Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dinako Tsa Katlego—Mo go Bomang?

Dinako Tsa Katlego—Mo go Bomang?

Dinako Tsa Katlego—Mo go Bomang?

RE TSHELA mo lefatsheng le le humileng. A go thata gore o dumalane le seo? Tota e bile, dinaga dingwe ga di kgone go dirisa madi otlhe a di nang le one. Go fopholediwa gore madi a dilo tsotlhe tse di dirilweng mo lefatsheng ka 2005 a ne a feta diranta di le dibilione di le 424. Fa madi a mantsi ao a ne a ka anamisediwa mo baaging botlhe ba lefatshe a ne a tla fitlha go madi a kana ka R63 600, a motho mongwe le mongwe yo o tshelang gone jaanong a neng a ka a amogela. Mme a ntse a oketsega.

Kgang ya gore lefatshe le humile e gakgamatsa tota. Go ya ka kgatiso nngwe ya bosheng ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, khumo ya batho ba bararo ba ba humileng go gaisa mo lefatsheng e gaisa madi a dilo tsotlhe tse di dirwang mo dinageng tse 48 tse di humanegileng thata di kopane. UN Development Programme e bolela gore batho ba le dibilione di le 2,5 ba leka go tshela ka madinyana a kwa tlase thata ka letsatsi. Dimilionemilione tsa batho di bolawa ke tlala mme ga ba kgone go bona metsi a a phepa a go nwa.

Kwa United States, baithuti ba tikologo ba ithuta ka setlhopha se ba se bitsang ba re ke “ba ba batlileng ba humanega.” Kgonego ya gore batho bano ba humanege e kgolo thata. Batho ba ba fetang dimilione di le 50 ba iphitlhela ba le mo seemong seo le fa gone naga ya bone e humile thata.

Go tla jang gore madi a mantsintsi a bo a sa ntse a tsena mo mabolokelong le mo dibankeng fa dimilione tsa batho ba sa ntse ba tshela mo tshotlegong? Ke ka ntlha yang fa go bonala fa batho ba le bantsi ba na le tshono e nnye fela ya go ka solegelwa molemo ke khumo ya lefatshe e e ntseng e tswelela e oketsega?

[Mafoko a a mo go tsebe 3]

Batho ba bararo ba ba humileng go gaisa mo lefatsheng ba humile go gaisa dinaga tse 48 tse di humanegileng thata di kopane

[Setshwantsho mo go tsebe 2, 3]

Babereki ba bana ba ba berekang mo feketering eno ya ditena ba amogela madi a kana ka R3,50 ka letsatsi

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

© Fernando Moleres/Panos Pictures

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

© Giacomo Pirozzi/Panos Pictures