Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lefatshe Leno le Lebile Kae?

Lefatshe Leno le Lebile Kae?

Lefatshe Leno le Lebile Kae?

BAEBELE ga e bolo go bolelela pele ka go senyega ga boitsholo go re go bonang gompieno mme e ile ya go tlhalosa jaana: “Mo metlheng ya bofelo go tla nna le dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone. Gonne batho ba tla nna baithati, barati ba madi, . . . ba ba sa utlweng batsadi, ba ba sa lebogeng, ba ba sa ikanyegeng, ba ba se nang lorato lwa tlholego, . . . ba ba bogale jo bo tshabegang, ba ba sa rateng se se molemo, baoki, ba ba tlhogoethata, ba ba gogomosiwang ke boikgogomoso, barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo, ba ba nang le sebopego sa boineelo jwa bomodimo mme ba latola maatla a jone.”—2 Timotheo 3:1-5.

O ka nna wa dumela gore boporofeti jono jwa Baebele ke tlhaloso e e tshwanelang ya kafa lefatshe le ntseng ka teng gompieno. Le fa go ntse jalo, bo ile jwa kwalwa mo e ka nnang dingwaga di le 2 000 tse di fetileng! Boporofeti jono bo simolola ka mafoko a a reng: “Mo metlheng ya bofelo.” Mafoko a a reng “mo metlheng ya bofelo,” a kaya eng?

‘Metlha ya Bofelo’ Jwa Eng?

‘Metlha ya bofelo’ e setse e le mafoko a a tlwaelegileng. Mo Seesemaneng fela, a setse a nnile karolo ya ditlhogo tse dintsintsi tsa dibuka. Ka sekai, akanya ka se buka e e gatisitsweng bosheng jaana ya setlhogo se se reng The Last Days of Innocence—America at War, 1917-1918. Ketapele ya buka eo e bontsha sentle gore fa buka eo e dirisa mafoko a a reng “the last days” (metlha ya bofelo) e bua ka nako e e rileng, nako e go nnileng le go senyega go gogolo ga boitsholo ka yone.

Ketapele ya buka eo e tlhalosa jaana: “Ka 1914 naga e ile ya fetoga thata go na le nako epe mo hisitoring.” Ee, ngwaga wa 1914 o ne wa tshwaya nako ya fa lefatshe lotlhe le ne le gosomela mo ntweng e e neng e ise e ko e nne teng pele ga foo. Buka eo ya re: “E ne e le ntwa e kgolo, e se ntwa fela e mo go yone masole a lwang le masole a mangwe mme e le setšhaba se lwa le setšhaba se sengwe.” Ntwa eno, jaaka fa re tla bona, e ile ya diragala ka nako e Baebele e reng ke ‘metlha ya bofelo.’

Thuto ya gore pele ga lefatshe leno le fela go tla nna le nako e go tweng ke ‘metlha ya bofelo’ ke thuto e e tswang mo Baebeleng. Tota e bile, Baebele ya re go kile ga bo go na le lefatshe le le setseng le fetile kgotsa le le nyeletseng mme e tlhalosa jaana ka lone: “Lefatshe la nako eo le ne la senngwa ka dilo tseo fa le ne le rwalelelwa ka metsi.” Nako eo e ne e le ya eng mme lefatshe le le ileng la fela e ne e le lefe? E ne e le “[lefatshe la bogologolo] la baikepi” ba ba neng ba le teng ka motlha wa ga Noa. Lefatshe la gompieno le tla fela ka tsela e e tshwanang. Le fa go ntse jalo, batho ba ba direlang Modimo ba tla falola bofelo joo, fela jaaka Noa le ba lelapa la gagwe.—2 Petere 2:5; 3:6; Genesise 7:21-24; 1 Johane 2:17.

Se Jesu a Ileng a se Bua ka Bokhutlo

Jesu Keresete le ene o ne a bua ka “malatsi a ga Noa” fa “morwalela [o ne wa tla] o bo o ba gogola botlhe.” O ne a tshwantsha maemo a a neng a le teng pele ga Morwalela—pele fela ga go fela ga lefatshe leo—a a tshwantsha le maemo a a tla nnang teng ka nako e a neng a e tlhalosa e le “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo.” (Mathaio 24:3, 37-39) Dithanolo tse dingwe tsa Baebele di dirisa mafoko a a reng “bokhutlo jwa lefatshe” kgotsa “bokhutlo jwa metlha.”—Baebele e e Boitshepo, Beibele ya Tswana Central.

Jesu o ne a bolelela pele gore botshelo bo ne bo tla nna jang mo lefatsheng pele fela ga le fela. Malebana le ntwa o ne a re: “Setšhaba se tla tsogologela setšhaba le bogosi bo tsogologele bogosi.” Bakwalahisitori ba ile ba tlhalosa gore seno se ile sa direga mo tshimologong ya 1914. Ke gone ka moo ketapele ya buka e e umakilweng fa godimo e ne e bolela gore 1914 e ne e tshwaya go simologa ga “ntwa e kgolo, . . . e se ntwa fela e mo go yone masole a lwang le masole a mangwe mme e le setšhaba se lwa le setšhaba se sengwe.”

Mo boporofeting jwa gagwe, Jesu o ne a oketsa jaana: “Go tla nna le ditlhaelo tsa dijo le dithoromo tsa lefatshe mo mafelong ka go latelana. Dilo tseno tsotlhe ke tshimologo ya ditlhabi tsa tlalelo.” O ne a tswelela pele go bolela gore dilo tse dingwe tse di tla diregang e tla nna “go oketsega ga go tlhoka molao.” (Mathaio 24:7-14) Ga go pelaelo gore re ile ra bona dilo tseno di direga mo motlheng wa rona. Gompieno boitsholo bo senyegile thata jaana mo e leng gore go diragatsa boporofeti jwa Baebele!

Re tshwanetse go tshela jang mo nakong eno e dilo di senyegileng thata mo go yone? Ela tlhoko se moaposetoloi Paulo a neng a se kwalela Bakeresete ba kwa Roma malebana le go senyega ga boitsholo. O ne a tlhalosa ka “[go fisegela] tlhakanelodikobo e e tlhabisang ditlhong” ga batho, a re: “Basadi ba bone ba ne ba fetola go dirisiwa ga bone ga tlholego ba go dira mo go fapaaneng le tlholego; mme ka tsela e e tshwanang le banna ba ne ba tlogela go dirisa mosadi ka tlholego mme ba gotela mo go maswe mo keletsanong ya bone e e fekeetsang, banna le banna, ba dira se se ferosang sebete.”—Baroma 1:26, 27.

Bakwalahisitori ba re ka nako ya fa batho ba motlha oo ba ne ba nwelelela kwa teng mo boitsholong jo bo maswe, “ditlhopha tse dinnye tsa Bakeresete di ne di kgoreletsa baheitane ba ba ratang menate ka ntlha ya poifomodimo ya bone le go itshwara sentle ga bone.” Seno se tshwanetse sa dira gore re eme go se kae mme re ipotse jaana: ‘Go tweng ka nna le batho ba ke tlhophang go tsalana le bone? A re iponatsa re le batho ba ba nang le boitsholo jo bo siameng, ba ba sa tshwaneng le batho ba ba dirang boitsholo jo bo sa siamang?’—1 Petere 4:3, 4.

Ntwa e re Lebaneng le Yone

Baebele e re ruta gore le fa re dikologilwe ke boitsholo jo bo sa siamang, re tshwanetse go nna re ‘se na selabe e bile re se na molato, re le bana ba Modimo ba ba se nang bogole mo kokomaneng e e sokameng le e e kgopameng.’ Gore re kgone go dira jalo, re tshwanetse go nna re “ngangatletse lefoko la botshelo thata.” (Bafilipi 2:15, 16) Mafoko ano a Baebele a bontsha Bakeresete kafa ba ka ipolokang ba se na selabe sa boitsholo jo bo sa siamang—ba tshwanetse go ngaparela dithuto tsa Lefoko la Modimo le go lemoga gore melao ya lone ya boitsholo ke tsela e e molemolemo ya botshelo.

“Modimo wa tsamaiso eno ya dilo,” e bong Satane Diabolo o leka go iphuthela batho kafa letlhakoreng la gagwe. (2 Bakorintha 4:4) Baebele e re bolelela gore “o nna a iphetola moengele wa lesedi.” Badiredi ba gagwe, ba ba mo direlang ka go dira se a se dirang, le bone ba dira jalo. (2 Bakorintha 11:14, 15) Ba solofetsa batho gore ba tla nna le kgololesego le go ijesa menate mme jaaka Baebele e bolela, “bone ka bobone ba tshela jaaka batlhanka ba go bola.”—2 Petere 2:19.

O se ka wa tsietsega. Batho ba ba itlhokomolosang melao ya Modimo ya boitsholo ba tla roba ditlamorago tse di sa itumediseng. Mopesalema wa Baebele o ne a kwala jaana: “Poloko e kgakala le baikepi, gonne ga ba a batla melao ya gago.” (Pesalema 119:155; Diane 5:22, 23) A re a tlhomamisega ka seo? Fa e le gore go ntse jalo, a re sireletseng megopolo le dipelo tsa rona kgatlhanong le maaka a a anamisiwang malebana le boitsholo.

Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ba akanya gore, ‘Fa dilo tse ke di dirang di sa thulane le molao, go raya gore go siame fela.’ Mme ga go a nna jalo. Rrarona yo o kwa legodimong ka lorato o re naya kaelo malebana le boitsholo e seng ka gonne a batla gore botshelo jwa gago e nne jo bo lapisang le jo bo tletseng ka dithibelo, go na le moo, o dira jalo ka gonne o batla go go sireletsa. O “go [ruta] gore o solegelwe molemo.” O batla gore o tile masetlapelo mme o nne le botshelo jo bo itumetseng. Ee, jaaka Baebele e ruta, go direla Modimo go “na le tsholofetso ya botshelo jaanong le ya jo bo tla tlang.” Joo ke “botshelo jwa mmatota,” botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha le le solofeditsweng!—Isaia 48:17, 18; 1 Timotheo 4:8; 6:19.

Ka jalo, bapisa melemo ya go latela dithuto tsa Baebele le botlhoko jo kgabagare batho ba ba sa direng jalo ba bo utlwang. Go amogelwa ke Modimo ka go mo reetsa tota ke tsela e e molemolemo ya botshelo! Modimo o solofetsa jaana: “Fa e le yo o ntheetsang, o tla nna ka polokesego mme ga a na go tshwenngwa ke go boifa masetlapelo.”—Diane 1:33.

Batho ba ba Nang le Boitsholo jo bo Siameng

Baebele ya re fa lefatshe leno le fela, “moikepi o tla bo a sa tlhole a le teng.” Gape ya re: “Bathokgami ke bone ba ba tla agang mo lefatsheng, mme ba ba se nang molato ke bone ba ba tla salang mo go lone.” (Pesalema 37:10, 11; Diane 2:20-22) Ka jalo, lefatshe le tla bo le sa tlhole le na le masalela a boitsholo jo bo sa siamang, go akaretsa le botlhe ba ba sa batleng go ikobela dithuto tse di siameng tsa Mmopi. Mme batho ba ba ratang Modimo ba tla dira lefatshe go nna paradaise ka bonya ka bonya, ba dira gore le tshwane le le Modimo a ileng a baya banyalani ba ntlha mo go lone.—Genesise 2:7-9.

Akanya gore go tla bo go le monate jang go tshela mo lefatsheng le le phepa jalo le le fetotsweng go nna paradaise e ntle. Bangwe ba batho ba ba tla nnang le tshiamelo ya go le bona e tla bo e le dibilione tsa batho ba ba tsositsweng mo baswing. Itumelele tsholofetso eno ya Modimo: “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.” “[Modimo] o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.”—Pesalema 37:29; Tshenolo 21:3, 4.

[Mafoko a a mo go tsebe 9]

Fa lefatshe lengwe le ne le fela, go ile ga falola batho ba ba boifang Modimo

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Fa lefatshe leno le sena go fela, lefatshe e tla nna paradaise