Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bahumanegi Ba na Le Tsholofelo Efe?

Bahumanegi Ba na Le Tsholofelo Efe?

Bahumanegi Ba na Le Tsholofelo Efe?

GA GO phoso go dira ka natla go itshedisa, fa fela e le gore batho ba ba dirang ka natla jalo ba amogela madi a a siameng. Ela tlhoko dikakgelo tseno tsa mokwadi mongwe wa Baebele: “Ke a itse gore ga go na sepe se se botoka . . . fa e se go ipela le . . . gore motho mongwe le mongwe a je a bo a nwe mme a bone molemo ka ntlha ya tiro yotlhe ya gagwe ya bonatla. Ke mpho ya Modimo.”—Moreri 3:12, 13.

Mme jaaka re setse re bone, thulaganyo ya lefatshe ya ikonomi e batla gore batho ba dire ka natla mme gantsi e ba duela madi a a kwa tlase. Batho ba le bantsi ba nna ba ntse ba humanegile, ba kgaratlha letsatsi le letsatsi. Ka ntlha ya botshelo jo ba bo tshelang, ga ba ke ba ikutlwa ba ‘ipela le go bona se se molemo.’ Khumo ya lefatshe leno e oketsegile thata, mme gongwe mo e ka nnang sephatlo sa batho ga ba nne le seabe sa go itumelele letlepu la teng.

Kafa Modimo a Amegang ka Bahumanegi ka Teng

Mmopi wa batho, e bong Jehofa Modimo, ga a itumelele seemo seno. Jehofa o utlwela bahumanegi botlhoko. Re bala jaana mo Baebeleng: “[Modimo] a ka se lebale selelo sa ba ba bogisiwang.” (Pesalema 9:12) Jehofa ke Modimo yo o amegang ka bahumanegi.

Baebele e bua jaana ka Jehofa: “Yo o tlhokileng lesego, e bong mosimane yo o se nang rre, o ineela mo go wena. Wena o fetogile mothusi wa gagwe.” (Pesalema 10:14) Ela tlhoko kafa temana eno ya Baebele e buang ka teng ka batho ba ba bogisiwang e lebisa go mongwe le mongwe wa bone e le motho ka nosi teng. * Ee, Modimo o leba mongwe le mongwe mme a bo a akanya ka dilo tse a di tlhokang. Mo go ene mongwe le mongwe o botlhokwa mme o tlhoka go tlhokomelwa. Jehofa o laletsa batho ba maemo otlhe a ikonomi go ithuta mo go ene le go nna le kamano le ene.

Sengwe se batho ba se ithutang mo Modimong ke go utlwela batho ba bangwe botlhoko le go amega ka bone. Basupi ba ga Jehofa ba itsaya e le lelapa le legolo la semoya. Ba a anaanelana motho ka nosi—gare ga bone go na le lorato la mmatota la Bokeresete. Morena Jesu Keresete o kile a raya balatedi ba gagwe a re: “Lona lotlhe lo bakaulengwe.” (Mathaio 23:8) Ka jalo, botlhe ba ba leng mo bodumeding jwa boammaaruri ba nna karolo ya bokaulengwe jo bo sa tlhaoleng batho ka ntlha ya khumo. Ba amega ka mongwe le mongwe mme ba kgothatsana ka nako ya mathata.

Baebele e na le melaometheo e e ka fokotsang ditlamorago tse di sa itumediseng tsa khumanego. Dikwalo di bontsha gore Modimo o kgala go kgotlela mmele—jaaka go dirisa motsoko—le go dirisa bojalwa ka tsela e e sa siamang. (Diane 20:1; 2 Bakorintha 7:1) Motho yo o tshelang ka melaometheo eo o somarela madi a a neng a ka bo a a senya ka mekgwa e e kotsi. O tila bolwetse jo bo bakiwang ke go goga le botagwa le ditshenyegelo tse di kwa godimo tsa go duelela kalafi morago ga foo. Baebele gape e ruta batho go gana mokgwa wa go rata dikhumo le bopelotshetlha. (Mareko 4:19; Baefeso 5:3) Ka go tlotla Lefoko la Modimo mo dilong tseno, motho o tila go senya madi a gagwe ka go betšha.

Baebele e na le melaometheo e re ka tshelang ka yone letsatsi le letsatsi e e thusang tota le fa re le mo khumanegong e kgolo. Ela tlhoko boitemogelo jo bo latelang:

Mo nageng nngwe e go tlhoka tiro go anameng thata, mosadi mongwe yo o berekang kwa madirelong o ne a itsenya mo kotsing ya go latlhegelwa ke tiro ya gagwe ka go ikopa go ya kwa pokanong ya Bokeresete. Go ne go le motlhofo gore mookamedi wa gagwe a mo kobe. Mme mo boemong jwa seo, mookamedi wa gagwe o ne a gakgamatsa ene le badiri ba bangwe ka go mo dumelela go tsamaya. Mo godimo ga moo, mookamedi wa gagwe o ne a mmolelela gore o batla gore a tswelele pele a bereka mo madirelong a gagwe mme a mo akgola ka go re ke “mmereki yo o tlhomang sekao.” Ka ntlha yang?

Modiri yoo, yo e leng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a tshela go ya ka melaometheo ya Baebele. E re ka a ne a batla go ‘itshwara ka boikanyegi mo dilong tsotlhe,’ o ne a sa bue maaka le go utswa mme ka tsela eo, a itirela leina le lentle la go nna motho yo o ikanyegang. (Bahebera 13:18) Ka go latela molaometheo o o tlhotlheleditsweng o o mo go Bakolosa 3:22, 23, o ne a dira tiro ya gagwe ka “moya otlhe.” Seno se kaya gore o ne a ikobela mothapi wa gagwe mme a bereka ka natla letsatsi lengwe le lengwe.

Gone ke boammaaruri gore re sa ntse re tshela mo tlase ga thulaganyo ya ikonomi e e nang le bopelotshetlha e mo go yone selo se se botlhokwa fela e leng go bona madi a a oketsegileng. Bangwe ba ba tlotlang melaometheo ya Baebele thata ba ka nna ba bo ba sa ntse ba kgaratlhela go bona dijo, diaparo le bonno. Mme batho ba ba ntseng jalo ba na le segakolodi se se phepa fa pele ga Mmopi wa bone e bile ba lebeletse pele ba na le tsholofelo ya go bona dinako tse di botoka tse di tla tlisiwang ke Jehofa, “Modimo yo o nayang tsholofelo.”—Baroma 15:13.

Tharabololo ya Khumanego e e Tla Nnelang Ruri

Baebele e bontsha kafa Jehofa a ilang batho ba ba rotloetsang kgatelelo e e sa tshwanelang mo bathong ba ba humanegileng. Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng le bolela jaana: “A bo go latlhega ba ba tlhomang melao e e gobatsang le ba ba kwalang ka metlha, mme ba kwala matshwenyego fela, gore ba kgoromeletse koo ba maemo a a kwa tlase mo kgetsing ya molao le go tsaya tshiamiso ka thata mo go ba ba bogisiwang . . . , gore batlholagadi ba nne thopo ya bone, le gore ba gape le bone basimane ba ba se nang borraabone!” (Isaia 10:1, 2) Le fa batho ba ba laolang tsamaiso ya ikonomi ba ka tswa ba itlhokomolosa batho ba ba humanegileng ka boomo kgotsa ba dira jalo ka go sa itse, ke karolo ya tsamaiso e e gatelelang e Modimo Mothatayotlhe a tla e emisetsang ka e nngwe.

Moporofeti Isaia o botsa bagateledi ba ba ntseng jalo potso eno e e masisi: “Lo tla dira eng mo letsatsing le lo elwang tlhoko ka lone le ka nako ya tshenyo, fa e tla e tswa kgakala?” (Isaia 10:3) Jehofa o tla fedisa batho ba ba ntseng jalo ka go senya tsamaiso e e se nang tshiamiso e ba e tshegetsang.

Mme maikaelelo a Modimo a akaretsa se se fetang go tsaya kgato fela kgatlhanong le bagateledi. O tla naya batho ba ba dipelo di phepa botshelo jo bo se nang tshiamololo. Ka puso ya maemo a a kwa godimo, o tla dira gore batho ba tshele botshelo jo bo kgotsofatsang, jo bo itumetseng jo go se nang khumanego mo go jone. Gore o kgone go atlega ka nako eo, o tla bo o sa tlhoke go nna le madi a mantsi, go itse batho ba ba tshwanetseng kgotsa baitse ba dikgwebo. Re ka tlhomamisa jang gore diphetogo tse di ntseng jalo di tla direga tota?

Motho yo Jehofa a mo tlhomileng go busa batho, e bong Jesu Keresete, o ne a bua ka isagwe e ntle eno a re ke ‘popo e ntšha.’ (Mathaio 19:28) Mafoko ano a na le kgopolo ya go ntšhafatsa, go simolola botshelo jo bosha. Ka go dirisa mafoko a a reng ‘popo e ntšha,’ Jesu o ne a gatelela gore Jehofa o tla naya batho ba ba siameng tshono ya go tshela botshelo jwa bone ka tsela e Mmopi wa rona yo o lorato a batlang re tshela ka yone. Gare ga melemo e mentsi e a tla e tlisetsang batho ka nako eo ke go fedisa mathata a madi a a gatelelang batho ba le bantsi.

Baebele e bolelela pele jaana ka puso ya ga Jesu Keresete: “Gonne o tla golola mohumanegi yo o goang a kopa thuso, le yo o bogisiwang le ope fela yo o se nang mothusi. O tla utlwela motho wa maemo a a kwa tlase le yo o humanegileng botlhoko, mme meya ya ba ba humanegileng o tla e boloka. O tla golola moya wa bone mo kgatelelong le mo tshiamololong, mme madi a bone a tla nna tlhwatlhwakgolo mo matlhong a gagwe.”—Pesalema 72:12-14.

O ka kgona go bona isagwe e ntle eno. Mme gore o tle o tshele ka tsela e Modimo a batlang ka yone mo lefatsheng le lesha leo, go botlhokwa gore o ithute pele gore go rata ga Modimo wa boammaaruri ke eng mme o bo o go dira. Dira ditshwetso tse di siameng tse di theilweng mo kitsong ya Lefoko la Modimo. Nna o lebeletse isagwe e ntle e Modimo a e solofetsang batho botlhe. O ka se ka wa swabisiwa. Lefoko la Modimo le solofetsa jaana: “Mohumanegi ga a na go lebalelwa ruri, le fa e le tsholofelo ya ba ba pelonolo ga e na go nyelela.”—Pesalema 9:18.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Ditemana tse dingwe tse pedi tsa Baebele tse di bontshang kafa Modimo a amegang ka batho ba ba bogang ka teng ke Pesalema 35:10 le Pesalema 113:7.

[Mafoko a a mo go tsebe 9]

O ka kgona go nna le isagwe e itumedisang

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 10]

A ke Fudugele Kwa Lefelong le Maemo a Leng Botoka Gone?

Lefoko la Modimo ga le bolelele batho gore ba tshwanetse go nna le go bereka kae. Le fa go ntse jalo, melaometheo ya Baebele e ka thusa motho go itse gore a go tla bo go le botlhale go fudugela kwa nageng e nngwe ka ntlha ya mabaka a ikonomi. Ela tlhoko dipotso tse di latelang le melaometheo ya Dikwalo e e thusang.

1. A ke ngokiwa ke magatwe a go se nang bosupi jwa gone? Diane 14:15 ya re: “Ope fela yo o se nang maitemogelo o dumela lefoko lengwe le lengwe, mme yo o botlhale o akanyetsa dikgato tsa gagwe.” Monna mongwe yo o tswang kwa Yuropa Botlhaba o ne a bolela jaana fa a sena go fudugela kwa nageng e e humileng: “Ke ne ka utlwa gore madi ke ntletsentletse mono. Mme ke sa ntse ke a batla le jaanong.”

2. A ke na le pono e e siameng malebana le dilo tse ba lelapa la me ba di tlhokang? A ke tlhakanya dilo tse ba di tlhokang le go batla dilo fela tse di sa tlhokegeng? Ditlhogo tsa malapa di na le boikarabelo jwa go tlhokomela basadi ba bone le bana ba bone ka dilo tse di bonalang. (1 Timotheo 5:8) Mme borre gape ba na le boikarabelo mo pele ga Modimo jwa go ruta bana ba bone boitshwaro le dilo tsa semoya. (Duteronome 6:6, 7; Baefeso 6:4) Rre a ka nna a bo a kgona go tlhokomela ba lelapa la gagwe thata ka dilo tse di bonalang fa a fudugela go sele. Mme a ka se ka a kgona go thapisa bana ba gagwe mo boitshwarong le mo semoyeng fa a sa ba bone ka dibeke, dikgwedi kgotsa ka dingwaga di le dintsi.

3. A ke lemoga gore go nna nako e telele ke se le mosadi wa me go re tsenya mo kotsing ya go dira boaka roobabedi? Lefoko la Modimo le tlhagisa banyalani gore mongwe le mongwe a akanye ka ditlhokego tsa tlhakanelodikobo tsa yo mongwe.—1 Bakorintha 7:5.

4. A ke tlhaloganya gore go tsena kwa nageng e nngwe ka tsela e e seng kafa molaong go ka dira gore ke nne le mathata a a masisi le balaodi? Bakeresete ba boammaaruri ba patelesega go ikobela melao ya naga.—Baroma 13:1-7.

[Ditshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Melaometheo ya Baebele e a thusa le fa o ka tswa o humile kgotsa o humanegile

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 7]

Top: © Trygve Bolstad/Panos Pictures