Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A motho yono o ntshiametse?

A motho yono o ntshiametse?

Basha ba Botsa Jaana . . .

A motho yono o ntshiametse?

Iphe nako ya go araba dipotso tseno:

Ke dinonofo dife tse gone jaanong o di tsayang di le botlhokwa mo mothong yo o batlang go nyalana le ene? Mo lenaaneng le le fa tlase fano, tshwaya ka ✔ gaufi le dinonofo tse nne tse o tsayang gore di botlhokwa thata.

․․․․․ ditebego tse dintle

․․․․․ go rata dilo tsa semoya

․․․․․ botsalano

․․․․․ go ikanyega

․․․․․ go itsege

․․․․․ maitsholo a a siameng

․․․․․ yo o tshegisang

․․․․․ yo o ipeelang mekgele

Fa o ne o le mosha, a o kile wa nna le maikutlo a lorato a nakwana mo go mongwe? Mo lenaaneng le le fa godimo fano, tshwaya ka X gaufi le dinonofo tse o neng o di rata thata ka motho yo o neng o mo rata ka nako eo.

GA GO na sepe se se phoso ka mekgwa e e fa godimo fano. Nngwe le nngwe e kgatlha ka tsela e e rileng. A ga o dumele gore fa o fekeediwa ke lorato lwa go tseega maikutlo fela la bosha, o nna le tshekamelo ya go rata dinonofo tse di sa reng sepe, tse di tshwanang le tse di leng mo kholomong e e ka fa molemeng?

Le fa go ntse jalo, fa o ntse o gola, o simolola go dirisa maatla a gago a go akanya go sekaseka dilo tse di botlhokwa, tse di tshwanang le tse di leng mo kholomong e e ka fa mojeng. Ka sekai, o simolola go ela tlhoko gore mosetsana yo montle go ba gaisa botlhe mo tikologong ya lona a ka nna a bo a sa tshepege kgotsa mosimane yo o itsegeng mo tlelaseng a ka nna a bo a se na boitsholo jo bo siameng. Fa o fetile “nako ya bosha”—nako ya botshelo e dikeletso tsa tlhakanelodikobo di nonofileng ka yone—go ka direga gore o lebelele dinonofo tse di botlhokwa gore o tle o kgone go araba potso eno, A motho yono o ntshiametse?—1 Bakorintha 7:36.

A Mongwe le Mongwe Fela o Siame?

Fa nako e ntse e tsamaya, o ka nna wa simolola go kgatlhegela batho ba bong bo sele ba le mmalwa. Mme ga se mongwe le mongwe yo o tla go tshwanelang. Boammaaruri ke gore, o batla molekane yo o tla tshelang le ene botshelo jotlhe, mongwe yo o tla kgonang go tokafatsa dinonofo tsa gago mme le wena o kgone go dira jalo. (Mathaio19:4-6) Motho yono e tla nna mang? Pele o ka araba potso eno, o tshwanetse go ‘iteba mo seiponeng’ mme o itshekatsheke ka kelotlhoko.—Jakobe 1:23-25.

Gore o tle o itse go le gontsi ka wena, araba dipotso tse di latelang:

Dinonofo tsa me ke dife?

․․․․․

Makoa a me ke afe?

․․․․․

Ke maikutlo afe le ditlhoko tsa semoya tse ke nang le tsone?

․․․․․

Go itlhaloganya sentle ga se kgetse e potlana, mme gone dipotso tse di tshwanang le tseno di ka go thusa. * Fa o ntse o itlhaloganya botoka, o tla kgona go ipaakanya sentle gore o ratane le motho yo o tla tlotlomatsang bokgoni jwa gago go na le go godisa makoa a gago. Mme he, go tweng, fa e le gore o akanya gore o setse o bone motho yo o go siametseng?

A Botsalano Jono bo Tla Atlega?

Gore o tle o kgone go araba potso eno, leba motho yono ka tsela e a ntseng ka yone tota. Mme gone, ela tlhoko! O ka nna le tshekamelo ya go bona fela dilo tse o batlang go di bona. Ka jalo tsaya nako. Leka go lemoga gore botho jwa gagwe bo ntse jang.

Ba bantsi ba ba intshang le mongwe ga ba lebe dilo tse di boteng. Go na le moo, ba itlhaganelela go supa dilo tse ba tshwanang ka tsone: ‘Re rata mmino o o tshwanang.’ ‘Re rata ditiro tse di tshwanang.’ ‘Re dumalana ka sengwe le sengwe!’ Jaaka go bontshitswe pelenyana, tota, fa e le gore o fetile nako ya bosha, o tla kgona go leba dilo tse di botlhokwa mo mothong yo o intshang le ene. O tlhoka go lemoga “motho wa sephiri wa pelo.”—1 Petere 3:4; Baefeso 3:16.

Ka sekai, go na le gore o ele tlhoko fela gore le dumelana go le kana kang, go tla nna molemo go ela tlhoko gore go direga eng fa lo sa dumelane. Ka mafoko a mangwe, motho yono o itshwara jang fa go na le go sa utlwane—a o gatelela dikgopolo tsa gagwe, gongwe a o ineela ka go “phatloga ka bogale” kgotsa “puo ya go kgoba”? (Bagalatia 5:19, 20; Bakolosa 3:8) Kgotsa gongwe o bontsha go nna tekatekano—a iketleeleditse go ineela e le gore go rene kagiso fa go se na melao epe e e tlodiwang ya se se siameng le se se sa siamang?—Jakobe 3:17.

Ntlha e nngwe e o tshwanetseng go e ela tlhoko ke e: A ke motho yo o ratang go laola, kgotsa yo o lefufa? A o rata go itse sengwe le sengwe se ke se dirang? Mosadi mongwe wa mosha e bong Nicole a re: “Fa motho a batla gore o nne tsala ya gagwe fela e bile a le lefufa ke matshwao a a kotsi. Ke utlwela ka batho ba ba intshang ba ba lwang ka gonne yo mongwe a sa founele yo mongwe ka metlha.—Ke akanya gore seno ga se a siama.”

Lekau kgotsa lekgarebe la gago le itsiwe jang ke batho ba bangwe? O ka nna wa bua le bangwe ba ba nang le lobaka ba itse motho yono, jaaka ba ba godileng sentle ba ba mo phuthegong ya gagwe. Ba tla go bolelela fa e le gore motho yono ‘o bolelwa molemo’—Ditiro 16:1, 2. *

A lo Tshwanetse go Kgaogana?

Go tweng fa e le gore o lemoga gore motho yo o intshang le ene ga a ne a tshwanela go nna molekane yo o siameng wa lenyalo? Mo seemong seo, go tla bo go le botlhale gore o fedise botsalano jwa lona. Baebele ya re: “Yo o botlhale ke yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha.”—Diane 22:3. *

Fa nako e ya, o ka nna wa simolola kamano e ntšha. Fa go le jalo, ga go na pelaelo gore o tla tsena mo go yone o na le pono e e lekalekaneng le go feta—e o nnileng le yone ka maitemogelo. Gongwe ka nako eo o tla kgona go araba potso eno “A motho yono o ntshiametse?” ka ee!

Go na le metseletsele e mentsi ya ditlhogo tsa “Basha ba Botsa Jaana . . . ” mo atereseng eno ya Web www.watchtower.org/ype ditsebe 28-30 tsa Tsogang!, ya April 8, 2001.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 25 Go bona dipotso tse di oketsegileng tse o ka ipotsang tsone, bona tsebe 30 ya tokololo ya Tsogang! ya January 2007

^ ser. 31 Bona gape le dipotso tse di mo lebokosong mo tsebeng ya 19-20.

^ ser. 33 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka go kgaogana, bona

A O KILE WA IPOTSA. . .

▪ Ke dinonofo dife tse di molemo tse o ka di tlisang mo lenyalong?

▪ Ke dinonofo dife tse o tla di lebelelang mo mothong yo o tla nyalanang le ene?

▪ Ke ka ditsela dife tse o ka ithutang mo go oketsegileng ka botho, mekgwa, le botumo jwa motho yo o intshang le ene?

[Lebokoso mo go tsebe 19]

A e tla nna monna yo o molemo?

DILO TSA MOTHEO

❑ O dirisa jang taolo epe fela e a nang le yone?—Mathaio 20:25, 26.

❑ Mekgele ya gagwe ke efe?—1 Timotheo 4:15.

❑ A o leka go fitlhelela mekgele e a ipeetseng yone?—1 Bakorintha 9:26, 27.

❑ Ditsala tsa gagwe ke bomang?—Diane 13:20.

❑ O na le boikutlo bofe ka madi?—Bahebera 13:5, 6.

❑ O rata mofuta ofe wa boitlosobodutu?—Pesalema 97:10.

❑ Mokgwa wa gagwe wa go apara o supa eng ka ene?—2 Bakorintha 6:3.

❑ O bontsha jang gore o rata Jehofa?—1 Johane 5:3.

DINONOFO TSA BOTLHOKWA

❑ A o dira ka natla?—Diane 6:9-11.

❑ A o dirisa madi sentle?—Luke 14:28.

❑ A go buiwa sentle ka ene?—Ditiro 16:1, 2.

❑ A o tlotla batsadi ba gagwe?—Ekesodo 20:12.

❑ A o akanyetsa ba bangwe?—Bafilipi 2:4.

MATSHWAO A A KOTSI

❑ A ke motho yo o ratang tšhakgalo?—Diane 22:24.

❑ A o leka go go raela gore o dire boitshwaro jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo?—Bagalatia 5:19.

❑ A o rata go itaya kgotsa go kgoba ka puo?—Baefeso 4:31.

❑ A o tlhoka go nwa bojalwa gore a tle a itumele?—Diane 20:1.

❑ A o lefufa e bile o bogagapa?—1 Bakorintha 13:4, 5.

[Lebokoso mo go tsebe 20]

A e tla nna mosadi yo o molemo?

DILO TSA MOTHEO

❑ O bontsha boikokobetso jang mo lelapeng le mo phuthegong?—Baefeso 5:21, 22.

❑ Mokgwa wa gagwe wa go apara o supa eng ka ene?—1 Petere 3:3, 4.

❑ Ditsala tsa gagwe ke bomang?—Diane 13:20.

❑ O na le boikutlo bofe ka madi?—1 Johane 2:15-17.

❑ Mekgele ya gagwe ke efe?—1 Timotheo 4:15.

❑ A o leka go fitlhelela mekgele e a ipeetseng yone?—1 Bakorintha 9:26, 27.

❑ O rata mofuta ofe wa boitlosobodutu?—Pesalema 97:10.

❑ O bontsha jang gore o rata Jehofa?—1 Johane 5:3.

DINONOFO TSA BOTLHOKWA

❑ A o dira ka natla?—Diane 31:17, 19, 21, 22, 27.

❑ A o dirisa madi sentle?—Diane 31:16, 18.

❑ A go buiwa sentle ka ene?—Ruthe 4:11.

❑ A o tlotla batsadi ba gagwe?—Ekesodo 20:12.

❑ A o akanyetsa ba bangwe?—Diane 31:20.

MATSHWAO A A KOTSI

❑ A o manganga?—Diane 21:19.

❑ A o leka go go raela gore o dire boitshwaro jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo?—Bagalatia 5:19.

❑ A o rata go itaya kgotsa go kgoba ka puo?—Baefeso 4:31.

❑ A o tlhoka go nwa bojalwa gore a tle a itumele?—Diane 20:1.

❑ A o lefufa e bile o bogagapa?—1 Bakorintha 13:4, 5.