Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ne O ka Reng?

O ne O ka Reng?

O ne O ka Reng?

GO DIRAGETSE KAE?

1. Tiragalo eno e diragetse kwa toropong efe?

Thalela karabo ya gago mo mmepeng.

Jopa

Jerusalema

Ashekelona

Gasa

◆ Go tlile jang gore Samesone a nne kwa tempeleng ya Bafilisitia?

․․․․․

◆ Ke ka ntlha yang Samesone a ne a le maatla?

․․․․․

Tse go ka Tlotliwang ka Tsone: Ke eng se o se ithutang ka Jehofa mo pegong eno?

GO DIRAGETSE LENG?

Umaka leina la mokwadi wa nngwe le nngwe ya dibuka tsa Baebele tse di fa tlase mme o thale mola o o golaganyang buka eo le letlha le go lekanyediwang gore e ne ya wediwa go kwalwa ka lone.

475 B.C.E. 455 B.C.E. 443 B.C.E. 60-61 C.E. 65-66 C.E.

2. Nehemia

3. Esethere

4. Baefeso

KE NNA MANG?

5. Ke ne ka gana go tswa kwa moletlong, le fa ke ne ke bidiwa ke kgosi.

KE NNA MANG?

6. Paulo o ne a kopa nna le Onesimo gore re ise makwalo kwa Efeso le kwa Kolosa.

TSE DI TSWANG MO MAKASINENG ONO

Araba dipotso tseno o bo o feleletse ditemana tsa Baebele tse di tlhaelang fano.

Tsebe 7 Mpho e nngwe e e tswang kwa Modimong ke efe? (Moreri 3:․․․)

Tsebe 10 Ke eng se Modimo a se solofetsang bahumanegi? (Pesalema 9:․․․)

Tsebe 13 Ke ka ntlha yang go diragala dilo tse di siameng le tse di sa siamang? (Moreri 9:․․․)

Tsebe 19 Ke eng se o tlhokang go se ela tlhoko mo go yo o tla nnang molekane wa gago wa lenyalo? (1 Peter 3:․․․)

Bana Batlang Ditshwantsho Tseno

A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.

(Dikarabo di mo tsebeng ya 28)

DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBENG YA 31

1. Gasa.—Baatlhodi 16:21-30.

◆ Samesone o ne a itetla go tsena mo seemong se se neng sa dira gore a se tlhole a nna Monasaretha.

◆ Jehofa o ne a mo naya maatla.—Baatlhodi 16:28.

2. Nehemia, morago ga 443 B.C.E.

3. Moredekai, ka 475 B.C.E.

4. Paulo, ka 60-61 C.E.

5. Fasheti.—Esethere 1:9-12.

6. Tikiko.—Baefeso 6:21, 22; Bakolosa 4:7-9.