Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Fetola Mmala wa Matsela—Bogologolo le Gompieno

Go Fetola Mmala wa Matsela—Bogologolo le Gompieno

Go Fetola Mmala wa MatselaBogologolo le Gompieno

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA BORITHANE

AO KILE wa lemoga seabe se mmala o nang le sone mo maikutlong a rona? Ga go gakgamatse go bo batho go ralala hisitori ba ile ba tsenya mebala mo diaparong tsa bone, ba di fetola mmala.

Fa re reka diaparo le difanitšhara kgotsa matsela a go di dira, ga re batle gore mebala ya tsone e tswe kgotsa e tswapoge. Go ithuta ka ditsela tse di dirisiwang fa go dirwa matsela gore a se ke a tswapoga le ka moo mekgwa ya go fetola mmala e nnileng ya tlhabololwa ka gone, re ne ra etela SDC (Society of Dyers and Colourists) Musiamo wa Mebala kwa Bradford, kwa bokone jwa Engelane. * Fa re le koo re ne ra bona mefuta mengwe ya dilo tse di sa tlwaelegang tse di sa bolong go dirisiwa go fetola mebala go ralala makgolokgolo a dingwaga.

Difetolammala Tse di Neng di Dirisiwa mo Lekgolong la Ntlha la Dingwaga

Go fitlha mo karolong ya bobedi ya lekgolo la bo19 la dingwaga, didirisiwa tse di neng di dirisiwa go fetola mmala wa diaparo di ne di tswa gotlhelele mo dilong tsa tlholego, tse di jaaka dijalo, ditshenekegi, le di-shellfish. Ka sekai sejalo sa woad se ne se dira sefetolammala se se pududu (1), sejalo sa weld se ne se dira sefetolammala se se serolwana (2), mme sejalo sa madder se ne se dira sefetolammala se sehibidu. Sefetolammala se se ntsho se ne se dirwa ka setlhare sa logwood mme lichen e e bidiwang archil e ne e dira sefetolammala se se phepole. Shellfish ya murex e dira sefetolammala sa tlhwatlhwa e e kwa godimo se se phepole, se se itsegeng ka Tyrian, kgotsa phepole wa maemo a a kwa godimo (3). Sefetolammala seno se ne se dirisiwa go fetola mmala wa diaparo tse di neng di aparwa ke babusibagolo ba kwa Roma.

Bogologolo pele ga babusibagolo ba kwa Roma, batho ba ba itsegeng le ba ba humileng ba ne ba apara diaparo tse di fetotsweng mmala ka dilo tsa tlholego. (Esethere 8:15) Ka sekai, difetolammala tse dikhibidu, di ne di dirwa ka tshenekeging e e namagadi ya kermes (4). Seno go bonala e ne e le sone se se neng sa dirisiwa go fetola mmala wa letsela la khokhase le le bobududu jo bo mokgona le le neng le dirisiwa go kgabisa motlaagana kwa Iseraeleng wa bogologolo, le diaparo tsa moperesiti yo mogolo wa Iseraele—Ekesodo 28:5; 36:8.

Tiragalo ya go Fetola Mmala

Dipontsho tsa kwa Musiamong wa Mebala di bontsha gore gantsi tiragalo ya go fetola mebala e raraane thata, ga se kgang fela ya go tsenya seaparo mo sefetolammaleng se bo se tswa se siame. Mo maemong a le mantsi kgato nngwe ya go fetola mmala e akaretsa go dirisa mordant, e leng sere se se amang sefetolammala le khai ya seaparo ka go tshwana. Ka go e dirisa e kgomaganya sefetolammala le khai mme sefetolammala seno se kgaotsa go nna metsi fela. Go na le dikhemikale di le dintsi tse di dirisiwang jaaka mordant, mme dingwe tsa tsone di kotsi.

Mekgwa mengwe e e dirisiwang go fetola mmala e dira gore go nne le monkgo o o seng monate. O mongwe wa yone ke o o tsayang nako e telele le o o raraaneng o o neng o dirisiwa fa go dirwa Turkey red. Mokgwa ono o ne o dirisiwa mo letseteng mme o ne o ntsha mmala o o bohibidu jo bo galalelang o o neng o sa tloge fa o utlwa letsatsi, kgotsa fa o tlhatswiwa, e bile o sa tswapoge. Nako nngwe thulaganyo eno e ne e tsaya makgetlho a le 38 a a farologaneng mme e ne e tsaya dikgwedi di le nnè pele e ka wediwa! Mangwe a matsela a a neng a le mantle go gaisa otlhe kwa musiamong ono e ne e le a a fetotsweng mmala ka Turkey red (5).

Go Simologa ga Difetolammala Tsa Maitirelo

Sefetolammala sa ntlha se se sa dirwang ka dilo tsa tlholego se ne sa dirwa ke William Henry Perkin ka 1856. Dipontsho di tlhalosa dithibololo tsa ga Perkin, e leng sefetolammala sa mauveine, se se phepole o o tseneletseng. Kwa bokhutlong jwa lekgolo la bo19 la dingwaga, bontsi jwa difetolammala tsa maitirelo di ne di setse di le gone ka mebala e e galalelang. Gompieno go dirwa mefuta e e fetang 8 000 ya difetolammala tsa maitirelo (6). Dilo tsa tlhago tse di sa ntseng di dirisiwa ka metlha mo go fetoleng mmala ke setlhare sa logwood le tshenekegi ya cochineal.

Kalari ya Mebala le Matsela ya Musiamo wa Mebala e ne ya tlhalosa dithulaganyo tse di kgethegileng tse di tlhokegang gompieno go fetola matsela a e seng a tlhago, a a jaaka rayone. Rayone ya viscose, e leng nngwe ya mefuta e e tumileng ya rayone e e dirisiwang gompieno, e ne ya diriwa la ntlha ka 1905. Dikhemikale tsa rayone ya viscose di tshwana le tse di leng mo letseteng, bontsi jwa difetolamebala tse di neng di le gone ka nako eo di ne di siametse go dirisiwa. Le fa go ntse jalo, mefuta e se kae e mesha ya difetolamebala e ne ya tshwanelwa ke go tlhabololwa gore e lepalepane le matsela a a itiretsweng a segompieno a a jaaka rayone ya acetate, polyester, naelone, le di-acrylic fiber.

Dikgwetlho Tsa go Dira Gore Mebala E se Ka ya Tloga

Fa re reka diaparo kgotsa matsela, ga re batle gore a tswapoge kgotsa a tswe mebala. Le fa go ntse jalo, diaparo le matsela a le mantsi a a thunya fa a utlwa letsatsi kgotsa fa a tlhatswiwa kgapetsakgapetsa, bogolo jang fa go dirisiwa sesepa. Ka dinako dingwe matsela a ka tswa mmala ka ntlha ya mofufutso kgotsa a ka fetoga mmala fa a tlhatswiwa le diaparo tse dingwe. Go se tswapoge fa diaparo di ntse di tlhatswiwa go ikaegile ka gore dimolekhule tsa sefetolammala di kgomaretse go le kana kang mo seaparong. Go tlhatswiwa kgapetsakgapetsa le disepa tse di diretsweng go ntsha leswe mo diaparong di dira gore sefetolammala se tswe mo seaparong, seno se baka gore seaparo se tswe mmala. Badiri ba ba dirang difetolamebala ba nna ba leka didirisiwa tsa bone go bona gore ke seabe se se kana kang se letsatsi, go tlhatswiwa, disepa, le mofufutso se ka nnang le sone mo diaparong le gore a di mo seemong se se amogelesegang.

Leeto la rona le re kgothaditse thata gore re ele tlhoko gore diaparo tsa rona di dirilwe ka mofuta ofe wa letsela. Mo godimo ga moo, re ne ra sedimosediwa ka dithulaganyo tsa botswerere tse di ntseng di dirisiwa go boloka mebala ya diaparo tsa rona gore e se ka ya tswapoga go sa kgathalasege makgetlho a di tlhatswiwang ka one.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 SDC—Society of Dyers and Colourists—e tsweletsa pele saense ya mebala.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 24]

Photos 1-4: Courtesy of the Colour Museum, Bradford (www.colour-experience.org)

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 25]

Photo 5: Courtesy of the Colour Museum, Bradford (www.colour-experience.org); Photo 6: Clariant International Ltd., Switzerland