Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Pidipidi e Ntsho” mo Dikanaleng Tsa Venice

“Pidipidi e Ntsho” mo Dikanaleng Tsa Venice

“Pidipidi e Ntsho” mo Dikanaleng Tsa Venice

KA MOKWADI WA TSOGANG! WA ITALY

E FETA mo maboteng a a bongola le marogo a a agilweng ka maje a sebopego sa araka, mo difensetereng tse di kgabisitsweng le mo mathuding a a kgabisitsweng ka malomo, e nna e ntse e lelesela gaufi le kanale. E ntsho, e ntle mme ga e modumo. Fa o e lebile o le kgakala e tshwana le pidipidi e ntsho. Le fa gone mmele wa one o dirilwe ka logong mme thamo ya teng e se boleta e bile e se na mafofa mme e le tshipi, e ralala dikanale tsa Venice, Italy, ka one matsetseleko a nonyane e ntle eo. Ke gondola, e go ya ka bangwe e leng mengwe ya mekoro e e tumileng thata mo lefatsheng. O simologile jang? Ke ka ntlha yang o tumile jaana? Ke eng se se dirang gore o farologane le mekoro e mengwe?

Tshimologo ya One

Ga go motlhofo go tlhomamisa gore tota gondola ya ntlha e simologile leng, le fa gone bangwe ba dumela gore e simologile ka lekgolo la bo11 la dingwaga C.E. Lekgetlho la ntlha fa e ne e tshwantshiwa mo ditshwantshong tse di takilweng e ne e le go ya kwa bofelong jwa lekgolo la bo15 la dingwaga. Le fa go ntse jalo, e nnile ka lekgolo la bo17 le la bo18 fa o simolola go nna le sebopego se se ileng sa dira gore e tume thata le go farologana le mekoro e mengwe. Gondola e ne e setse e na le botlase jo bo sephara, mme ka nako eno e ne ya simolola go nna sebopego se se farologaneng se se leleele le nko ya tshipi.

Mme e bile go thata go itse gore leina gondola le simologile kae. Bangwe ba re lefoko gondola le tswa mo lefokong la Selatine la cymbula le e neng e le leina le mokoro o monnye, kgotsa go tswa mo lefokong la conchula le e leng nyenyefatso ya concha e e rayang “kgapetla.”

Go Tlwaelegile Kwa Venice

Se re ka tlhomamisegang ka sone ke gore go na le kamano fa gare ga mokoro ono le Venice. Tota e bile, go ka direga gore gondola ke letshwao la botlhokwa lwa motse ono. A ko o akanya ka ditshwantsho tsotlhe tsa kwa Venice tse di tshwantshang gondola.

Se sengwe gape se se amanyang mokoro ono ke motse wa one. Roberto, motsamaisi wa mokoro wa gondola yo e leng mosupatsela wa bajanala go ralala dikanale tsa koo a re: “Go palama gondola ke tsela e e farologaneng thata ya go bona Venice. Ga o bone fela mafelo a a tlwaelegileng, o kgona go bona bogare jwa Venice.” Mokwadi yo o tumileng wa kwa Jeremane e bong Johann Wolfgang von Goethe o ne a re fa a ne a palame mokoro ono o ne a ikutlwa jaaka “Mong wa Lewatle la Adriatic, jaaka motho ope fela kwa Venice a ka ikutlwa fa a rapama mo teng ga gondola.” Roberto a re: “Go tsamaya ka bonya thata ga gondola go tsamaisana sentle le moya o o renang kwa Venice. Fa o samile mesamo e e botobetobe, o ikutlwa e kete o na le nako yotlhe mo lefatsheng.”

Dilo Dingwe Tse di Tlhaolang Gondola

Fa o ntse o sekaseka gondola, o ka nna wa gakgamadiwa ke go bona e tsamaya e tlhamaletse ka gonne go na le setsamaisamokoro se le sengwe fela kafa mojeng wa mokoro mo pinagareng ya mokoro. Se motho a ka akanyang gore se ka direga ke gore fa mokoro o sa nnele go tlhamaladiwa, o tla tsamaela ntlheng e le nngwe mme o nna o ntse o dikologa felo go le gongwe—mme ga o dire jalo. Ka ntlha yang? Gilberto Penzo moitse wa mekoro ya bogologolo, o kwala jaana: “Fa re ka tshwantsha sebopego sa mokoro le mmele mme tlhomeso e tshwantshetsa lerapo la mokwatla, foreime yone e tshwantshetsa dikgopo, re ka nna ra re gondola e na le bolwetse jo bo masisi jwa go obega jo bo bidiwang scoliosis.” Ka mafoko a mangwe, mmele wa mokoro ga wa tlhamalala—karolo e e kafa mojeng e tshesane mo karolong e e kafa molemeng ka disentimetara di le 24. Ka ntlha ya seo, gondola e tsamaya ka letlhakore la lone la moja le tsena kwa tlasenyana mo metsing go na le karolo ya yone e e kafa molemeng. Go sekama gono ga mokoro go a thusa ka go bo go na le setsamaisamokoro se le sengwe fela mme gape go thusa le gore mokoro o kgone go lepalepana le boima jwa motsamaisi wa gondola yo o emelang kwa ntlheng e le nngwe ya mokoro fa a ntse a o tsamaisa mme seno sotlhe se thusa gore gondola e tsamaye e ntse e tlhamaletse.

Karolo e nngwe gape e e tlhomologileng ya “pidipidi” eno ke thamo ya yone kgotsa nko ya mokoro. Kwantle ga karolo e e kwa morago ya mokoro, ke karolo eno fela e leng tshipi. Mokwadi mongwe e bong Gianfranco Munerotto o ne a kwala ka gore, nko ya mokoro ono “e tlhomologile e bile e farologane thata, mo e leng gore le fa e le mang yo o e bonang lekgetlho la ntlha a ka se ka a e lebala.” Kwa tshimologong nko ya mokoro e ne e thusa go lekalekanya boima jwa motsamaisi wa gondola yo o tsamaisang mokoro a le kwa morago mme gone jaanong e kgabisa mokoro fela. Mme go bolelwa gore ditshipi tse thataro tse di mo pele ga nko ya mokoro di emela six sestieri kgotsa metse e merataro, e Toropo ya Venice e kgaogantsweng ka tsone, fa tshipi e nngwe e e tshwanang le leina le lennye kafa morago ga thamo ya yone e emela setlhaketlhake sa kwa Venice se se bidiwang Giudecca. Mme go twe karolo ya nko ya mokoro e e bopegileng jaaka tlhaka ya S e emela Grand Canal ya Venice.

Selo se sengwe gape se se tlhaolang gondola ke mmala wa one o montsho. Go ile ga neelwa ditlhaloso tse di farologaneng tsa go bo mekoro eno e le mentsho. Go ya ka tlhaloso nngwe, ka lekgolo la bo16 le la bo17 la dingwaga, boipelafatso, mebala le manobonobo a di-gondola a ne a fetelediwa thata mo e leng gore ka maiteko a go kgothaletsa beng ba tsone go nna tekatekano, Lekgotla la melao la kwa Venice le ile la patelesega go faena beng ba di-gondola ba di-gondola tsa bone di leng maphatsiphatsi thata. Mme ba le ba bantsi ba bone ba ne ba ikemiseditse go duela difaene tseo go na le go tlogela go kgabisa di-gondola tsa bone. Ka ntlha ya seo, mmakaseterata o ne a laela gore di-gondola tsotlhe di pentiwe bontsho. Tlhaloso e nngwe ke gore mmala o montsho o ne o supa go hutsafalela diketekete tsa batho ba ba ileng ba bolawa ke leroborobo la Black Death. Mme ba bangwe bone ba bolela gore bontsho jwa di-gondola bo ne bo tlotlomatsa mmala o mosweu wa letlalo la basadi ba ba tlotlegang ba Venice. Boammaaruri ka kgang eno ga bo a raraana jalo. Bobotlana kwa tshimologong, mmala o montsho e ne e le wa boka jo bo neng bo dirisiwa go dira gore di-gondola di se ka tsa tsena metsi.

Morago ga gore o sena go relela monate mo metsing a a didimetseng o ntse kafa morago ga pidipidi e ntsho eno, o boela mo ditepising tsa boemakepe jo bo bapileng le kanale mo o simolotseng mosepele wa gago gone. Fa matlho a gago a ntse a latela gondola e e nyelelang, go ka direga gore o ipotse gore a pidipidi eno e tla retolosa thamo ya yone e telele mme e bo e tlhamalatsa mafofa mangwe a yone a a tlhakatlhakaneng.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Foreime ya gondola ga e a tlhamalala

[Setshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Nko ya mokoro e e tlhomologileng

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Roberto motsamaisi wa gondola mo dikanaleng tsa Venice

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 25]

© Medioimages