Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng Fa go Na le Bahumanegi ba Bantsi Jaana mo Lefatsheng le le Humileng?

Ke Eng Fa go Na le Bahumanegi ba Bantsi Jaana mo Lefatsheng le le Humileng?

Ke Eng Fa go Na le Bahumanegi ba Bantsi Jaana mo Lefatsheng le le Humileng?

JESU KERESETE o ne a bolela jaana mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E: “Lona lo na le bahumanegi ka metlha.” (Mathaio 26:11) Go tloga ka motlha wa ga Jesu go fitlha gompieno, go sa ntse go na le batho ba bantsi ba ba humanegileng. Mme ke eng fa batho ba le bantsi ba humanegile mo lefatsheng le le humileng thata jaana?

Batho ba bangwe ba akanya gore batho ba humanega ka go bo ba dira ditshwetso tse di sa siamang. Go ka tswa go le boammaaruri mo mabakeng mangwe. Batho ba ba batlang go kgotsofatsa dikeletso tsa bone tsa bojalwa, diokobatsi, le tsa go betšha ba ka nna ba latlhegelwa ke dithoto tsa bone motlhofo. Mme ga se gore batho botlhe ba ba humanegileng ba ile ba humanega ka go bo ba dirile ditshwetso tse di sa siamang.

Batho ba le bantsi ba ile ba latlhegelwa ke ditiro tsa bone ka ntlha ya diphetogo mo madirelong. Batho ba le bantsi ba ba dirang ba ile ba bona madi a ba a bolokileng a fela ka ntlha ya ditlhwatlhwa tse di kwa godimo thata tsa kalafi. Mme bontsi jwa batho ba ba makgolokgolo ba ba humanegileng mo dinageng tse di tlhabologang, ga se molato wa bone go bo ba humanegile. Gantsi ga go na sepe se batho ba ba humanegileng ba ka se dirang go fetola khumanego ya bone, jaaka dintlha tse di fa tlase di bontsha.

Go Ithuta Ka se Se Diragetseng mo Nakong e e Fetileng

Mo masimologong a dingwaga tsa bo1930, lefatshe le ne le tlhasetswe ke masetlapelo a tsa madi, ao moragonyana go neng ga twe ke Kwelotlase e Kgolo ya Ikonomi. Mo nageng nngwe batho ba le dimilione ba ile ba latlhegelwa ke ditiro tsa bone mme malapa a le makgolokgolo a ile a latlhegelwa ke magae a one. Mme le fa batho ba le bantsi ba ne ba bolawa ke tlala, balemirui ba ne ba tshololela mashi a le mantsintsi mo teng ga mesele mme badiredi bagolo ba puso ba ne ba pateletsa balemirui go bolaya dimilione tsa diphologolo tsa dipolasi.

Ke ka ntlha yang fa go ne go senngwa jalo? Melao ya ikonomi e ne e laela gore dilo tsa polasi di rekisiwe ka madi a a kwa godimo a a tla dirang gore go nne le poelo. Mashi, nama le dijo tsa ditlhaka di botlhokwa thata mo bathong ba ba humanegileng. Mme fa dijo tseo di ne di sa kgone go rekisiwa ka madi a a kwa godimo go bona poelo, go ne go tsewa gore ga di na mosola ope mme tsa tshwanelwa ke go latlhiwa.

Go ile ga nna le dikhuduego ka ntlha ya go tlhoka dijo mo metseng e mentsi. Baagi bangwe, e re ka ba ne ba sa kgone go rekela malapa a bone dijo, ba ne ba tsaya se ba se tlhokang ba supile barekisi ka dithunya. Ba bangwe ba ne ba bolawa ke tlala. Dilo tseo tsotlhe di ne tsa direga kwa United States. Fa Kwelotlase e Kgolo ya Ikonomi e simologa, thulaganyo ya naga eo e e maatla ya tsa madi e ne e sa kgone go thusa batho ba ba nang le lotseno lo lo kwa tlase thata. Go na le gore thulaganyo ya ikonomi e akanye pele ka go thusa baagi botlhe ka dijo, bonno le tiro, e ne ya kgaphela ditlhokego tseo kwa thoko jaaka tse di seng botlhokwa fa di bapisiwa le kgang ya go dira madi.

Maemo a Ikonomi Gompieno

Ikonomi ya lefatshe ile ya falola Kwelotlase e Kgolo ya Ikonomi, mme gone jaanong batho ba le bantsi ba bonala ba humile go feta e bile ba babalesegile thata mo go tsa madi go gaisa pele. Le fa go ntse jalo, le fa khumo e le ntletsentletse, gantsi batho ba ba humanegileng ga ba na ditshono tse dintsi tsa go ka tokafatsa seemo sa bone sa botshelo. Mo dinageng dingwe, dipego tsa leuba le khumanego di tlwaelegile thata jaana mo e leng gore batho ba le bantsi ba lapile ke go bala ka tsone. Le fa go ntse jalo, fa batshabi ba bolawa ke tlala ka ntlha ya ntwa, fa dijo di bola mo mabenkeleng ka ntlha ya dipolotiki, le fa dikgwebo di tlhatlosa ditlhwatlhwa tsa dilo tse batho ba di tlhokang ka tsela e e dirang gore bahumanegi ba se ka ba kgona go di duelela, re bona ditlamorago tsa tsamaiso e e sa kgoneng go tlhokomela batho ba yone ba ba tlhokang. Thulaganyo ya lefatshe ya ikonomi e tlhokomologa dimilione tsa batho ba ba humanegileng.

Boammaaruri ke gore, ga go na thulaganyo epe ya ikonomi e e tlhomilweng ke batho e e ka kgonang go kgotsofatsa batho ka dilo tsotlhe tse ba di tlhokang. Makgolo a le 30 a dingwaga a a fetileng, motho mongwe yo o neng a sekaseka botshelo ka kelotlhoko o ne a konela jaana: “Ke ne ka boa gore ke tle ke bone ditiro tsotlhe tsa kgatelelo tse di dirwang kafa tlase ga letsatsi, mme bona! dikeledi tsa ba ba gatelelwang, mme ba ne ba se na mogomotsi; mme mo letlhakoreng la bagateledi ba bone go ne go na le maatla, mo ba neng ba se na mogomotsi.” (Moreri 4:1) Mo nakong eno ya khumo e ntsi, ditiro tsa kgatelelo mo go tsa madi di sa ntse di le dintsi.

Gone jaanong go na le dimilione tse di se nang tshono ya go ka tokafatsa botshelo jwa bone mo seemong sa khumanego e kgolo e ba leng mo go yone. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba ile ba ithuta go itshokela mathata a bone a ikonomi ka katlego. Mme ba lebeletse pele go bona botshelo jo bo botoka mo isagweng.

[Lebokoso mo go tsebe 5]

Go Kgaratlhela go Tshela

Mo bukeng ya gagwe ya The Working Poor—Invisible in America, mokwadi le mmegadikgang e bong David K. Shipler o re thusa go bona seemo sa batho bangwe kwa United States ba ba lebaneng le khumanego ka go bolela jaana: “Folete e e senyegileng e ka gakatsa asema ya ngwana, e e ka dirang gore go bidiwe ambulense, e e tla bakang gore sekoloto sa kalafi se se ka sa kgona go duelwa, e e senyang rekoto ya go tsaya sekoloto, e e dirang gore selekanyo sa morokotso o o duelwang fa o adima madi a go reka koloi se tlhatloge, mme seo se pateletsa motho go reka koloi e o ka se kang wa e ikanya e e setseng e dirisitswe, mme seo se dira gore mmè yo o rekang koloi e e ntseng jalo a nne mo kotsing ya go sa fitlhe ka nako kwa tirong go bo go felela ka gore a se ka a kgona go tlhatlosediwa maemo le go amogela madi a a botoka, mme seo se feleletse se dira gore a se ka a kgona go tswa mo foleteng e e senyegileng.” Ngwana yoo le mmagwe ba nna ba ntse ba lebane le masetlapelo le fa gone ba nna mo nageng e e humileng le go gaisa mo lefatsheng.

[Lebokoso mo go tsebe 6]

A go Lekane go Nna Fela le Maitlhomo a a Siameng?

Ka November 1993, mo teng ga moago mongwe wa puso kwa Washington, D.C., badiredi ba bogolo bangwe ba ne ba leka go rarabolola bothata bongwe jo bo masisi. Ka didolara tse di dimilione tse di neng di le teng, badiredi bagolo bao ba ne ba batla go thusa batho ba ba se nang magae kwa United States. Fa ba ntse ba buisana jalo, mapodise, batimamolelo, badiredi ba thuso ya potlako mo go tsa kalafi ba ne ba phuthega kwa boemelabeseng jo bo ka kwa ga tsela. Badiredi ba ambulense ba ne ba rwala setopo sa mosadi yo o neng a se na kwa a nnang teng. O ne a swetse fa pele ga Department of Housing and Urban Development (HUD), ya kwa United States, lekgotla la puso le le thusang batho go bona lefelo le ba ka yang kwa go lone.

Mmegadikgang mongwe wa The New York Times moragonyana o ne a bua le modiri mongwe kwa HUD, yo o neng a akgela ka badiredi ba bantsi ba thuso ya potlako le dikoloi tse dintsi tse di neng di le teng mo lefelong le mosadi yoo a fitlhetsweng teng a re: “Go a gakgamatsa go bona kafa go nang le thuso e ntsi ka teng fa motho a sena go swa—mme o sa kgone go bona epe fa o sa ntse o tshela.”

[Setshwantsho mo go tsebe 4, 5]

Mmè mongwe wa mofaladi le bana ba gagwe ba bararo ka nako ya Kwelotlase e Kgolo ya Ikonomi ka dingwaga tsa bo1930

[Motswedi wa Setshwantsho]

Dorothea Lange, FSA Collection, Library of Congress

[Setshwantsho mo go tsebe 6, 7]

Mo madirelong a a tshwanang le ano a go berekiwang diura tse dintsi ka madi a a kwa tlase, madi a motho a a amogelang ka kgwedi ke R100 mme badiri ba ka patelediwa go dira diura di le 70 ka beke

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Fernando Moleres/Panos Pictures