Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Kaya Eng go Nna Mokeresete?

Go Kaya Eng go Nna Mokeresete?

Baebele ya Reng

Go Kaya Eng go Nna Mokeresete?

KINGSLEY wa kwa nageng nngwe ya mo Afrika a re: “Kwa nageng ya gaetsho, go nna Mokeresete go kaya go ya kerekeng gangwe ka beke.” Raad go tswa kwa Botlhabagare o tlhalosa jaana: “Mo go rona, Bakeresete ba tsewa e le setlhopha sa batho ba ba latelang dingwao le setso sa kwa Bophirima, ka ntlha ya tsela e ba aparang ka yone, le meletlo ya bone, le ka ntlha ya tsela e ba tshwarang basadi ka yone.”

A mme go nna Mokeresete go kaya fela go ya kerekeng gangwe ka beke le go latela dingwao tse di rileng? A mme lefoko “Bokeresete” ga le a tshwanela go kaya tsela ya botshelo e e supang boikutlo, maitseo le boitshwaro jo Keresete a neng a bua ka jone le go tlhoma sekao ka jone? * Bokeresete bo ne bo ntse jang fa bo simologa?

Bokeresete Jwa Bogologolo—Tsela ya Botshelo

Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Lo ditsala tsa me fa lo dira se ke se lo laolelang.” (Johane 15:14) E re ka dithuto tsa ga Jesu di ne di ama botshelo jwa bone jotlhe, mo tshimologong barutwa ba ga Keresete ba ne ba re bodumedi jwa bone ke “Tsela.” (Ditiro 9:2) Ka bonako morago ga foo, ‘ba ne ba bidiwa Bakeresete ka kaelo ya bomodimo.’ (Ditiro 11:26) Leina leno le lesha le ne le kaya gore ba dumela gore Jesu ke Morwa Modimo, yo o neng a tla mono go bontsha batho se thato ya ga Rraagwe wa kwa legodimong e leng sone. Tumelo eno e ne ya dira gore ba latele tsela ya botshelo e e farologaneng le ya lefatshe le le ba dikologileng.

Dithuto tsa ga Keresete di ile tsa dira gore balatedi ba gagwe ba latele se Baebele e se rutang, mme seo se ne se kaya gore ba tile, “kgokafalo, boitshekologo, boitshwaro jo bo repileng, kobamelo ya medingwana, tlwaelo ya go dirisana le meya, bobaba, kgogakgogano, lefufa, go phatloga ka bogale, manganga, . . . mediro ya botagwa, mediro ya ditlhapelo, le dilo tse di tshwanang le tseno.” (Bagalatia 5:19-21; Baefeso 4:17-24) Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola Bakeresete ba kwa Korintha gore bangwe ba bone ba kile ba bo ba dira dilo tseo. Mme a oketsa jaana: “Mme lo tlhapisitswe lwa nna phepa, lo itshepisitswe, lo boletswe lo le ba ba siameng mo leineng la Morena wa rona Jesu Keresete.”—1 Bakorintha 6:9-11.

E. W. Barnes o bolela jaana mo bukeng ya gagwe ya The Rise of Christianity: “Mo mekwalong ya bogologolo e e neng e tsewa e le boammaaruri, Bakeresete ba tlhalosiwa e le batho ba ba nang le boitsholo jo bo siameng e bile ba ikobela molao. Maloko a bone a ne a batla go nna baagi ba ba siameng le babusiwa ba ba ikanyegang. Ba ne ba tila diphoso le mekgwa e e sa siamang ya boheitane. Mo matshelong a bone a botho ba ne ba leka go nna kagisano le baagelani ba bone le go nna ditsala tse di ikanyegang. Ba ne ba rutiwa gore ba nne batho ba ba tekatekano, ba ba dirang ka natla le ba ba itshwereng sentle. Le fa ba ne ba tshela ka nako e boitlhapediso bo neng bo aname thata ka yone, fa ba ne ba tshegetsa melaometheo ya bone, ba ne ba dira jalo ka go ikanyega. Ba ne ba na le ditekanyetso tse di kwa godimo tsa boitsholo jwa tlhakanelodikobo: sebofo sa lenyalo se ne se tlotliwa mme botshelo jwa lelapa bo ne bo itshekile.” Ke dinonofo tse Bakeresete ba bogologolo ba neng ba na le tsone.

Selo se sengwe se se neng se tlhaola Bokeresete jwa bogologolo e ne e le tiro ya go rera e ba neng ba e dira ka tlhoafalo. Keresete o ne a laela balatedi ba gagwe jaana: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa.” (Mathaio 28:19, 20) Jean Bernardi, yo e leng porofesa kwa Sorbonne University kwa Paris, kwa Fora o ne a re: “[Bakeresete] ba ne ba tshwanetse go ya gongwe le gongwe mme ba bue le mongwe le mongwe. Ba ne ba tshwanetse go ya kwa ditseleng tse dikgolo, kwa dipatlelong le kwa matlong a batho. Ba ne ba tshwanetse go dira jalo go sa kgathalesege gore a ba a amogelwa kgotsa nnyaa. Ba ne ba tshwanetse go bua le bahumanegi, le bahumi ba ba kgorelediwang ke dithoto tsa bone. . . . Ba ne ba tshwanetse go tsaya maeto, ba palame dikepe le go ya kwa mafelelong a lefatshe.”

Bokeresete Jwa Boammaaruri Gompieno

Bakeresete ba boammaaruri gompieno ba tshwanetse ba tlhaolwa ka tsela e e farologaneng e ba tshelang ka yone fela jaaka go ne go ntse mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Ka ntlha ya seo, Basupi ba ga Jehofa ba leka go latela thata melaometheo e e neng e tlhomilwe ke Bakeresete ba bogologolo. Maiteko a ba a dirang go dumalanya matshelo a bone le dithuto tsa Baebele a elwa tlhoko ke batho ba bangwe.

Ka sekai, New Catholic Encyclopedia e bolela gore Basupi ba ga Jehofa ba itsege e le “sengwe sa ditlhopha tse di itshwereng sentle thata mo lefatsheng.” Lekwalodikgang lwa Deseret News la kwa Salt Lake City kwa Utah, le ile la bolela gore Basupi ba ga Jehofa “ba rotloetsa batho go nna le dibofo tse di kitlaneng tsa malapa le go thusa batho go nna baagi ba ba dirang ka natla le ba ba ikanyegang.” Le ne la oketsa jaana: “Maloko a bone a latela molao o o gagametseng wa boitsholo. Ba dumela gore go goga, go nwa bobe, go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang, go betšha, go itlhapedisa ka boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo le bosodoma ke dilo tse di senyang kamano ya motho le Modimo. Ba ruta batho go ikanyega le go nna le mekgwa e e siameng ya go bereka.”

Mme gape Basupi ba tsaya boikarabelo jwa bone jwa go nna bareri ba ba tlhoafetseng bo le botlhokwa. Fa New Catholic Encyclopedia e akgela ka seno ya re: “Boikarabelo jo bo botlhokwa jo leloko lengwe le lengwe le nang le jone . . . ke go neela bosupi ka Jehofa ka go rera ka Bogosi jwa gagwe jo bo tlang. . . . Go nna Mosupi wa mmatota ka tsela nngwe motho o tshwanetse a bo a rera ka tsela e e nang le matswela.”

Ga go pelaelo gore Bokeresete jwa boammaaruri ga se fela go nna leloko la bongwe jwa madumedi a mantsi a a ipitsang gore ke a Bokeresete. Jesu ka boene o ne a bolelela pele gore go ne go tla tsoga Bakeresete ba e seng bone. (Mathaio 7:22, 23) Basupi ba ga Jehofa ba go laletsa gore o ithute ka se Jesu a neng a se ruta le go se dirisa. Ke seo go nna Mokeresete go se kayang. Jesu o ne a re: “Fa lo itse dilo tseno, lo a itumela fa lo di dira.”—Johane 13:17.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Dikishinare nngwe e tlhalosa Mokeresete e le motho yo o bolelang gore o dumela gore Jesu ke Keresete kgotsa yo o latelang bodumedi jo bo theilweng mo botshelong le mo dithutong tsa gagwe.

A O KILE WA IPOTSA GORE . . .

▪ Jesu o ne a bitsa bomang a re ke ditsala tsa gagwe?—Johane 15:14.

▪ Bakeresete ba tshwanetse go tila mofuta ofe wa boitsholo?—Bagalatia 5:19-21.

▪ Bakeresete ba tshwanetse go nna le seabe mo tirong efe?—Mathaio 28:19, 20.

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Bakeresete ba boammaaruri ke bareri ba ba tlhoafetseng fela jaaka go ne go ntse mo makgolong a a fetileng a dingwaga