Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Leje le Legolo

Leje le Legolo

Leje le Legolo

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA CANADA

GO FETILE makgolokgolo a dingwaga, batshwari ba ditlhapi le batsamaisi ba dikepe ba le dirisa jaaka letshwao le ba le tshepang. Baboki, bakwadi, le bataki ba ile ba bua thata ka lone. Kgatiso nngwe e le tlhalosa e le “masaitseweng e bile le kgatlha.” Kwa bofelong jwa karolo e e kwa botlhaba ya setlhaketlhake sa Gaspé kwa kgogometsong ya St. Lawrence, leje la Percé Rock le tlhaga le goletse kwa godimo mo metsing a a pududu a Lewatle la Atlantic. Leje leno le boleele jwa dimetara di ka nna 430, le bophara jwa dimetara di ka nna 90, le bogodimo jo bo fetang dimetara di le 88.

Nako nngwe, baagi ba ba pelokgale ba lefelo leno ba ne ba palama mokgokolosa wa leje leno ba batlana le mae a dinonyane mo dintlhageng. Le fa go ntse jalo, gore ba boloke le go sireletsa leje leno le dinonyane tse di tshabelang kwa godimo ga lone, ka 1985 puso ya Quebec e ne ya bolela fa Percé Rock le setlhaketlhake se se gaufi sa Bonaventure e le lefelo le le sireleditsweng la dinonyane. Setlhaketlhake sa Bonaventure ke legae la bobedi ka bogolo mo lefatsheng lotlhe le difudi di tsalelang mo go lone kwa bokone.

Batho bangwe ba bolela gore bogologolo Percé Rock e ne e kopane le naga e e gaufi le foo le gore e ka tswa e ne e na le megogoro e menè. Le fa go ntse jalo, gompieno go na le mogogoro o le mongwe fela—o bophara jwa dimetara di le 30—go ela kwa lewatleng go tswa fa leje le leng gone. Fa makhubu a se kwa godimo, motlhaba o o fa losing o kopanya leje leno le lefatshe. Ka nako ya boikhutso ya diura di le nnè, baeti ba ba pelokgale ba ka nna ba tsamaya metsotso e le 15 go ela kwa tlase ga leje ba ntse ba leka go itshwarelela le go phailakwa ke metsi fa a ntse a itaya leje.

Ba ba sa tshabeng go lekeletsa dilo bone, ba tshwanetse go nna kelotlhoko. Monna mongwe yo o neng a palama matlapa a a weleng gore a tle a fitlhe kwa matsenong o tlhalosa jaana: “Mo metsotsong mengwe le mengwe e se mekae o kgona go utlwa modumo o o tshosang wa matlapa a a welang mo metsing e kete dibomo. Matlapa mangwe a wela mo go a mangwe, jaaka e kete ke tlhobolo fa e hula.”

Jaaka fa baeti ba le bantsi ba lemogile, Percé Rock e ntle ka tsela e e gakgamatsang. Le fa go ntse jalo, ke sekai fela sa mafelo a mantsi a mantle a lefatshe la rona le le itumedisang le nang le one. A bo a farologane e bile a le mantsi jang ne! Fa o a bona, gongwe le wena o ile wa tlhotlheletsega go “ema mme o ele tlhoko ditiro tse di gakgamatsang tsa Modimo.”—Jobe 37:14.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 23]

© Mike Grandmaison Photography