Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Senyega ga Boitsholo mo Lefatsheng Lotlhe

Go Senyega ga Boitsholo mo Lefatsheng Lotlhe

Go Senyega ga Boitsholo mo Lefatsheng Lotlhe

MO BUKENG e a e kwadileng bosheng jaana ya The Cheating Culture David Callahan a re: “Go tsietsa go fitlhelwa gongwe le gongwe.” Gareng ga dilo tse dingwe kwa United States o umaka “go tsietsa ga baithuti ba sekolo se segolwane le ba kwa kholetšheng,” “go tsietsa ka go gatisa mmino le dibaesekopo ka tsela e e seng kafa molaong,” “bogodu jwa kwa tirong,” “tsietso mo go tsa kalafi,” le go dirisiwa ga diokobatsi tse di ileditsweng mo go tsa metshameko. O konela ka gore: “Kopanya mefuta e e farologaneng ya go se itshware sentle e e leng teng mo boitsholong le kafa molaong mme o tla bona gore go na le mathata a magolo a boitsholo.”

The New York Times e ile ya bolela gore Kgwanyape e e bidiwang Katrina, e e ileng ya tlhasela United States kwa bofelong jwa 2005, “e ne ya nna sengwe sa dikai tse di sa tlwaelegang tsa tsietso, sa thulaganyo ya maano a boferefere le go se dire dilo sentle ga puso mo hisitoring ya gompieno.” Mosenate mongwe wa kwa United States o ne a bega jaana: “Tsietso e e makgapha, bopelokgale jo maano ano a dirilweng ka yone, selekanyo sa madi a a sentsweng—dilo tseno tsotlhe di gakgamatsa tota.”

Gone ke boammaaruri gore go sa ntse go na le batho ba ba bontshang bopelonomi jo e seng jwa bogagapa. (Ditiro 27:3; 28:2) Mme gantsi re a tle re utlwe batho ba re: “Ke tla amogela eng?” “Ke tla solegelwa molemo ka tsela efe?” Go bonala go tletse boikutlo jwa bogagapa jwa nna pele.

Mo nakong e e fetileng, boitsholo jo bo sa siamang jo bo tlhabisang ditlhong bo ne bo tsewa e le jone jo bo dirileng gore ditso dingwe di phutlhame, tse di jaaka Mmusomogolo wa Roma. A se se diregang gone jaanong e ka tswa e le sesupo sa gore go tla direga sengwe se se nang le bokao jo bogolo le go feta? A gone jaanong karolo nngwe le nngwe ya lefatshe e amiwa ke “go oketsega ga go tlhoka molao” go Baebele e ileng ya bolelela pele gore go tla supa bokhutlo jwa tsamaiso eno yotlhe ya dilo?—Mathaio 24:3-8, 12-14; 2 Timotheo 3:1-5.

Go Senyega ga Jone mo Lefatsheng Lotlhe

Fa kgatiso ya Africa News ya June 22, 2006, e bega ka “dipuisano tse di ileng tsa tshwarwa malebana le go sotla ba bangwe ka tlhakanelodikobo le ka ditshwantsho tse di hepisang” kwa mekhukhung ya karolo nngwe ya Uganda, e ne ya re kgang ya “go bo batsadi ba itlhokomolosa bana ba bone, ke yone e e dirang gore go nne le koketsego ya bana ba ba rekisang mebele ya bone le go dirisa diokobatsi mo lefelong leo.” Kgatiso eo e ile ya re: “Mookamedi wa Lekgotla la Tshireletsego ya Bana le Malapa kwa Seteisheneng sa Mapodise sa kwa Kawempe e bong Rre Dhabangi Salongo o ne a re go sotliwa ga bana le thubakanyo ya mo lelapeng go ile ga oketsega thata.”

Go ya ka ngaka nngwe kwa India, “setšhaba se latlhegelwa ke melao ya setso e e ba kaelang.” Mokaedi mongwe wa difilimi wa koo o ne a re, “go oketsega ga go dirisiwa ga diokobatsi le go oketsega ga boitsholo jo bo repileng jwa tlhakanelodikobo ke bosupi jo bongwe jo bo bontshang gore India e tsenelela kwa tengteng ga ‘boitlhapediso jwa boitsholo jo bo sa siamang jwa dinaga tsa kwa Bophirima.’”

Hu Peicheng motsamaisimogolo wa Mokgatlho wa Thuto ya Bong wa kwa China kwa Beijing o ne a bolela jaana: “Bogologolo mo setšhabeng sa rona, re ne re kgona go bona se se siameng le se se sa siamang. Gone jaanong, re kgona go dira sengwe le sengwe fela se re se ratang.” Setlhogo sengwe mo makasineng wa China Today sa re: “Setšhaba se nna se ntse se amogela boitsholo jwa gore le fa o nyetse o ka tlhakanela dikobo le motho yo o sa nyalanang le ene. . . . Batho ba tsaya gore ke tshwanelo ya bone gore ba tlhakanele dikobo kgotsa ba ratane le mongwe le mongwe fela.”

Lokwalodikgang lwa kwa Engelane lwa Yorkshire Post lo ile lwa bolela jaana bosheng jaana: “Go bonala mongwe le mongwe a ikemiseditse go apola le go ithekisa mmele. Mo dingwageng tse di fetileng boitshwaro jo bo ntseng jalo bo ne bo tla dira gore batho ba galefe. Gompieno, re faraferwe ke ditshwantsho tsa tlhakanelodikobo tsa mefutafuta gongwe le gongwe kwa re yang teng mme ditshwantsho tse di hepisang . . di setse di amogelwa gongwe le gongwe mo setšhabeng.” Lokwalodikgang loo lo ile la oketsa jaana: “Ditshwantsho tse pele di neng di tsewa ke batho ba ba kgatlhanong le ditshwantsho tse di hepisang e le tse di ka lebelelwang fela ke batho ba dingwaga tse di kwa godimo ga tse 18 gone jaanong ba di tsaya di siametse lelapa lotlhe mme gantsi di lebisitswe thata mo baneng.”

The New York Times Magazine e ne ya re: “[Basha] bangwe ba bua ka [go tlhakanela dikobo ga bone] e kete ke selo se se tlwaelegileng fela jaaka e kete ba bua ka dijo tse ba tla di jang motshegare.” Makasine wa Tweens News, o o “kaelang batsadi malebana le bana ba bone ba dingwaga tse 8 go ya go tse 12” o ne wa bolela jaana: “Ka mokwalo wa bongwana, mosetsana mongwe wa dingwaga tse 12 o ne a kwala molaetsa ono o o tlhomolang pelo: ‘Mmè o nkgatelela gore ke ikentshe le basimane le gore ke tlhakanele dikobo. Ke na le dingwaga di le 12 fela . . . tsweetswee nthuseng!’”

Ruri dinako di fetogile! Makasine wa kwa Canada wa Toronto Star o bolela gore bogologolo, “kgopolo fela ya gore basodoma ba banna le ba basadi ba nne mmogo kwantle ga go iphitlha e ne e le boitsholo jo bo galefisang batho.” Le fa go ntse jalo, Barbara Freemen, morutisi mongwe wa thuto ya hisitori ya batho kwa Carleton University kwa Ottawa a re: “Gone jaanong batho ba re, ‘botshelo jwa me jwa botho ke kgang ya me, mme ga bo ame batho ba bangwe. Ga re batle gore batho ba bangwe ba itshunye nko.’”

Ga go na pelaelo gore mo masomeng a dingwaga a a fetileng, boitsholo bo ile jwa senyega ka bonako mo mafelong a mantsi mo lefatsheng lotlhe. Ke eng se se dirileng gore go nne le diphetogo tse dikgolo jaana? Wena o ikutlwa jang ka tsone? Mme diphetogo tseno di bontsha eng ka isagwe?