Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Sengwe se se Nnelang Ruri go Feta Botaki

Sengwe se se Nnelang Ruri go Feta Botaki

Sengwe se se Nnelang Ruri go Feta Botaki

JAAKA GO BOLETSE RAKEL KOIVISTO

Ka 1950 kakantsho ya me ya gore go dirwe sefikantswe sa go tlotla batho ba ba bolailweng mo Ntweng ya Lefatshe II e ne ya fenya mo kgaisanong ya naga ya rona. Ngwaga morago ga foo fa sefikantswe sa me se segolo sa letlapa la granite se ne se ribololwa kwa moletlong o o neng o sisibetse kwa Tuusula, Finland, ke ne ke seyo. E re ke tlhalose gore goreng ke ne ke seyo.

KE TSHOTSWE ka 1917, ke le gofejane mo lelapeng la bana ba le robedi le le neng le nna kwa motseng wa magae kwa borwa jwa Finland. Le fa re ne re humanegile, ke ne ke ikutlwa ke itumetse e bile ke bolokesegile. Batsadi ba me ba ne ba le tekatekano e bile ba boifa Modimo, mme ba ne ba re ruta go tlotla dilo tsa semoya. Baebele e rre a neng a e rekile e ne e tseelwa kwa godimo thata kwa gae.

Fa ke sa le ngwana, ke ne ke tle ke betle difikantswe tse dinnye ka logong. Ba losika lwa gaetsho ba ne ba re dilo tse ke di betlileng di dintle thata me ka jalo ba nkgothaletsa go ithutela botaki. Fa nako e ntse e ya, kopo ya me ya go amogelwa kwa Yunibesithing ya Industrial Arts kwa Helsinki e ne ya amogelwa. Sekolo seno sa maemo a a kwa godimo, e ne e le boremelelo jwa botaki kwa Finland, e ne ya nna lefelo le le kgatlhang thata mo go nna mosetsana yo o goletseng kwa magaeng, mme ke ne ka tlwaelana le maemo. Fa ke sena go aloga ka 1947, ke ne ke akanya gore ke tla tlogela sengwe se se tla nnelang ruri mo lefatsheng leno.

Dilo di a Fetoga

Mekgele ya me e ne ya fetoga gotlhelele. Letsatsi lengwe, nkgonne e bong Aune o ne a tla kwa go nna a itumetse a goa a re: “Ke bone boammaaruri!” O ne a filwe buka ya “Let God Be True,” e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. Seo se ne sa se ka sa nkgatlha. Moragonyana ke ne ka bona mosetsana yo ke tsenang sekolo le ene kwa yunibesithing a tshotse yone buka eno. Fa ke ntse ke e tshega ka go e sotla, o ne a araba ka go re: “Tlogela go tshega! Buka eno e tla go thusa go tlhaloganya Baebele.” Ke ne ka tsaya buka eno mme ka e bala yotlhe fela ka nako e le nngwe. Ke ne ka se tlhole ke tshega; tota e bile, ke ne ke tlhatswegile pelo gore Basupi ba na le boammaaruri. Gape ke ne ka lemoga gore Jehofa Modimo o ne a nnaya sengwe se botaki bo neng bo ka se nneye sone—botshelo jo bosakhutleng.

La ntlha fa ke sena go tlwaelana le Basupi, ga ba ka ba ntaletsa go tla dipokanong tsa bone. Ka jalo, ke ne ke tsaya gore ke maloko a bone fela a a ka yang dipokanong. Ka jalo ke ne ka ipeta pelo mme ka ba botsa gore a nka tla dipokanong. Ke ne ka itumelela go utlwa gore dipokano tsa Bokeresete di bulegetse mongwe le mongwe. Go ya dipokanong go ne ga nonotsha tumelo ya me, ka jalo ka swetsa ka gore ke neele botshelo jwa me mo go Jehofa. Ke ne ka supa seno phatlalatsa ka November 19, 1950, fa nna le nkgonne re ne re kolobediwa. Se se neng sa re itumedisa, ke go bona kgabagare bana ba bangwe ba mo lelapeng la rona ba banè ba basetsana le batsadi ba rona ba ba rategang ba nna Basupi.

Ke Tlhophe Tiro Efe?

Fa ke ntse ke ithuta Baebele le Basupi, ke ne ka gatela pele thata mo tirong ya me ya botaki. Morago ga go aloga kwa sekolong sa botaki, ke ne ka nna mothusi wa porofesara ya go betla ka maje. Ka jalo, jaaka ke boletse kwa tshimologong, kakantsho ya me ya gore go dirwe sefikantswe sa go gopola batho ba ba suleng mo Ntweng ya Lefatshe II se ne sa fenya kgaisano ya naga. Ke ne ka akantsha gore leina la sone e nne, “Ga ba Ka ba Boa,” e leng se se neng se supa pono ya me e e fetogileng ka ntwa. (Isaia 2:4; Mathaio 26:52) Fa sefikantswe—se se boleele jwa dimetara di le 5—se ne se sirololwa, ke ne ke seyo ka gonne moletlo wa teng o ne o tletse ditiro tsa boratanaga e bile o sa tsamaisane le melao ya Baebele e ke e dumelang.

Fa ke ntse ke atlega thata mo tirong ya me ya botaki, ke ne ka simolola go itsege thata mme seo sa dira gore ke rebolelwe ditiro tse di duelang madi a a botoka. Le fa go ntse jalo, ke ne ka sekaseka dilo tse ke di tsayang di le botlhokwa. Le fa gone ke ne ke rata tiro ya me, keletso ya me ya go thusa batho ba bangwe ka dilo tsa semoya e ne e le kgolo le go feta. Ke gone ka moo ka 1953, ke neng ka simolola go nna mmulatsela, moreri wa nako e e tletseng wa Basupi ba ga Jehofa.

Ka dinako dingwe ke ne ka bolelelwa gore ke senya ka bokgoni jwa me. Mme ke ne ke lemoga gore katlego epe e nka nnang le yone mo tirong ya botaki e ne e tla nna selo sa nakwana fela. Tota le difikantswe tsa letlapa la granite di a phutlhama fa nako e ntse e ya. Le fa go ntse jalo, fa ke le mmulatsela, ke ne ke tla kgona go dirisa nako ya me go thusa ba bangwe gore ba tsene mo tseleng e e isang botshelong jo bosakhutleng! (Johane 17:3) Le fa go ntse jalo, ke ne ke sa tlogela botaki gotlhelele. Gangwe le gape, ke ne ke dira ditshwantsho tse dinnye go ikgotsofatsa le gore ke di rekise gore ke kgone go itlamela.

Ke ya Kwa Metseng ya Magae

Ka 1957, dingwaga di le nnè morago ga go nna mmulatsela kwa Helsinki, ke ne ka lalediwa ke ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa ya Finland go ya go dira kwa Jalasjärvi, e leng mmasepala wa motseselegae kwa kgaolong ya Borwa jwa Ostrobothnia. Fa ke ya koo ke ne ke ya go kopana le Anja Keto, yo a neng a le monnye mo go nna ka dingwaga di le 17. Le fa gone ke ne ke sa itse Anja, ke ne ka amogela kabelo ya me ka boitumelo mme ka ya go nna le ene. E ne e le rona Basupi fela mo lefelong leno, ka jalo gangwe le gape re ne re dira mmogo mo tshimong. Re ne ra simolola go nna ditsala tse di sa kgaoganeng.

Go fudugela kwa Jalasjärvi go ne go raya gore ke boele kwa maemong a go tshela botshelo jwa selegae go tshwana le a ke neng ke tshela mo go one pele ke nna motaki wa mo toropongkgolo dingwaga di le 20 pelenyana. Mariga a ne a sa itumedise le eseng, mme ka dinako dingwe re ne re tshwanelwa ke go ralala semathane se se neng se re fitlha mo lethekeng. Re ne re nna mo ntlwaneng e nnye e e dirilweng ka logong, e e neng e se manobonobo le eseng. Re ne re gelela metsi mo motsweding wa metsi o o neng o le gaufi le rona, mme ka dinako dingwe metsi a re neng re a geletse a ne a tle a tsidifala moo a feleletsang a sule dikgapetla bosigo. Mme gone re ne re na le sengwe le sengwe se re neng re se tlhoka. (1 Timotheo 6:8) Ao e ne e le malatsi a a tletseng ka boitumelo, le ditiragalo.

Go Tshwarega ka Tiro e e Kgotsofatsang

Kwa tshimologong, matsapa a rona a ne a bonala a ka se atlege ka ntlha ya gore baagi ba koo ba ne ba re tlhaola. Gore re ba thuse go tlhaloganya tiro ya rona sentle, re ne ra rulaganya go ba bontsha difilimi tsa Basupi ba ga Jehofa, tse di jaaka The New World Society in Action le ya The Happiness of the New World Society. Di ne tsa ba thusa go tlwaelana le rona le mokgatlho wa Basupi ba ga Jehofa, di ba thusa go bona melemo ya tiro ya rona mo bathong lefatshe ka bophara. Batho ba le bantsi ba ne ba tla go bogela difilimi tseno.

Nako nngwe Eero Muurainen, molebedi yo o etang wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a bontsha filimi ya The New World Society in Action kwa holong ya motse. Go ne ga tlala thata jaana mo e leng gore go ne go se na mo nka nnang gone tota le mo khoneng e e kwa moragorago. Ke ne ka tshwanelwa ke go itshegetsa ka lobota ke eme ka leoto le le lengwe, e re ka go ne go se na mo nka bayang leoto le lengwe gone. Morago ga filimi e sena go fela, batho ba le bantsi ba ne ba re kopa gore re ba etele.

Gape re ne ra tshameka dipuo tse di rekotilweng tsa Baebele go tswa mo theiping mo matlong a dipolasi. Nako nngwe re ne ra dumela gore re tla tshameka puo eno mo lelapeng lengwe ka 7:00 mo maitseboeng, re ne re laleditse motse otlhe go tla go reetsa puo eno. Pelenyana mo mosong oo, re ne ra ya ka dibaesekele kwa motseng o o neng o le bokgakala jwa dikilometara di ka nna 25, re ne re akantse gore re tla boa pele go nna maitseboa. Le fa go ntse jalo, fa re tswa ka motse, pula e ne e dirile gore ditsela di nne seretse se se maswe.

Kwa bofelong, maotwana a dibaesekele tsa rona a ne a tlala seretse thata jaana mo e leng gore re ne ra palelwa ke go di palama, ka jalo re ne ra tshwanelwa ke go di sikara go ya gae. Seno se ne sa dira gore re palelwe ke go ya kwa kopanong ya rona e re neng re rulagantse maitseboa ao. Re ne ra tsamaya le theipi ya rona e kgolo mme ra goroga ka 10:00 maitseboa. Re ne re tlhomamisegile gore ga re ne re fitlhela ope. Se se neng sa re gakgamatsa ke go bona ntlo e tletse ka batho ba mo motseng ba ba neng ba re emetse! Morago ga go reetsa puo, go ne ga latela motlotlo o o monate. Fa kgabagare re boela kwa re nnang gone ka makuku, re ne re lapile tota mme gone re itumetse!

Sekgala magareng ga metse eno se ne se le segolo thata mo e leng gore Basupi ba mo kgaolong eo ba ne ba re thusa go reka sejanaga—e ne e le sa bogologolo sa modiro wa Se-Russia. Se ne sa dira gore tiro ya rona ya go rera e nne motlhofo. Moragonyana, sejanaga sa rona se ne sa itsege thata, ka jalo e ne ya re fa mobishopo a etetse mo motseng o ne a bolelela maloko a phuthego ya gagwe gore ba se ka ba re amogela mo matlong a bone. O ne a re ba ikele tlhoko mo basading ba babedi ba ba tsamayang ka sejanaga se se pududu. Ka bonako fela seo se ne sa ama batho thata. Ba ne ba batla go itse gore basadi bao ba babedi ke bomang le gore ke eng se se ba dirang kotsi jaana! Go batla go itse ga bone go ne ga dira gore re tshware metlotlo e mentsi e e molemo ya Baebele le bone. Ruri mafoko a ga Isaia a opile kgomo lonaka: “Sebetsa le fa e ka nna sefe se se tla bopiwang kgatlhanong le wena ga se kitla se atlega.”—Isaia 54:17.

Fa nako e ntse e ya, tiro ya rona e ne ya nna le matswela. Re ne ra simolola go tshwara dipokano beke le beke le setlhopha se sennye sa batho ba ba kgatlhegang. Kgabagare setlhopha seno se ne sa gola, mme ka 1962 go ne ga tlhomiwa phuthego ya Basupi ba le 18, e bontsi ba yone e neng e le basadi. Dingwaga di le pedi moragonyana nna le Anja re ne ra isiwa kwa Ylistaro, mo kgaolong yone eno.

Tikologo e e Gapang Maikutlo

Re ne ra itumelela bontle le kagiso tsa lefelo leno mo kabelong ya rona e ntsha, mme bogolosegolo re ne ra rata batho ba lefelo leno. Ba ne ba re amogela e bile ba le botsalano. Gone ke boammaaruri, bontsi jwa bone ba ne ba rata bodumedi e bile ba rata le naga ya bone, mme ka dinako dingwe ba ne ba le manganga; mme go ne go na le ba bangwe ba ba neng ba tlotla Baebele thata. Mo makgetlong a le mantsi fa re ntsha Dibaebele tsa rona, basadi ba ne ba emisa ka tiro ya bone gore ba re reetse, mme banna bone ba ne ba rola dihutshe tsa bone—dihutshe tse gantsi ba neng ba sa di role motlhofo. Ka dinako dingwe fa re ithuta Baebele, lelapa lotlhe tota le baagisani, ba ne ba tla mo thutong.

Batho ba ba peloephepa, ba ba tshepegang ba ke neng ke kopana le bone mo tshimong ba ne ba tlhotlheletsa tiro ya me ya botaki. Fa ke nna le nako, ke ne ke tle ke tseye letsopa ke bo ke simolola go bopa ka lone. E re ka ka metlha ke ne ke kgatlhwa ke batho ba ba matlhagatlhaga le ba ba tshegisang, mo e batlang e le ditshwantsho tsotlhe tse ke neng ke di bopa e ne e le tsa batho. Bontsi jwa tsone ke tsa basadi ba ba dirang ditiro tsa mo gae. Setlhogo sa makasine mongwe se ne sa bua jaana ka ditshwantsho tse ke di bopileng: “Di bontsha lorato mo lefatsheng le kagiso, gape di bontsha le botsalano le moya o o ritibetseng . . . Go nna le lorato lo logolo mo bathong le bokgoni jwa go taka ke tsone di mo tlhotlheleditseng go dira ditshwantsho tseno.” Le fa go ntse jalo, ke ne ka nna kelotlhoko gore ke se ka ka lebisa tlhokomelo thata mo botaking. Ke ne ka kgomarela tshwetso ya me ya go direla Jehofa ka nako e e tletseng.

Ka 1973, ke ne ka fiwa tiro e ke neng nka se e gane. Ke ne ka kopiwa go dira setshwantsho se se takilweng ka letsopa sa mo lefelong la boamogelo jwa baeng la ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Finland, Vantaa. Pesalema 96:11-13 e ne ya tlhophiwa go nna setlhogo sa tiro eno. A bo ke ne ka itumela jang ne go dirisa bokgoni jwa me mo go galaletseng Jehofa!

Fa e sa le ke ntse ke dira botaki e le gore ke itsweletse pele ka nako ya fa ke ne ke le mmulatsela, ke ne ka gakgamala fa kwa mafelong a dingwaga tsa bo1970, ke abelwa phenshene ya botaki. Ke boammaaruri gore, ke ne ke anaanela thuso e e ntseng jalo ya madi, mme ke ne ka ipotsa jaana, ‘A seno ke sone sotlhe se nka bong ke se amogetse fa nka bo ke ile ka dirisa botshelo jwa jotlhe me mo botaking? Madi a se kae fela a go nthusa mo dingwageng tsa fa ke sena go rola tiro?’ A bo a le mannye jang fa a bapisiwa le maduo a botshelo jo bosakhutleng!—1 Timotheo 6:12.

Ke Boela Gape Kwa Toropong

Ngwaga wa 1974 o ne wa tlisa diphetogo tse dikgolo mo matshelong a rona le mo bodireding jwa rona. Re ne ra abelwa go ya go dira kwa Turku, e leng toropo e kgolo. Ka nako eo go ne go agiwa difolete tse dintsi, mme go thologela ga batho koo go dirile gore go tlhokege baboledi ba Bogosi. Kwa tshimologong, re ne re sa itumelela kabelo ya rona e ntšha ya mo toropong. Go rerela batho ba mo ditoropong go ne go bonala go le thata, ka gonne bontsi jwa bone ba ne ba sa bontshe kgatlhego. Mme ka bonya ka bonya re ne ra simolola go tlwaela tshimo ya rona e ntšha, mme re ne ra bona batho ba le bantsi ba ba neng ba kgatlhegelang boammaaruri jwa Baebele.

Go ralala dingwaga, nna le Anja re ne ra nna le tshiamelo ya go ka thusa batho ba le 40 gore ba neele matshelo a bone mo go Jehofa. A bo bana bano ba semoya ba re tliseditse boitumelo jo bogolo jang ne mo dipelong tsa rona! (3 Johane 4) Mo dingwageng tsa bosheng jaana boitekanelo jwa me ga bo itumedise, mme gone ke bone tshegetso ya ga Jehofa, lorato lwa phuthego, le “thuso e e nnonotshang” ya mmulatsela mmogo le nna yo o ratega Anja, ka botlalo. (Bakolosa 4:11; Pesalema 55:22) Fa ke ne ke kopana le Anja mo e batlang e le dingwaga di le 50 tse di fetileng, ga go ope wa rona yo o neng a akanya gore botsala jwa rona re le babulatsela e ne e tla nna jwa botshelo jotlhe.

Go na le polelo e e reng: “Botshelo bo bokhutshwane mme botaki jone ke jwa bosakhutleng.” Le fa go ntse jalo, mafoko ano, ga a ise a ko a nne moano wa me. Ke dumelana le mafoko a ga moaposetoloi Paulo a a mo go 2 Bakorintha 4:18: “Dilo tse di bonwang ke tsa nakwana, mme dilo tse di sa bonweng ke tse di sa khutleng.” Boitumelo jotlhe jo ke nnile le jone fa ke le motaki—“dilo tse di bonwang”—e nnile tsa nakwana. Ruri ga di ka ke tsa bapisiwa le boitumelo jo ke nnile le jone mo tirelong ya ga Jehofa, mme e bile ga di neye motho botshelo jo bosakhutleng. Ke itumelela go bo ke dirisitse botshelo jwa me mo “dilong tse di sa bonweng,” dilo tse di nnelang ruri go feta botaki!

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Ke dira sefikantswe ka letlapa la “granite”

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Ke na le Anja (kafa molemeng), 1957

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Ke na le Anja (kafa mojeng) gompieno