Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Botshelo Jwa Gago bo Laoletswe E sa Le Gale?

A Botshelo Jwa Gago bo Laoletswe E sa Le Gale?

Baebele Ya Reng

A Botshelo Jwa Gago bo Laoletswe E sa Le Gale?

Moso mongwe banna ba babedi ba ne ba kgweetsa go ya tirong fa ba swetsa go tsaya tsela e e kgabaganyetsang go bapa le mmila koo mongwe wa bone a neng a nna gone. Fa ba ntse ba le mo tseleng ba bona kgabo ya molelo e tswa ka matlhabaphefo a ntlo. Ba ne ba emisa serori sa bone mme ba dirisa lere go thusa mosadi le bana ba gagwe ba batlhano. “Gongwe ke tsela e ba neng ba laoletswe yone,” go ne ga bega jalo lokwalodikgang ka kotsi eno.

BATHO ba le bantsi ba dumela gore sengwe le sengwe se se ba diragalelang, se ka tswa se siame kgotsa se sa siama, se laotswe ke maatla mangwe a a fetang a bone gore se ba diragalele. Ka sekai, Modiradiphetogo wa lekgolo la bo16 la dingwaga John Calvin o ne a kwala jaana: “Re tlhalosa taolelogale e le selo se se rulagantsweng ke Modimo ka bosakhutleng, moo e leng gore o laola e sale gale gore o batla go dira eng ka mongwe le mongwe. Ka gonne ga a ka a ba bopa ba tshwana, mme o laoletse bangwe botshelo jo bosakhutleng mme bangwe bone tshenyego ya bosakhutleng.”

A tota Modimo o laola e sale gale gore ditiro tsa rona le diphelelo tsa rona e tla nna dife? Baebele e ruta eng?

“Tatelano” ya Taolelogale

Bangwe ba ba dumelang taolelogale ba ntsha mabaka ka tsela eno: Modimo o itse tsotlhe. O itse sengwe le sengwe, le gore go tlile go direga eng mo isagweng. O itse gore mongwe le mongwe o tlile go dira eng ka botshelo jwa gagwe, gape o itse sentle e sale gale nako le mokgwa o mongwe le mongwe a tlileng go swa ka one. Ka jalo, go ya ka tsela e ba akanyang ka yone, fa nako e tla ya gore motho a dire tshwetso, tshwetso ya gagwe ga e ne e nna ka tsela ya gagwe go na le moo e tla nna ka tsela e Modimo a bonetseng dilo pele ka yone le e a laotseng ka yone, go seng jalo, Modimo e tla bo e se moitsegotlhe. A kgopolo eno e dira tlhaloganyo mo go wena? Ela tlhoko se diphelelo tse kgopolo eno e ka nnang le tsone.

Fa e le gore maatla mangwe a setse a sweditse ka isagwe ya gago, go raya gore go nna o itshireleditse go tla bo go sa thuse sepe. Go tlhopha go goga motsoko kgotsa go se goge ga go ne go dira pharologano epe mo boitekanelong jwa gago kgotsa mo boitekanelong jwa bana ba gago. Go tsenya lebanta la pabalesego fa o le mo sejanageng go ka se go thuse ka sepe mo kotsing. Mme dikgopolo tseno di phoso. Dipalopalo di bontsha gore batho ba ba itshireletsang mo dikotsing ga ba welwe ke mathata a mantsi. Go nna botlhaswa go ka tsenya motho mo dipharagobeng.

Ela tlhoko tsela nngwe e ba bayang mabaka ka yone. Fa e le gore Modimo o itlhophela go itse sengwe le sengwe e sale gale, he go raya gore le pele a bopa Adame le Efa, o ne a itse gore ba tlile go se mo ikobele. Le fa go ntse jalo, fa Modimo a sena go bolelela Adame gore a se ke a ja “setlhare sa kitso ya molemo le bosula” ka gonne o tla swa, a Modimo o ne a setse a itse gore Adame o tlile go ja leungo la setlhare seo? (Genesise 2:16, 17) Fa Modimo a sena go bolelela banyalani ba ntlha a re: “Atang lo ntsifale lo tlatse lefatshe lo bo lo le fenye, mme lo laole ditlhapi tsa lewatle le dibopiwa tse di fofang tsa magodimo le sebopiwa sengwe le sengwe se se tshelang se se tsamayang mo lefatsheng,” a o ne a itse gore tsholofelo ya bone e e molemo ya go tshela mo paradaiseng e tla itaya sefololetse? Nnyaa le eseng.—Genesise 1:28.

Fa re akanya ka diphelelo tsa mabaka ano, kgopolo ya gore Modimo o itse e sale gale ditshwetso tsotlhe e raya gore o ikarabelela ka dilo tsotlhe tse di diragalang—go akaretsa dintwa, ditlolomolao, le pogo. A seno se a kgonega? Karabo e e utlwalang sentle re e newa ke Modimo ka boene.

“O Tshwanetse go Tlhopha”

Dikwalo di bontsha gore “Modimo ke lorato” le gore ke “morati wa tshiamiso.” Ga a bolo go nna a kopa batho ba gagwe jaana: “Tlhoang se se bosula, mme lo rate se se molemo.” (1 Johane 4:8; Pesalema 37:28; Amose 5:15) Ka makgetlho a le mmalwa o ne a rotloetsa batho ba gagwe ba ba ikanyegang gore ba itlhophele tsela e e siameng. Ka sekai, fa Jehofa a sena go dira kgolagano le setšhaba sa bogologolo sa Iseraele, o ne a ba raya a re, a dirisa Moshe: “Ke tsaya magodimo le lefatshe jaaka basupi kgatlhanong le lona gompieno, gore ke beile botshelo le loso fa pele ga gago, tshegofatso le phutso; mme o tlhophe botshelo gore o nne o ntse o tshela, wena le bana ba gago.” (Duteronome 30:19) A Modimo o ne a itse e sale gale tlhopho e mongwe le mongwe a neng a tla e dira? Ga go pelaelo gore ga go a nna jalo.

Joshua, moeteledipele wa batho ba Modimo mo dinakong tsa bogologolo, o ne a rotloetsa ba gagabo jaana: “Itlhopheleng gompieno yo lo tla mo direlang . . . Mme nna le ba ntlo ya me, re tla direla Jehofa.” (Joshua 24:15) Ka mo go tshwanang, moporofeti wa Modimo Jeremia o ne a bolela jaana: “Tsweetswee, utlwa lentswe la ga Jehofa mo go se ke se buang le wena, mme dilo di tla go tsamaela sentle le moya wa gago o tla tswelela o tshela.” (Jeremia 38:20) A Modimo wa tshiamo le lorato a ka kgothatsa batho gore ba dire se se siameng gore ba bone maduo, ntswa a itse gore o ba laoletse gore ba palelwe? Nnyaa, le eseng. Kgothatso e e ntseng jalo e ne e tla bo e le ya boitimokanyo.

Ka jalo fa o diragalelwa ke dilo tse di molemo kgotsa tse di bosula mo botshelong jwa gago, ga se gore dilo tseno di a bo di ne di laoletswe go go diragalela. Gantsi, “tiragalo e e sa bonelwang pele,” ya bo e le fela ditlamorago tsa ditshwetso tsa batho ba bangwe—e ka tswa e ne e le tse di botlhale kgotsa nnyaa. (Moreri 9:11) Nnyaa, isagwe ya gago ga ya laolelwa e sale gale, mme ditshwetso tsa gago ke tsone tse di tla laolang gore isagwe ya gago ya bosakhutleng e tla nna jang.

A O KILE WA IPOTSA GORE . . .

▪ A Modimo o ne a sweditse e sale pele gore Adame le Efa ba ne ba tla leofa?—Genesise 1:28; 2:16, 17.

▪ Ke dinonofo dife tsa Modimo tse di sa dumalaneng le taolelogale?—Pesalema 37:28; 1 Johane 4:8.

▪ Ke boikarabelo bofe jo o nang le jone?—Joshua 24:15.

[Mafoko a a mo go tsebe 13]

Dipalopalo di bontsha gore batho ba ba itshireletsang mo dikotsing ga ba welwe ke mathata a mantsi