jaana ba ne ba kopana kwa Stavanger, Norway, gore ba ithute ka Green Care, mokgwa wa kalafi wa go kopanya temothuo, go ruta, le tlhokomelo ya tsa boitekanelo. Go ya ka khampani nngwe ya kgaso ya NRK, batho bangwe ba ba neng ba tshwerwe ke bolwetse jwa tlhaloganyo ka dingwagangwaga ba ne ba sa tlhole ba tlhoka go ka isiwa kwa kokelong morago ga gore ba simolole go dira tiro ya kwa dipolasing. E siametse “tlhaloganyo le mmele.” Borradipolasi ba feta 600 kwa Norway ba dirisana mmogo le Green Care, e ka yone ba bonang lotseno lo lo oketsegileng.

Go Dirisiwa Ditora Tsa Dikereke

Makasine wa Newsweek wa re: “Dikereke tsa New England [kwa United States] di bone tharabololo ya go fokotsega ga tekanyetso ya madi a tsone ka go hirisetsa dikhampani tsa difouno tsa selula gore di tlhome di-eriele tsa tsone mo ditoreng tsa dikereke.” Mafelo a go aga ditora tse di tsamaisang le go amogela melaetsa ya diselula a a tlhaela ka ntlha ya dithibelo tse di bewang mo mafelong a batho ba nnang mo go one, mme le baagi ga ba batle dieriele tse di sa lebegeng sentle gaufi le bone. Ka jalo dikhampani tsa diselula di fitlha dieriele tsa bone mo gare ga ditora tsa dikereke. Poresidente wa nngwe ya dikhampani tsa bogokaganyi ba dikereke a re: “Kereke ya ntlha e re tlhomileng dieriele tsa rona mo go yone jaanong e na le dieriele tseno di le tharo, mme e duelwa $74 000 [R567 000] ka ngwaga go dirisa lefelo leno le le [ntseng le] sa dirisiwe ke ope.”