Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mmudula—Lerole le le Nayang Botshelo

Mmudula—Lerole le le Nayang Botshelo

MmudulaLerole le le Nayang Botshelo

FA NAKO ya dikgakologo e fitlha, dinotshe di nna di tshwaregile thata, le mmudula o tlala mo moyeng. Mo bathong ba mmele wa bone o sa utlwaneng le dilo dingwe, mmudula e ka nna selo se se tenang go na le go nna selo se ba se itumelelang. Mme pele re tsaya mmudula e le selo fela se se tshwenyang, re tshwanetse go akanya ka seabe se lerole leno le le kgethegileng le nang le sone. Re tla gakgamala go itse ka moo matshelo a rona a itshetlegileng thata ka lerole leno ka teng.

Tota mmudula ke eng? The World Book Encyclopedia e tlhalosa jaana: “Mmudula ke dithoro tse dinnye tse di dirwang ke dirwe tse ditonanyana tsa dijalo tse di nang le malomo le dijalo tse di tlhagisang dikhounu.” Fa re tlhalosa ka tsela e e motlhofo fela, dijalo di ntsha mmudula e le gore di tle di kgone go ikatisa. Jaaka re itse, mo bathong, lee la mosadi le tshwanetse go kopana le peo ya monna gore ngwana a tle a kgone go bopega. Ka tsela e e tshwanang, le mo dijalong serwe se se namagadi (pistil) sa sejalo se tlhoka go kopana le mmudula o o tswang mo serweng se se tonanyana (stamen) sa sejalo gore se tle se kgone go dira maungo. *

Dithoro tsa mmudula di dinnye thata jaana mo e leng gore ga re kgone go di bona ka matlho a rona; le fa go ntse jalo, di bonala sentle ka maekorosekopo. Tota e bile, fa o di lebile ka maekorosekopo o kgona go bona gore bogolo le tsela e di bopegileng ka yone e farologana go ya ka mefuta ya dimela. E re ka mmudula o sa bole, go botlhokwa gore baitsesaense ba nne ba ithute ka “mekgwa” e e itlhaolang ya dithoro tse ba di ribololang. Ka go dira jalo ba ka kgona go itse ka dijalo tse batho ba neng ba di jala makgolokgolo a dingwaga a a fetileng. Selo se se botlhokwa ke gore, dilo tse di tlhaolang mofuta mongwe le mongwe wa mmudula di thusa gore malomo a kgone go lemoga mmudula o e leng wa mofuta wa one.

Mokgwa o Mmudula o Tsamayang ka One

Dijalo di le dintsi di ikaegile ka mowa go tsamaisa mmudula wa tsone fa o sena go tswa mo malomong kgotsa mo dikhounung fa phefo e ntse e di phaila. Metsi le one a thusa go tsamaisa mmudula wa dijalo dingwe tsa mo metsing. E re ka phefo e ka nna ya se ke ya atlega ka dinako dingwe mo go tsamaiseng mmudula, ditlhare le dijalo tse di ikaegileng ka mokgwa ono di ntsha mmudula o montsi thata. * Mo bathong ba ba nang le bothata jwa hay fever, mmudula o montsi o o tletseng mo moweng o ba bakela mathata.

Le fa gone phefo e thusa mo go tsamaisetseng mmudula kwa mefuteng e mentsi ya ditlhare le ditlhaga, dimela tsa malomo tse di sa kgoneng go gola ka bontsi di kitlane di tlhoka thulaganyo e e botoka. Mmudula wa dijalo tseno o fitlha jang kwa dijalong tse dingwe tse di leng dikilometara tse dintsi kgakala le tsone? Ka thuso e e molemo ya bommamathwane, dinonyane, le ditshenekegi! Mme gone, ga di tsamaise mmudula go tswa mo semeleng se sengwe go ya kwa go se sengwe mahala.

Dimela tseno di duela badiredi bano ka tswina—matute a a monate a go leng thata gore badiredi bano ba a gane. Fa ba ntse ba leka go monya tswina eno, baeti bano gantsi ba tshasegelwa ke lerole le lentsi la mmudula mo mebeleng ya bone. Fa ba ntse ba batlana le tswina eno ka go etela malomo a mangwe, ba thusa go isa mmudula o o mo mebeleng ya bone kwa malomong a mangwe.

Ditshenekegi ke tsone di dirang tiro e ntsi ya go rwalela mmudula kwa dimeleng tse dingwe, bogolo jang mo dinageng tse dithemperetšhara tsa tsone di leng magareng. Di etela dijalo tse dintsintsi letsatsi le letsatsi fa di ntse di monya tswina le mmudula. * Porofesa May Berenbaum o tlhalosa jaana: “Gongwe seabe se se botlhokwa thata se se dirilweng ke ditshenekegi mo boitekanelong jwa batho le mo botsogong jwa bone, ke seabe se se sa tseweng tsia go le kalo: e leng go rwala mmudula di o isa kwa dijalong tse dingwe.” Ditlhare tsa maungo gantsi di na le malomo a a ikaegileng ka cross-pollination gore di kgone go dira maungo a mantsi. Ka gone, o kgona go bona botlhokwa jwa go tsamaisiwa ga mmudula gore re tle re solegelwe molemo mo boitekanelong jwa rona.

Ka Moo Badiri Bano ba Ngokwang ka Gone

Malomo a tshwanetse go ngoka ba e tla nnang batsamaisi ba mmudula le go ba fepa ka dijo. Malomo a dira seno jang? A tlamela batsamaisi bano ka lefelo le lentle la go ikhutsa mo letsatsing. Gape a bapatsa mmudula le tswina, ka go dira gore o lebege o le montle le ka monkgo o o monate. Gape, malomo a le mantsi a ipapatsa ka go dira marontho a a mebalabala le methaladi e e mebalabala gore e tle e gogele ditshenekegi. Ka tsela eno baeti bano ba bolelelwa gore ba tla bona kae tswina.

Ditsela tsa go ngoka di farologane thata go ya ka lelomo lengwe le lengwe. A mangwe a ntsha monkgo o o maswe go ngoka dintshi. A mangwe one a dirisa ditsela tse di bofitlha e le gore mmudula o tle o kgone go tsamaisiwa sentle. Ka sekai, lelomo la orchid le tshwana le dinotshe, mme seno se tsietsa dinotshe tse di batlang molekane gore di le etele. Malomo mangwe one a tshwara ditshenekegi mme a di tlogela fela fa di sena go diragatsa tiro ya go tsaya mmudula. Malcolm Wilkins yo e leng moithutadimela o kwala jaana: “Ga go na gope mo dijalong mo go nang le boenjeniri jwa maemo a a kwa godimo le jo bo matsetseleko go feta tiro e e botlhokwa ya go tlhomamisa gore malomo a romelelwa mmudula.”

Fa Mmopi a ka bo a sa rulaganya gore dijalo di kgone go budula mmudula ka go di dira dintle, dimilione tsa dijalo di ka bo di sa kgone go ata. Fa a tshwaela ka matswela a thulaganyo eno e e gakgamatsang, Jesu o ne a re: “Ithuteng mo dithunyeng tsa masoma tsa legola, kafa di golang ka gone; ga di dire ka natla, le gone ga di otlhe; mme ke lo raya ke re le eleng Solomone mo kgalalelong yotlhe ya gagwe o ne a sa kgabe jaaka sengwe sa tseno.”—Mathaio 6:25, 28, 29.

Ka ntlha ya go budula mmudula, dijalo di kgona go gola sentle gape di kgona go ntsha dijo tse re ikaegileng ka tsone. Ke boammaaruri gore, mmudula o ka tswa o sa tshware bangwe ba rona sentle, mme gone re tshwanelwa ke go lebogela ditshenekegi tseno tse di tshwaregileng ka go rwala lerole leno le le nayang botshelo. Gore thobo e atlege go ikaegile thata ka thulaganyo eno e e kgatlhang ya tlholego e e supang ditiro tsa diatla tsa Mmopi wa rona tse di gakgamatsang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Go kopana gono ga serwe se se namagadi sa sejalo le mmudula go ka diragala ka tsela e e bidiwang cross-pollination (fa mmudula o fetisediwa kwa sejalong se sele) kgotsa ka e e bidiwang self-pollination (fa mmudula o amogelwa ke sone sejalo se o tswang mo go sone). Le fa go ntse jalo, cross-pollination e dira gore go tlhage dijalo tsa mefutafuta e bile di nna di itekanetse gape di nonofile.

^ ser. 6 Ka sekai, setlhare se le sengwe fela sa birch, se ka kgona go ntsha dithoro tsa mmudula tse di fetang dimilione di le tlhano, mme setlhare se se tlwaelegileng sa birch se ka nna sa ntsha dithoro di le diketekete.

^ ser. 9 Gore dinotshe di kgone go dira mamepe a kilogerama e le nngwe, go di tlhoka gore di dire maeto a le dimilione di le lesome go ya kwa lelomong lengwe le lengwe.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Ditshedi Tse di Rwalang Mmudula

DINTSHI LE DIKHUKHWANE

Bano ke bangwe ba bagaka ba ba rwalang mmudula ba ba sa neweng tlotlo e e ba tshwanetseng. Fa e le gore o rata tšhokolete, o tshwanelwa ke go leboga ntshi e nnye e e dirang tiro ya botlhokwa ya go tsamaisa mmudula go ya kwa malomong a setlhare sa cacao.

BOMMAMATHWANE LE DI-POSSUM

Palo e e rileng ya ditlhare tse dikgolo mo lefatsheng, tse di jaaka kapok le baobab, di ikaegile ka bommamathwane gore di budule mmudula. Bommamathwane bangwe ba ba jang maungo ga se fela gore ba ja tswina le leungo mme gape ba thusa le go anamisa dipeo tsa maungo, ka tsela eno ba dira tiro e e gabedi. Kwa Australia diphologotswana tsa losika loo-kangaroo tse di bidiwang di-possum di ya kwa malomong gore di tle di je tswina ya one. Fa di ntse di ja tswina, mebele ya tsone e e tletseng boboa e rwala mmudula go tswa mo lelomong go ya kwa go le lengwe.

DIRURUBELE LE METOUTWANE

Ditshenekegi tseno tse dintle di ikaegile thata ka tswina go nna dijo tsa tsone, di rwala mmudula fa di ntse di fofa go tswa mo lelomong le lengwe go ya kwa go le lengwe. Ditlhare tse dintle tsa orchid di ikaegile gotlhelele ka metoutwane gore e tle e rwale mmudula wa tsone mme e o fetisetse kwa ditlhareng tse dingwe.

DI-SUNBIRD LE DI-HUMMINGBIRD

Dinonyane tseno tse di mebalabala di rata go nna di tswa mo lelomong le lengwe di ya kwa go le lengwe, di ntse di monya tswina. Mmudula o na le go kgomarela mafofa a tlhogo le sehuba sa dinonyane tseno.

DINOTSHE LE MERUTWANE

Mebele ya dinotshe e e tletseng boboa e rwala mmudula ka bonako fela jaaka diborele gantsi di tlala lerole, seno se dira gore dinotshe e nne batsamaisi ba bagolo ba mmudula. Notshe e le nngwe fela ya bumble e ka rwala dithoro tsa mmudula di le 15 000. Ka ntlha ya go isiwa ga dinotshe tse di bidiwang di-bumblebee go tswa kwa Engelane mo lekgolong la bo19 la dingwaga, masimo a clover jaanong a na le letlepu le legolo kwa New Zealand, mme a tlamela leruo la naga eo ka dijo tse di molemo.

Dinotshe tsa mamepe ke batsamaisi ba mmudula ba ba botlhokwa go gaisa mo lefatsheng. Gantsi di tlhoma mogopolo fela mo mofuteng o le mongwe wa lelomo le le gaufi le sentlhaga sa tsone. Christopher O’Toole yo e leng moithutaditshenekegi o ne a fopholetsa gore “mo e ka nang diperesente di le 30 tsa dijo tsotlhe tse batho ba di jang di nna gone ka tlhamalalo kgotsa e se ka tlhamalalo ka ntlha ya go rwalwa ga mmudula ke dinotshe.” Dinotshe di a tlhokega gore di ise mmudula kwa dijalong tse di jaaka di-almond, diapole, diporaema, ditšheri, le di-kiwi. Balemirui ba duela batho ba ba ruang dinotshi ka ntlha ya tiro e metshitshi ya bone ya dinotshi e e dirang.

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Setlhare sa “orchid”