Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kopana le Batho ba Kwa East Timor

Kopana le Batho ba Kwa East Timor

Kopana le Batho ba Kwa East Timor

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA AUSTRALIA

EAST TIMOR, kgotsa Timor-Leste, ke naga e nnye e e ka fa halofong ya karolo ya botlhaba jwa setlhaketlhake sa Timor. Lefoko la Se-Malay le “Timor” e tswang mo go lone le la Sepotokisi le e leng Leste ka bobedi a kaya “botlhaba.” Batho ba ba buang Seesemane gantsi ba bitsa naga eno East Timor. Leina leno le a tshwanela, ka gonne setlhaketlhake seno se kwa botlhaba jo bo kgakala jwa ditlhaketlhake tsa Indonesia.

East Timor e ka nna disekweremetara di le 14,800 ka boatlhamo, seno se dira gore e nne kgolonyana go feta toropo ya Connecticut, ya U.S.A., e e leng nnye go sekae mo go Netherlands. Le fa gone se le sennye, setlhaketlhake seno se na le dijalo tse di fitlhelwang kwa Asia le Australia. Dikgwa tse di kitlaneng tsa boboatsatsi di gola sentle fa thoko ga ditlhatshana tsa eucalyptus tse di omeletseng le naga e e omeletseng. Diphologolo tsa naga le tsone ke tsa mefuta e e kopakopaneng ya kwa Australia le Asia. Ka sekai, diphologolo tsa losika loo-kangaroo le dinonyane di nna mmogo le dikgabo tsa kwa Asia le dikwena tse di nnang mo metsing a a letswai a boboatsatsi. Mme gone, go tweng ka batho ba kwa East Timor? A o ka rata go kopana le bone?

Go Gopola Metlha ya Bogologolo ya Bokolone

Go ka direga gore batsamaisi ba dikepe ba Bapotokisi ba fitlhile la ntlha kwa East Timor mo e ka nnang ka 1514. Ka nako eo, dikgwa tse dintsi tsa mosantalane di ne di apesitse dithabana. Legong la mosantalane e ne e le la tlhwatlhwa e e kwa godimo, mme ditlhare tseno fela di dirile gore Bapotokisi ba simolole kgwebo ya tsone. Le Kereke ya Katoliki e ne ya nna le kgatlhego mo lefelong leno mme e ne ya batla go romela barongwa go ya go sokolola batho ba koo. Ka ntlha ya go tlhotlhelediwa ke mabaka ano a mabedi, Bapotokisi ba ne ba simolola go dira setlhaketlhake seno kolone ya bone ka 1556.

Le fa go ntse jalo, East Timor e ne ya nna kolone e e kwa tlhoko e bile e le e e tlhokomologilweng. Fa Ba-Dutch ba simolola go laola karolo e e kafa bophirima jwa setlhaketlhake seno ka 1656, Bapotokisi ba ne ba ya kwa karolong e e kwa botlhaba jwa setlhaketlhake seno. Kgabagare, morago ga dingwaga di le 400 tsa bokolone, Bapotokisi ba ne ba ikgogela gotlhelele kwa morago ka 1975.

Ka one ngwaga oo, ntwa ya selegae e ne ya runya. Mo dingwageng di le 24 tse di neng tsa latela, mo e ka nnang batho ba ba 200 000 ba kwa East Timor—mo e ka nnang nngwe tharong ya baagi—e ne ya bolawa mo ntweng. Ntwa ya matlho mahibidu e ne ya aparela naga yotlhe ka 1999, mme ya senya diperesente di ka nna 85 tsa magae le dilo dingwe tsa motheo. Makgolokgolo a diketekete a batho a ne a tshabela kwa dithabeng. Kwa bofelong lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le ne la tsereganya ka go emisa tshenyo le go dira gore maemo a boele setlwaeding mo nageng eo.

Fa e sa le ka nako eo, batho ba kwa East Timor ba ntse ba semeletse go tlhabolola matshelo a bone a a neng a senyegile. Ka May 2002, East Timor, kgotsa Democratic Republic of Timor-Leste, e ne ya itsiwe semmuso mme ya nna naga e ntšha.

Lefelo le Batho ba Ditso tse di Farologaneng ba Kopanang mo go Lone

Makgolokgolo a dingwaga a kgwebo, go fuduga ga batho ba ba tswang kwa Asia le Australia, le go dirwa kolone ke Yuropa go dirile gore East Timor e nne le mefuta e e farologaneng ya ditso le dipuo. Le fa Sepotokisi e le yone puo e e dirisiwang mo kgwebong le mo pusong, diperesente di le 80 tsa baagi di bua puo ya semmuso e e neng e dirisiwa ke mongwe le mongwe e e bidiwang Se-Tetum, e e tletseng ka mafoko a Sepotokisi. Ditlhopha tse di farologaneng tsa ditso go ralala naga eno di bua bonnye mo e ka nnang dipuo di le 22 tse dingwe.

Mo metseselegaeng dikgosi di sa ntse di na le seabe se se botlhokwa mo matshelong a batho ba kwa metseng. Di rulaganya meletlo, go abiwa ga masimo, le dikgang tse dingwe tsa mo motseng, fa kgosana e e tlhophilweng yone e okamela tsamaiso ya motse.

Bodumedi jwa kwa East Timor bo tswakane le kobamelo ya dilo tsa tlhago le Bokatoliki jo bo tlileng ka batswakwa. Kobamelo ya bagologolwane, boloi, le tirisabadimo di laola karolo nngwe le nngwe ya botshelo jwa batho ba koo. Go tlwaelegile gore batho ba ba yang kerekeng ka metlha ba ye go bona matan do’ok, kgotsa ngaka ya setso, gore a bolelele pele isagwe, a alafe malwetse, kgotsa gore a thibele meya e e bosula.

Batho ba ba Ratang go Itse le go Amogela Baeng

Batho ba kwa East Timor ka tlhago fela ke batho ba ba itumetseng, ba ba ratang go itse, gape ke batho ba ba ratang go amogela baeti. Moporesidente Kay Rala Xanana Gusmão a re: “Re rata go ithuta, go bua, go kopana le batho ba bangwe tota le e leng le batho ba re sa ba itseng.”

Baeti ba ba lalediwang go tla go ja le lelapa la kwa East Timor gantsi ba tla simolola go ja pele le tlhogo ya lelapa e leng rre. Mosadi wa gagwe le bana bone ba tshola dijo mme ba bo ba ja moragonyana maitseboa. Ke go bontsha maitseo go simolola ka go ja dijo tse dinnye pele. Mme morago moeti a ka nna a bontsha moapei tlotlo ka go kopa gape.

Bontsi jwa dijo tsa kwa East Timor di akaretsa raese, mmidi, kgotsa cassava, go akaretsa le merogo ya matlhare a matala le merogo e mengwe. Nngwe ya dijo tse di kgethegileng tsa East Timor, ke saboko e leng motswako o monate wa ditlhapi tsa disaradine, sopo e e dirilweng ka leungo la tamarind, le ditswaiso, dilo tsotlhe tseno di phuthelwa mo letlhareng la mokolana. Le fa go ntse jalo, nama yone ke sejo se se tlhwatlhwakgolo.

Go Tletse le Bana ba ba Modumo

East Timor ga se naga ya setšhaba se se ntšha fela mme gape ke naga ya batho ba basha. Moo e batlang e le halofo ya baagi ba naga eno ke bana, mme malapa a le mantsi a na le bana ba le 10 le 12 ba ba nnang kwa gae.

Fa ba ya kwa sekolong, bana bano gantsi ba tsamaya ba tshwarane ka matsogo—basimane le basimane mme basetsana le basetsana—ba tsamaya ba ntse ba tshega le go opela. Thuto ya bone ya kwa sekolong ga se thuto ya go nna le kitso fela mme gape e akaretsa le go ruta ngwana mokgwa o o siameng wa go tshela le boitshwaro jo bo siameng.

Ngwana wa kwa East Timor ga a nke a tshameka a le esi kgotsa a didimetse fela—bana botlhe ba ba gaufi ba kopana mmogo go tla go tshameka! Motshameko o ba o ratang thata ke dudu karreta, kgotsa go kgarametsa koloi. Ba dirisa reme ya baesekele jaaka koloi. Ba tla be ba taboga le go tshega, ba ntse ba kgarametsa reme eno go fologela le mmila ba e laola ka kota fa ba ntse ba taboga fa morago ga yone.

Le fa go ntse jalo, ga se gore bana ba kwa East Timor ba itse go tshameka fela. Ka sekai, ba ka abelwa gore ba sile mmidi, ba dirisa tshipi e e boima ya go sila. Le fa go ntse jalo, ba nyenya ka boitumelo fa ba ntse ba dira tiro eno, ba bonala ba sa lemoge ntlha ya gore ba tsholetswe mo go nngwe ya dinaga tse di lesome tse di humanegileng go gaisa tsotlhe mo lefatsheng.

Mathata a Setšhaba se Fetileng mo go One

Lehuma le le tseneletseng le dira gore botshelo bo nne jo bo sa tlhomamang. Diperesente di le 40 tsa baagi di tshela ka madi a a kwa tlase ga didolara di le 1,50 (R10.50) ka letsatsi—e leng madi a mannye a a tlhokegang go reka dijo le dilwana tse di botlhokwa tsa mo ntlong. Dilo tsa motheo ga di a lekana. Pego nngwe e e tswang kwa pusong e bega jaana: “Mo nageng yotlhe, batho ba le bararo mo go ba le banè ga ba na motlakase, ba le bararo mo go ba le batlhano ga ba na tsamaiso ya leswe e e bolokesegileng mme diperesente tse dingwe tsone ga di na metsi a a phepa a go nowa.”

Ke mo maemong ano mathata a boitekanelo a nnang mantsi. Phepelotlase, malaria, thibii, le malwetse a mangwe a fokotsa selekanyo sa go tshela ga batho go nna dingwaga tse 50. Mo e ka nnang ngwana a le 1 mo go ba le 10 o swa pele a fitlha go dingwaga tse tlhano. Ka ngwaga wa 2004, dingaka tse di kafa tlase ga di le 50 di ne tsa thusa baagi ba ba lekanyediwang go 800 000.

Dipuso tse dintsi tsa dinaga tse dingwe di dirisana le lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng go thusa go aga sesha naga ya East Timor. Oli e ntsi le masalela a gase e e tswang kwa Lewatleng la Timor di naya tsholofelo ya go ka tlhabolola seemo se se kwa tlase sa ikonomi. Le fa go ntse jalo, dilo tsa botlhokwa kwa East Timor ke batho ba teng ba ba kgonang go fetofetoga le maemo e bile ba le boikokobetso. Mosadi mongwe wa kwa nageng eno o ne a bolelela Tsogang! jaana: “Re ka tswa re humanegile, mme gone ga re a hutsafala!”

“Dikgang Tse di Molemo Tsa Sengwe se se Botoka”

Mo dingwageng tsa bosheng jaana Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba isetsa baagi ba kwa East Timor “dikgang tse di molemo tsa sengwe se se botoka.” (Isaia 52:7; Baroma 10:14, 15) Ka 2005 phuthego nngwe ya Basupi mo nageng eno e dirisitse diura di ka nna 30 000 e bolelela ba bangwe ka ditsholofetso tse di molemo tsa Baebele tsa lefatshe la paradaise le le tlang.—Pesalema 37:10, 11; 2 Petere 3:13.

Go ithuta boammaaruri jwa Baebele go golotse baagi bangwe mo jokong e e gatelelang ya tirisabadimo. Ka sekai, Jacob monna yo o nang le lelapa yo o nang le bana ba le batlhano, o ne a tseneletse thata mo ditlwaelong tsa tirisabadimo. O ne gangwe le gape a ntsha setlhabelo sa phologolo a tlhabela meya ya baswi. Mokgwa ono o ne wa rwesa lelapa la gagwe mokgweleo o o bokete wa tsa madi. Setlhabelo fela sa koko se ka ja mo e ka nnang tuelo ya letsatsi le le lengwe, fa sa podi kgotsa kolobe sone se ka ja tuelo ya dibeke di le dintsi.

Fa nako e ntse e ya, mosadi wa ga Jacob, e leng Fransiska, o ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. O ne a bontsha Jacob ditemana tse di bontshang gore baswi ga ba itse sepe gotlhelele le gore ga ba ka ke ba gobatsa batshedi. (Moreri 9:5, 10; Esekiele 18:4) Fa ba sena go amogela se Baebele e se buang, ba ne ka bobedi ba swetsa go tlogela go isetsa meya ditlhabelo. Mme, ba masika ba ne ba ba galefela le go ba itatola mme ba ba bolelela gore meya ya baswi e tla ipusolosetsa ka go ba bolaya. Le fa go ntse jalo, Jacob le Fransiska ba ne ba ema ba nitame, ba re: “Jehofa o tla re sireletsa.”

Kgabagare, Jacob o ne a simolola go ithuta Baebele le go ya dipokanong tsa Bokeresete le lelapa la gagwe. Seno se ne sa dira gore a dire diphetogo tse dingwe gape tse di molemo mo botshelong jwa gagwe. Le fa a ne a goga pakete ya disekerete ka letsatsi le le lengwe ka dingwagangwaga, o ne a tlogela go goga. O ne gape a ithuta go bala le go kwala. Ka nako eno Fransiska le ene o ne a emisa ka go tlhafuna betel nut. Kgabagare, ka 2005, Jacob le Fransiska ba ne ba kolobediwa go nna Basupi ba ga Jehofa. Gompieno, ba dirisa madi ka botlhale go ruta bana ba bone le go ba tlamela ka dilo tse di tlhokegang tsa kalafi.

Eleruri, jaaka Jesu a boletse, dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo di rerwa go “ya kwa karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe,” tota le kwa bathong ba ba ratang go itse, ba ba amogelang baeti, le ba dipelo di tshweu ba naga e nnye kwa East Timor.—Ditiro 1:8; Mathaio 24:14.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 17]

“Re Bone Mologi yo Mongwe”

“Re bone mologi yo mongwe” ke mafoko a batho ba kwa East Timor ba neng ba a dirisa fa ba itsise ka go tsholwa ga ngwana wa mosetsana. A tlhalosa mokgwa wa tlwaelo wa basadi ba kwa East Timor ba e leng balogi ba tais, e leng letsela le le kgabisang. Tais e dirisediwa go dira diaparo tsa maemo a a kwa godimo tse di aparwang kwa meletlong, dikobo, le gore e nne boswa jo bo tlogelelwang bana. Bommèmogolo ba ruta basadi ba basha go jala, go kgetlha, go loga, go fetola mmala, le go loga katune gore e nne letsela le lentle, le le mebalabala. Go ikaegile ka gore mologo o raraane go le kana kang, tais e lengwe e ka tsaya ngwaga kgotsa go feta pele e wediwa. E re ka kgaolo nngwe le nngwe e na le mekgabiso ya yone ya setso, motho yo o di itseng a ka kgona go bolela ka bonako gore tais e dirilwe kae.

[Mmapa mo go tsebe 14]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

PAPUA NEW GUINEA

INDONESIA

EAST TIMOR

AUSTRALIA

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Ntlo e e motsu ya setso

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

“Dudu karreta”—motshameko o o rategang wa bana

[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]

acob le lelapa la gagwe