Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Phane—Sejo se se Monate

Phane—Sejo se se Monate

Phane—Sejo se se Monate

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA ZAMBIA

BATHO bangwe ga ba rate go ja diboko. Mme ba bangwe ba bantsi ba itumelela go ja sejonyana seno se se monate se se se nang marapo. Seboko seno sa phane (Imbrasia belina) ke sengwe sa dijo tse di rategang thata mo dikarolong dingwe tsa Afrika. Koo setshedi seno se itsege thata e le seboko sa phane, se reeletswe ka leina la setlhare se se ratang go nna mo go sone sa mophane. Batho ba le bantsi kwa metseselegaeng ba letetse nako ya go phuthiwa ga sejonyana se se monate seno. Keith Leggett wa Mokgatlho wa Tshireletso wa kwa Kgalagadi a re: “Di na le poroteine e ntsi.” Mme diboko tseno di na le seabe se se botlhokwa gape mo go sireletseng tikologo e gantsi e omileng e bile e sa ungweng ya sekgwa.

Fa dipula di ntse di na go ralala borwa jwa Afrika mo masimologong a kgwedi ya November, naga e simolola go nyeuma ka botshelo. Dimilione tsa mekone e e kafa tlase ga mmu e gola go nna dirurubele tse dintle. Mo dibekeng di se kae bana ba tsone ba tla gola ba tswa mo maeng a mannye go nna mana go tswa foo e bo e nna seboko se se nonneng e kete “boroswana.”

Mo mafelong a mo go one dijo tsa konokono tsa setatšhe tse di jaaka cassava le mmidi di jewang thata gantsi diboko tseno e nna seshabo se se monate. Le fa gone bontsi jwa rona re se kitla re rata go di ja, lebaka la go bo di na le poroteine ya diperesente di le 60 le dira gore e nne dijo tse di botlhokwa, segolobogolo mo mafelong a go seng motlhofo go bona poroteine ya maemo a a kwa godimo kgotsa e sa bonwe ka tekano. Go ja selekanyo se se rileng sa diboko tseno go tshwana le go ja dijo tse di nang le nama kgotsa tlhapi, tse di thusang motho yo o godileng gore a nne le tharo nneng ya selekanyo sa poroteine, dibitamine le diminerale tse a di tlhokang letsatsi le letsatsi. Ee, ditshedinyana tseno di na le dikotla tota!

Batho ba ba jang diboko tseno ba gakgamala thata fa ba bona balemirui ba ba dirang kgwebo ba dirisa dikhemikale tse di jang madi a mantsi go bolaya ditshenekegi tse di nang le dikotla tse dintsi jaana. Fa ditshedinyana tseno di ja, gantsi di a bo di ja le matlhare a a sa jeweng a gantsi a leng botlhole, mme di bo di a fetola go nna dijo tse di botlhokwa. Seno sotlhe se dirwa kwantle ga didirisiwa tse di jang madi a mantsi tse di dirisiwang mo temothuong le madi a a dirisediwang kalafi ya diruiwa! Diboko tseno tse di phuthiwang ka matsogo ke sejo sa maemo a a kwa godimo se se bonwang kwantle ga matsapa.

Diboko tsa phane di mosola thata mo go nontsheng mmu le go dira gore tikologo ya sekgwa e dire sentle. Le fa tlou ya Afrika e le kgolo thata e bile e ja thata, tsela ya yone ya go sila dijo ga se sepe fa e bapisiwa le tsela e sebokonyana seno sa phane se dirang ka yone. Mo nakong ya tsone e khutshwane ya botshelo jwa dibeke di le thataro, diboko tseno di ja dimela tse di menaganeng mo e ka nnang ga lesome mme di bo di ntsha letshotelo le le menaganeng mo e ka nnang ga nnè go feta ditlou tse di fulang mo go lone lefelo leo. Ga go gakgamatse go bo boima jwa mmele wa diboko tseno o oketsega ka palo e e boitshegang ya selekanyo sa makgetlo a le 4000! Ka jalo, ga go gakgamatse go bo go phutha diboko tseno go ama thata go nona ga mmu le go dira sentle ga tikologo.

Diboko tseno di rafiwa jang? Ka paka nngwe le nngwe e pula e nnang ka yone, basadi ba kwa metseselegaeng ba phutha diboko tsa phane mo dipakeng tsa ntlha tsa go phutha mo ngwageng. Ka dibeke di se kae ba phutha diboko, tse morago ga foo di gamolwang, di bo di bedisiwa mme di bo di adiwa gore di ome. Le fa go ntse jalo, motho o tlhoka go nna kelotlhoko thata fa rafa le go apaya dingwe tsa diboko tseno tse di jewang. Meritshana le mebitlwa e e sireletsang mefuta mengwe ya phane e tshwanetse go tlosiwa. Motho o tshwanetse a nna kelotlhoko gape fa o apaya dingwe tsa diboko tseno ka gonne di ja dimela tse di leng botlhole mo bathong. Fa diboko tseno di sena go apewa le go omisiwa di ka jewa e le senekenyana se se monate, le fa gone gantsi di dirwa gore di nne metsi, ka go apewa le setshuu, kgotsa ka go gadikiwa ka ditamati le eie.

Go akanya fela ka go ja diboko go ka nna ga dira gore o batle go leka sejo se se sa tlwaelegang seno kgotsa go dira gore o ikutlwe o feroga sebete. O ka nna wa tlhopha go sa leke sejonyana seno se se sa tlwaelegang. Mme gakologelwa, ke nngwe ya dijo tse di nang le poroteine e ntsi mme e bile ke tsela e malapa a mantsi mo Afrika a bonang lotseno la bone ka yone.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Go bo seboko seno sa phane se na le poroteine e ntsi ke selo se se tlhwatlhwakgolo mo kgwebong

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Mo nakong e khutshwane ya botshelo jwa sone jwa dibeke di le thataro, boima jwa mmele wa seboko sa phane bo oketsega ka makgetlho a le 4 000