Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tswa Egepeto go ya Kwa Ditoropong Tse Dingwe go Ralala Lefatshe

Go Tswa Egepeto go ya Kwa Ditoropong Tse Dingwe go Ralala Lefatshe

Go Tswa Egepeto go ya Kwa Ditoropong Tse Dingwe go Ralala Lefatshe

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA ITALY

MAKASINE wa Archeo wa re: “Di ‘tswa’ kwa lefatsheng la tsone la tlholego, di nnile letshwao le le bonalang la ditlhabologo la ba ba di dirileng.” Bontsi jwa tsone di tswa Egepeto bogologolo tala mme di ne tsa tlisiwa kwa mafatsheng a a tshwanang le Istanbul, London, Paris, Roma, le New York. Batho ba ba etelang Roma ba tla ela tlhoko gore bontsi jwa dipatlelo tse di itsegeng di kgabisitswe ka tsone. Ke eng tsona tseo? Difikantswe tse di motopo!

Sengwe le sengwe sa tsone se motopo mo matlhakoreng a le manè a a dirilweng ka matlapa, se itsege ka gore ke sefikantswe se se motopo, se na le ntlhana e e motsu e e bopegileng jaaka phiramiti. Se e leng sa bogologolo go di feta tsotlhe se ka nna dingwaga di le 4 000. Tota le se sesha go di feta tsotlhe se dingwaga di ka nna 2 000.

Difikantswe tseno, tse gantsi di dirwang ka granite e khibidu, di ne tsa epiwa ke Baegepeto ba bogologolo e le ditena tsa letlapa le le lengwe le legolo mme di ne di tlhomiwa fa pele ga mabitla le ditempele. Dingwe di dikgolo thata. Se segolo go di gaisa se beilwe mo patlelong ya Roma mme se bogolo jwa dimetara di le 32 le bokete jwa ditone tse 455. Bontsi jwa tsone di kgabisitswe ka mekwalo e e kgethegileng.

Maikaelelo a go agiwa ga difikantswe tseno e ne e le go tlotla modimo wa letsatsi Ra. Di ne di agetswe go mo lebogela tshireletso e a ba sireleditseng ka yone le diphenyo tse a di neileng babusi ba kwa Egepeto le go mo kopa thuso. Tsela e di bopilweng ka yone go dumelwa e tlhotlheleditswe ke tsela e dipiramiti di bopilweng ka yone. Di emela marang a letsatsi a a thuthafatsang le go bonesa lefatshe.

Mo godimo ga moo, difikantswe tseno di ne di dirisediwa go galaletsa Bofaro. Mekwalo ya tsone e tlhalosa babusi ba ba farologaneng ba kwa Egepeto jaaka “baratwa ba ga Ra” kgotsa “o montle . . . jaaka Atum,” yo e neng e le modimo wa letsatsi le le phirimang. Mokwalo mongwe o o mo sefikantsweng o bua jaana ka maatla a sesole sa ga Faro: “Maatla a gagwe a tshwana le a Monthu [modimo wa ntwa], poo e e gatakang mafatshe a sele le go bolaya batsuolodi.”

Difikantswe tse di motopo tsa ntlha di ne tsa tlhongwa kwa toropong ya Junu (mo Baebeleng e bidiwa One) e go akanngwang gore e kaya “Toropo ya Dipilara,” gongwe e raya difikantswe tseno ka botsone. Bagerika ba ne ba bitsa Junu ba re ke Heliopolis e e kayang “Toropo ya Letsatsi,” e re ka e ne e le boremelelo jwa kobamelo ya modimo wa letsatsi mo Egepeto. Leina la Segerika Heliopolis le tsamaisana le la Sehebera Beth-shemesh, le le kayang “Ntlo ya Letsatsi.”

Buka ya Baebele ya boporofeti ya Jeremia e bua ka go thubaganya “dipilara tsa Bethe-shemeshe, tse di mo lefatsheng la Egepeto.” E ka tswa e bua ka difikantswe tsa Heliopolis. Modimo o ne a kgala kobamelo ya medingwana e di e emelang.—Jeremia 43:10-13.

Go Epiwa le go Tsamaisiwa

Tsela e difikantswe di neng di dirwa ka yone e bonala mo tseleng e sefikantswe se segolo go di gaisa tsotlhe se leng ka yone. Se sa ntse se tlogetswe fela gaufi le Aswân, kwa Egepeto, koo se neng sa epololwa gone. Morago ga gore ba tlhophe letlapa le le tla dirang sefikantswe le go le dira sephara, badiri ba ne ba epa mesima go dikologa fa sefikantswe se neng se le gone. Ba ne ba epa mesele ka fa tlase ga sone ba bo ba e tshegetsa ka dikota, go fitlha letlhakore le le kwa tlase le tlhagelela. Letlapa leno le legolo, le le bokete jwa ditone di le 1, 170 e bile le le bokete go gaisa letlapa lepe le le kileng la epololwa ke Baegepeto ba nako eo ya bogologolo, le ne la gogelwa mo nokeng ya Nile le bo le tsamaisiwa ka diketswana.

Se se neng sa direga ke gore, sefikantswe sa kwa Aswân se ne sa tlogelwa foo fa badiri ba sena go lemoga gore se senyegile moo se ka se kang sa baakanngwa. Fa se ka bo se fedile, se ka bo se le bogodimo jwa dimetara di le 42, mme kwa tlase se le dimetara di le 4 mo matlhakoreng otlhe. Gore difikantswe tseno tse di motopo di ne di tsholediwa jang e sa ntse e le masaitseweng.

Go Tswa Egepeto go ya Roma

Ka 30 B.C.E., Egepeto e ne ya nna porofense ya Roma. Babusibagolo ba ba farologaneng ba kwa Roma ba ne ba batla go kgabisa motsemogolo wa bone ka difikantswe tsa maemo a a kwa godimo, ka jalo go ne ga isiwa difikantswe tse di motopo di le 50 kwa Roma. Gore di tle di kgone go tsamaisiwa go ne ga tlhokega gore go agiwe dikepe tse dikgolo tse di tla di rwalang. Fa di le kwa Roma, difikantswe tseno di ne di ntse di amanngwa le kobamelo ya letsatsi.

Fa Mmusomogolo wa Roma o phutlhama, Roma e ne ya gapelwa dithoto. Bontsi jwa difikantswe bo ne jwa digwa mme tsa lebalwa. Le fa go ntse jalo, bomopapa ba ba farologaneng, ba ne ba kgatlhegela go tsosolosa difikantswe tseno tse di neng tsa tsewa mo matlotleng a toropo eno ya bogologolo. Kereke ya Katoliki ya Roma e ne ya dumela gore difikantswe di “neetswe Letsatsi ke kgosi ya Egepeto” le gore nako nngwe di kile “tsa bo e le dilo tse di makgapha tse di se nang mosola tse di neng di kgabisitse tempele ya baheitane.”

Go tlhongwa gape ga difikantswe tsa ntlha ka nako ya go busa ga Pope Sixtus V (1585-90) go ne ga latelwa ke dithapelo tsa go ntsha meya e e maswe le ditshegofatso, le go kgatshiwa ga metsi a a boitshepo le go fisiwa ga ditlhabelo. “Ke a go ntlafatsa,” go ne ga opela jalo mobishopo fa pele ga sefikantswe kwa Vatican, “gore o rwale Sefapaano se se boitshepo le go se nne le leswe lepe la boheitane le gore o se tlhaselwe ke meya epe e e boikepo.”

Ka jalo fa mojanala a leba difikantswe tse di emeng kwa Roma gompieno, a ka akanya ka botlhale jo bo neng jwa tlhokega go di epa, go di tsamaisa, le go di tlhoma. Gape a ka gakgamadiwa ke go bona difikantswe tse di neng di dirisiwa mo kobamelong ya letsatsi di kgabisitse toropo ya bomopapa—dilo tse pedi tse di sa tshwanelaneng eleruri!

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Luxor, Egepeto

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Roma

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

New York

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Paris