Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke eng Fa ka Metlha ke Bapisiwa le Batho ba Bangwe?

Ke eng Fa ka Metlha ke Bapisiwa le Batho ba Bangwe?

Basha ba Botsa Jaana. . .

Ke eng Fa ka Metlha ke Bapisiwa le Batho ba Bangwe?

“Go nkgopisa tota fa batsadi ba me kgotsa barutabana ba mpapisa le batho ba bangwe.”—Mia. *

“Fa ke bapisiwa le batho ba bangwe ke ikutlwa ke tlhaela thata ka gonne ke a bo ke ne ke setse ke eletsa go tshwana le motho yo ke bapisiwang le ene.”—April.

KWA sekolong morutabana wa gago o go omanyetsa go bo o sa kgone dipalo jaaka bana ba bangwe ba o nang le bone mo tlelaseng. Fa o le kwa gae, motsadi wa gago o go omanyetsa go bo o se bothakga jaaka mogoloo. Mongwe o tla bo a re: “Mmè wa gago o ne a le montle tota fa a ne a lekana le wena!” Kakgelo eo e utlwisa botlhoko ka gonne o ipotsa gore a motho yoo o raya gore wena ga o montle. O batla go goa o re: “A batho ga ba kgone go bona nna?” “Ke eng fa ka metlha ke tshwanetse go bapisiwa le mongwe o sele?”

Ke ka ntlha yang fa go utlwisa botlhoko jaana go bapisiwa le batho ba bangwe? A o ka solegelwa molemo ka tsela nngwe ka go bapisiwa le bone? O tshwanetse wa itshwara jang fa batho ba go bapisa le ba bangwe?

Ke ka Ntlha Yang fa go Utlwisa Botlhoko go Bapisiwa le ba Bangwe?

Lebaka le lengwe la go bo go bapisiwa le ba bangwe go utlwisa botlhoko ke ka go bo ka dinako tse dingwe go a bo go go ama thata. Tota e bile, dilo tse batho ba di buang ke tse wena ka bowena o ntseng o di akanya. Ka sekai, Becky o dumela jaana: “Ke tla bo ke leba bana ba ba ratiwang thata kwa sekolong mme ke bo ke akanya gore, ‘Fa nka bo ke tshwana le bone, ke ne ke tla ratwa ke batho ka bontsi.’”

Ke eng se se dirang gore motho a nne le maikutlo ano a go se itshepe? Akanya ka se se diregang ka wena mo mmeleng, mo maikutlong le mo tlhaloganyong. Mmele wa gago o ka tswa o fetoga ka bonako. Kamano ya gago le batsadi ba gago e simolola go raraana thata. Gongwe tsela e o ikutlwang ka yone ka batho ba bong bo sele e ile ya fetoga thata. Ka jalo, o ka nna wa ipotsa gore, ‘A gone ke gola sentle?’

Gongwe o akanya gore tsela e le nngwe fela e o ka itseng seo ka yone ke ka go ipapisa le basha ba bangwe ba le bone ba diragalelwang ke dilo tse di tshwanang. Mme seno se ka go tsietsa! Fa ba bonala ba kgona go lepalepana le seemo botoka go go feta, o ikutlwa o sa itshepe. Mme fa mogolo mongwe a botsa a re, ‘Ke eng fa o sa tshwane le semangmang?’ o ka nna wa ikutlwa gore sone selo se o ntseng o se tshaba lebaibai se tlhomamisegile—gore go na le sengwe se se phoso ka wena!

April o tlhalosa lebaka le lengwe la go bo go bapisiwa le ba bangwe go utlwisa botlhoko. A re: “Fa batho ba go bapisa le mongwe, segolo jang fa e le mongwe mo lapeng, go ka dira gore o ikutlwe o le lefufa e bile o galefile.” Mia o itse gore motho o ikutlwa jang fa seno se direga. Go bonala batsadi ba gagwe le barutabana ba nnela go mo bapisa le mogolowe. Mia a re: “Ba mpolelela ka dilo tsotlhe tse a di fitlheletseng fa a ne a lekana le nna.” Mme seo se dira gore a ikutlwe jang? “Go dira gore ke ikutlwe e kete ke gaisana le nkgonne. Mme ka dinako tse dingwe e bile go dira gore ke mo galefele.”

Go bapisa batho go ka nna le ditlamorago tse di sa itumediseng. Akanya ka se se ileng sa direga ka ditsala tse dikgolo tsa ga Jesu. Mo bosigong jwa bofelo pele ga loso lwa ga Jesu, go ne ga tsoga “kganetsano e e gotetseng” gareng ga baaposetoloi. Ka ntlha yang? Totatota ba ne ba ipapisa mongwe le yo mongwe ba ganetsana ka gore “ke ofe wa bone yo o neng a bonala a le mogolo.” (Luke 22:24) Ga go pelaelo gore ditsela tse dingwe tsa go ipapisa le ba bangwe di ka utlwisa botlhoko. Mme gone a mefuta yotlhe ya go bapisiwa ga e a siama?

Maemo a go Bapisiwa le ba Bangwe go Siameng mo go One

Akanya ka Daniele yo mosha le ditsala tsa gagwe tse tharo tsa Bahebera, ba ba tlhalosiwang mo Baebeleng. Basha bano ba ne ba sa batle go ja dijo tsa maemo tsa kgosi ya Babelona, tse di neng di ilediwa ke molao wa Modimo. (Lefitiko 11:4-8) Go fetola mogopolo wa motlhokomedi wa bone gore a ba thuse, Daniele o ne a akantsha gore ba lekwe. O ne a akantsha gore morago ga gore ba je dijo tse di amogelesegang mo molaong wa Modimo ka malatsi a le lesome, motlhokomedi wa bone a ba bapise le basha ba bangwe ba ntlo ya kgosi. Matswela e nnile afe?

Baebele e tlhalosa jaana: “Kwa bokhutlong jwa malatsi a a lesome nama ya difatlhego tsa [Bahebera] e ne e bonala e le botoka e bile e nonne go feta ya bana botlhe ba ba neng ba ja dijo tsa maemo tsa kgosi.” (Daniele 1:6-16) Ela tlhoko gore matswela a ne a se mantle fela ka go bo Daniele le ditsala tsa gagwe ba ne ba le botoka ka tsela nngwe ya tlholego go feta basha ba bangwe. Go na le moo, segolobogolo e ne e le ka go bo basha bao ba Bahebera ba ile ba tlhopha go ikobela melao e Modimo a neng a e neetse batho ba gagwe.

A le wena o mo boemong jo bo tshwanang le jwa basha bano ba Bahebera? Fa e le gore o tshela ka melao ya boitsholo ya Baebele, o tla farologana thata le basha ba bangwe. Batho ba bangwe ba ba bonang dipharologano tseno ba ka nna ba makala mme ba bo ‘ba tswelela ba bua ka ga gago ka go go kgoba.’ (1 Petere 4:3, 4) Le fa go ntse jalo, ba bangwe ba tla bona ditlamorago tse dintle tsa boitsholo jwa gago jo bo siameng mme ba ka nna ba bo ba tlhotlheletsega go ithuta kaga Jehofa. (1 Petere 2:12) Mo maemong ano, go bapisiwa le ba bangwe go ka nna molemo.

Go bapisiwa le ba bangwe go ka nna molemo ka tsela e nngwe gape. Ka sekai, wena o ka nna wa akanya gore o dira go le gontsi mo ditirong tsa mo gae—bobotlana fa o ipapisa le kgaitsadio kgotsa mogoloo. Le fa go ntse jalo, batsadi ba gago bone ba ka tswa ba sa akanye jalo. Go go thusa gore o fetole tsela e o akanyang ka yone, ba ka nna ba dirisa sekai sa Baebele mme ba bo ba go kopa gore o bapise tsela e o ikutlwang ka yone le dilo tse o di dirang le tsa motho mongwe mo Baebeleng.

Ka sekai, ba ka nna ba go gakolola gore le fa Jesu a ne a bidiwa Morena le Moruti, o ne a ithaopela go tlhapisa barutwa ba gagwe dinao. (Johane 13:12-15) Go tswa foo ba ka nna ba go kgothaletsa gore o etse sekao sa boikokobetso sa ga Jesu, le go rata go dira ka natla. Tota e bile Baebele e kgothaletsa Bakeresete botlhe, basha le bagolo, go nna ba ipapisa le Keresete le go leka go “[latela] dikgato tsa gagwe gaufiufi.” (1 Petere 2:21) Go ipapisa ka tsela eo go tla re thusa go nna boikokobetso le go nna le botho jo bo itumedisang Jehofa.

Go Itshokela go Bapisiwa le ba Bangwe ka Tsela E e Sa Siamang

Gone ke boammaaruri gore go utlwisa botlhoko e bile go ka go kgoba marapo fa o bapisiwa ka tsela e e sa siamang le ngwana mongwe mo lelapeng la gaeno kgotsa le tsala nngwe ya gago. O ka itshokela seo jang ? Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a re: “Temogo ya motho ruri e fokotsa bogale jwa gagwe.” (Diane 19:11) Temogo e ka thusa jang? O ka tswa o sa akanye jalo, mme gone motho yo o go bapisang jalo le bangwe, e ka ne e le motsadi kgotsa morutabana, o batla go go thusa. Cathy a re: “Fa mongwe a mpapisa le ba bangwe, ke ipotsa gore, ‘O leka go nthusa ka tsela efe?’” Cathy o fitlhela gore fa a leba kgang eo ka tsela e e ka mo solegelang molemo, ga a utlwe botlhoko thata e bile ga a galefe.

Mme go tweng fa e le gore o akanya gore o tlhola a go bapisiwa le ba bangwe ka metlha? Ka sekai, go ka bonala motsadi a tlhola a ntse a go bapisa ka tsela e e sa siamang le mongwe wa bana ba lelapa la gaeno. Gongwe o ka rata go bua le motsadi wa gago mme ka maitseo o mo tlhalosetse kafa o ikutlwang ka teng fa a go bapisiwa le ba bangwe. Motsadi wa gago a ka tswa a sa lemoge gore go go bapisa ka tsela e e sa siamang le batho bano go dira gore o utlwe botlhoko.

Mme gakologelwa gore, go na le “nako ya go bua” mme e bile go na le “nako ya go didimala.” (Moreri 3:7) Go na le gore o phatloge ka bogale nako e e tlang fa o bapisiwa le mongwe, leta go fitlha o ritibala mme go tswa foo o bo o bua le motsadi wa gago kgotsa le fa e le mang yo o go bapisang le ba bangwe ka tsela e e sa siamang. Fa o ka dira jalo, mafoko a gago a ka nna le tlhotlheletso e kgolo go feta fa o phatloga ka bogale.—Diane 16:23.

Gantsi o ka kgona go fokotsa botlhoko jwa go bapisiwa le ba bangwe ka tsela e e sa siamang ka go lemoga dinonofo tse dintle tse o nang le tsone. Moaposetoloi Paulo o ne a raya Timotheo a re: “A motho ope a se ka a lebela bosha jwa gago kwa tlase le ka motlha.” (1 Timotheo 4:12) Timotheo o ne a le mosha thata fa a ne a tlhomiwa go nna molebedi wa Mokeresete. Go ka direga gore bangwe ba ne ba bapisa Timotheo ka tsela e e sa siamang le banna ba bangwe ba ba neng ba le bagolo mo go ene e bile ba na le boitemogelo go mo feta. Mme gone go ne go se na lebaka la gore ba mo bapise ka tsela e e ntseng jalo. Le mororo Timotheo a ne a le mosha, o ile a nna le maitemogelo a magolo fa a ntse a tsamaya le Paulo. Timotheo o ne a itse gore o tshwanetse go dirisa Lefoko la Modimo jang ka tsela e e nang le matswela. Mme o ne a amega tota ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe ba semoya.—1 Bakorintha 4:17; Bafilipi 2:19, 20.

Ka jalo, mo nakong e e tlang fa o bapisiwa gape ka tsela e e sa siamang, ipotse gore, ‘A go na le lebaka la gore ba ntshwaye phoso ka tsela eno?’ Fa e le gore go na le boammaarurinyana mo go se ba se buang, leka go ithuta sengwe go tswa mo go seo. Le fa go ntse jalo, fa o bapisiwa fela le batho ba bangwe ka tsela ya go akaretsa—jaaka go re, “Ke eng fa o sa tshwane le mogoloo?”—leka go akanya ka kakgelo eo ka tsela e e ka go solegelang molemo. Leka thata go leba papiso eo ka tsela e e siameng.

Jehofa Modimo ga a lekanye boleng jwa gago ka go go bapisa le motho yo mongwe yo o sa itekanelang. (Bagalatia 6:4) Ga a lebe bokafantle fela jwa motho mme o tlhaloganya motho yo o leng ene kafa teng. (1 Samuele 16:7) Ee, Jehofa ga a bone fela se o leng sone mme gape o leba se o lekang go nna sone. (Bahebera 4:12, 13) Ga a lebelela gore o se ka wa dira diphoso mme o senka dinonofo tse dintle mo go wena. (Pesalema 130: 3, 4) Go itse seno fela go ka go thusa gore o itshoke fa o bapisiwa le batho ba bangwe.

Jaana . . . ” tse o ka di bonang mo atereseng eno ya Internet, www.watchtower.org/ype

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Maina a fetotswe.

DILO TSE O KA AKANYANG KA TSONE

▪ Ke ditsela dife tsa go bapisiwa le ba bangwe tse di go galefisang?

▪ Fa batsadi ba gago ba nnela go go bapisa le ba bangwe, o tla lepalepana jang le seemo seo?

[Mafoko a a mo go tsebe 12]

“Nka rata gore motho yo o nkgakololang a se ka a umaka leina la motho yo mongwe ka go re ‘O tshwanetse go tshwana le semangmang,’ go na le moo, nka rata fa a ka tlhalosa dinonofo tse dintle tse ke nang le tsone mme go tswa foo ka lorato a bo a nthusa go bona bokoa jwa me.”—Natalie

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

O ka nna wa rata go tlhalosa ka maitseo gore go bapisiwa le ba bangwe go dira gore o ikutlwe jang