Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

▪ Maatla a motlakase o o tlogetsweng o sa dirisiwe mo dilwaneng tsa motlakase o dira diperesente di le 5 tsa motlakase o o dirisiwang ke lelapa le le tlwaelegileng la kwa Canada.—NATIONAL POST, CANADA.

▪ Patlisiso nngwe e ile ya bontsha gore batho ba kwa Russia ba dumela gore dikgang tsa botlhokwa tse di tshwanetseng go rarabololwa ke puso di akaretsa twantsho “kgatlhanong le boferefere” le “go fokotsa ditlhwatlhwa tse di kwa godimo.”—PRAVDA, RUSSIA.

▪ Go ya ka patlisiso nngwe, diperesente di ka nna 26,4 tsa baithuti ba mophato wa botlhano le wa borataro kwa Taiwan “ba ne ba nna le dikgopolo tsa go ipolaya.”—THE CHINA POST, TAIWAN.

▪ “Le fa tekenoloji e thusitse go fokotsa diura tsa tiro mo lekgolong la dingwaga le le fetileng ka diperesente di le 38, badiri ba sa ntse ba sena nako ya boitapoloso, ka ntlha ya mesepele e meleele ya go ya tirong le go boela magaeng, le ka go bo go na le bagolo ba ba oketsegileng ba ba tsenang sekolo mme go na le ditiro tse di oketsegileng tsa fa gae.”—FORBES, UNITED STATES.

▪ Go tswa ga digase tse di mogote mo dinageng tse di tlhabologileng go tlhatlogile ka diperesente di le 1,6 magareng ga 2003 le 2004, mme go fitlhile mo “seemong se se kwa godimo go gaisa go feta mo dingwageng di le lesome.”—REUTERS, OSLO, NORWAY.

Mathata a Kwa China a Metsi

China e amilwe thata ke “kgotlelego ya metsi le tlhokego ya metsi a a phepa.” Ditoropo di le dintsi di na le mafelo a go phepafatsa metsi a a leswe, mme di tlhoka matlole a go thusa gore mafelo ano a dire. The Wall Street Journal e bega gore: “Bontsi jwa dinoka, matsha le dikanale tsa naga eno di kgotletswe ke metsi a a leswe a a tswang mo madirelong le mo magaeng le ke dikhemikale tse di bolayang ditshenekegi kwa dipolaseng. Mo godimo ga moo batho ba ka nna dimilione di le 300 ga ba na metsi a a phepa a a nowang.” Makasine ono wa Journal, wa re “maemo a maswe,” mme a ntse a etegela.

“Le bo Mang? A lo Basupi ba ga Jehofa?”

Ngwaga o o fetileng mo mabopong a Setlhaketlhake sa Elba kwa Italy, bajanala bangwe ba ne ba atamelwa ke basha ba Makatoliki ba ba neng ba amogetse taletso ya mobishopo wa kgaolo ya Massa Marittima-Piombino. O ne a ba boleletse gore fa ba batla go nna Bakeresete le go tswelela e le Bakeresete, ba tshwanetse go bolela tumelo ya bone phatlalatsa. Seno se ne sa gakgamatsa bajanala. Go ya ka lokwalodikgang lwa Il Tempo, karabo e gantsi basha bano ba neng ba e newa e ne e le, “Le bo mang? A lo Basupi ba ga Jehofa?”

Mmino o o Amanang le Tlhakanelodikobo

Patlisiso nngwe e e begilweng ke Associated Press ya re, basha ba ba reetsang mmino o o nang le “matlhapa a tlhakanelodikobo go bonala ba simolola go tlhakanela dikobo ka bonako go na le ba ba reetsang dipina tse dingwe.” Pego eno e tswelela jaana: “Dipina tse di tlhalosang banna jaaka ‘batho ba ba nang le keletso e kgolo ya tlhakanelodikobo,’ basadi jaaka didirisiwa tsa tlhakanelodikobo le mafoko a a tlhalosang ditiro tsa tlhakanelodikobo gantsi a gakatsa keletso ya tlhakanelodikobo ka bonako go na le tse mafoko a tsone a sa tlhaloseng tlhakanelodikobo ka tlhamalalo mme botsalano e nna jo bo tshwarelelang.” E tlhalosa gore “batsadi, barutabana le basha ba tshwanetse go sekaseka ka kelotlhoko mafoko a a mo dipineng.”

Batho ba ba Senyang Madi

Ka ngwaga wa 2004, baagi ba Australia ba ne ba latlha dijo tse di jang madi a a kana ka didolara di le dibilione di le 5,3 (diranta di le dibilione di le 29,5), go bega jalo The Australia Institute, mokgatlho o o dirang dipatlisiso. Madi ano a feta madi a Ba-Australia ba neng ba a ntsha go thusa dinaga tsa moseja ka 2003 ka makgetlho a le 13. Ka kakaretso, palogotlhe ya madi a Ba-Australia ba a senyang mo dilwaneng tse ba di rekang le mo ditirelong tse gantsi ba sa di diriseng gotlhelele kgotsa ba di dirisang ka sewelo fela a fitlha go didolara di le dibilione di le 10,5 (diranta di le dibilione di le 58,4) ka ngwaga—e leng madi a a fetang a naga eo e a dirisang mo diyunibesithing le mo ditseleng.