Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ka Ntlha Yang fa ke Idibala?

Ke ka Ntlha Yang fa ke Idibala?

Ke ka Ntlha Yang fa ke Idibala?

Ngaka e ne e batla go tlhatlhoba kgatelelo e e mo leitlhong la me, mme go dira jalo e ne e tlhoka go ama thaka ya leitlho ka sedirisiwa sengwe. Ke ne ke itse gore go tlile direga eng. Go a ntiragalela ka metlha. Go nna jalo le fa mooki a dirisa nnale go nkgoga madi. Ka dinako tse dingwe fa ke bua fela ka kgang ya go gobala ke diragalelwa ke se se tshwanang—ke a idibala.

Go ya ka dipego, mo e ka nnang bontlhanngwe jwa baagi ba diragalelwa ke selo se se ntseng jalo ka nako nngwe mo botshelong jwa bone. Le fa go ntse jalo, mo e ka nnang diperesente di le 3 tsa rona di idibala gantsi fa di le mo go mangwe a maemo a a sa tswang go umaka. Fa e le gore le wena o na le bothata jono, o ka tswa o ile wa dira matsapa a bophiri go leka go ithiba gore o se ka wa idibala. O ka tswa o ile wa leka go tsamaela kwa ntlwaneng gore o se ka wa idibala mo gare ga batho. Mme tota eo ga se kgopolo e ntle. Go ka direga gore o idibale o sa lebelela mo tseleng mme o bo o ikgobatsa. Ke ile ka idibala ka makgetlho a mantsi jaana mo e leng gore ke ile ka swetsa ka gore ke batlisise gore go bakwa ke eng.

Fa ke sena go bua le ngaka e e ileng ya leka go nthusa le go tlhatlhoba dibuka dingwe, ke ne ka lemoga gore seemo seno se bakwa ke bolwetse jwa vasovagal. Go akanngwa gore seno ke go se dire sentle ga thulaganyo ya mmele e e tshwanetseng go laola tsela e madi a tsamayang ka yone, ka nako ya fa motho a fetola seemo se a ntseng ka sone, se se jaaka go ema fa e le gore o ne a ntse a dutse fa fatshe.

Ka tsela e e tshwanang, mo maemong a mo go one o ka tshwanelwang ke go bona madi kgotsa matlho a gago a tlhatlhobiwa, ditshika tsa boboko ka botsone ga di dire sentle. Kwa tshimologong, pelo ya gago e itaya ka bonako ka ntlha ya letshogo. Morago ga foo, pelo ya gago e iteela kwa tlase thata mme ditshika tsa gago tsa madi tsa maoto di a gogomoga kgotsa go ngaologa jaaka go direga fa o rapame. Ka ntlha ya seo, madi a a yang kwa maotong a gago a oketsega thata mme a a ya kwa tlhogong a a fokotsega. Boboko jwa gago ga bo bone okosejene e e lekaneng mme o bo o idibala. O ka dira jang gore seno se se ka sa direga?

O ka nna wa leba go sele fa madi a gago a gogwa ka nnale kgotsa o ka nna wa rapama fa go ntse go dirwa seo. Jaaka go umakilwe, fa seemo sa vasovagal se simolola, gantsi o kgona go utlwa matshwao a gone. Ka jalo, gantsi o nna le nako ya go ka dira sengwe pele ga o idibala. Dingaka di le dintsi di kgothaletsa gore motho a rapame mme a bo a baya maoto a gagwe mo setulong kgotsa mo loboteng. Seno se thiba gore madi a se ka a elela ka bontsi kwa maotong mme ka tsela eo o ka kgona go tila go idibala. Mo metsotsong e se kae o ka nna wa ikutlwa botoka.

Fa e le gore tshedimosetso eno e ka go thusa jaaka e nthusitse, o tla kgona go lemoga matshwao a vasovagal fa a simologa. Mme o ka kgona go tsaya kgato ka bonako go e thiba pele ga e direga.—Re se abetswe.

[Mafoko a a mo go tsebe 28]

Go rapama fa o alafiwa go ka nna ga go thusa