Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba ne Ba Falola Masetlapelo Kwa Mumbai

Ba ne Ba Falola Masetlapelo Kwa Mumbai

Ba ne Ba Falola Masetlapelo Kwa Mumbai

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA INDIA

TOROPO ya Mumbai, e pele e neng e itsege ka Bombay, e na le palo e e boitshegang ya baagi ba ba fetang dimilione di le 18. Letsatsi le letsatsi, dimilione di le thataro go ya go di le supa tsa baagi bano di tsamaya ka diterena tse di lobelo le tse di tsamayang kgapetsakgapetsa go ya kwa mafelong a bone a tiro, kwa dikolong le kwa dikholetšheng, kwa mafelong a marekelo, kgotsa kwa mafelong a bojanala. Ka nako ya go ya tirong le go boa, terena e e gogang materoko a le robongwe, a lengwe le lengwe la one le tletseng ka batho, mme ka tshwanelo le tshwanetse go rwala batho ba le 1 710, le a bo le rwele bapagami ba le 5 000. E ne e le ka nako eno ya fa go tlhanasela ka July 11, 2006, fa dirukhutlhi di tlhasela diterena tsa kwa Mumbai. Mo metsotsong e e kafa tlase ga e le 15, dibomo di le supa di ne tsa thunya mo ditereneng tse di farologaneng go bapa le Western Railway, tsa bolaya batho ba ba fetang 200 mme ga gobala ba le 800.

Palo e kgolo ya batho ba diphuthego tse 22 tsa Basupi ba ga Jehofa ba kwa Mumbai le metsethoko ya teng ba dirisa diterena tseo ka gale ka jalo ba ne ba le gone mo ditereneng tse di neng tsa tlhaselwa ke dirukhutlhi. Se se itumedisang ke gore, ga go ope wa bone yo o neng a latlhegelwa ke botshelo jwa gagwe, mme ba le mmalwa ba ile ba gobala. Anita o ne a tswa tirong a ya gae. Terena e a tsamayang ka yone e ne e tletse, ka jalo o ne a eme gaufi le setswalo sa letoroko la karolo ya ntlha e le gore a tle a kgone go fologa kwantle ga mathata. Fa terena e ntse e oketsa lobelo, ka tshoganyetso fela go ne ga utlwala thunyo e kgolo, mme letoroko le a neng a palame mo go lone le ne la tlala ka mosi. Fa a okomela kwa ntle ga lebati mme a leba ka fa mojeng, o ne a bona letlhakore la letoroko le lengwe le kgakgamologile e bile le leketla go tswa mo tereneng ka ankele ya didikirii tse 45. O ne a tshosiwa ke go bona mebele le dikarolo tsa mebele ya batho e gasagane go tswa mo letorokong le le kgakgamologileng mme e lalaane mo seporong. Morago ga go bona se e keteng ga se fele—mme tota e ne e le metsotswana e se kae fela—terena e ne ya ema. Ene, le bapalami ba bangwe, ba ne ba tlolela mo seporong mme ba tshabela kgakala le terena. Anita o ne a founela monna wa gagwe John ka selula mme ka lesego a kgona go bua le ene; mo sebakeng sa metsotso e se kae fela thulaganyo yotlhe ya difouno ya toropo e ne kgobelane ka difouno tsa batho ba ba founang ba tshwenyegile. O ne a ntse a kokobetse maikutlo go se kae go fitlhela a bua le monna wa gagwe. Go tswa foo o ne a simolola go thubega ka selelo. O ne a mmolelela se se diregileng mme a mo kopa gore a tle go mo tsaya. Fa a ntse a mo letile, pula e ne ya simolola go na, e phimola bosupi jo bontsi jo bo neng bo ka thusa babatlisisi.

Claudius, yo le ene e leng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a tswa kwa ofising ya gagwe pelenyana ga nako e e tlwaelegileng. O ne a palama terena ya 5:18 p.m. kwa Churchgate Station, mo marakanelong a diterena a kwa Western Railway, o ne a pagama mo letorokong la karolo ya ntlha. Fa a ntse a batlana le setulo sa go nna mo leetong leno le le tsayang ura go ya kwa seteisheneng sa Bhayandar, o ne a bona Joseph, yo o kopanelang le phuthego e e gaufi ya Basupi ba ga Jehofa. Nako e ne e tsamaya ka bonako fa ba ntse ba tlotla. E re ka Joseph a ne a lapisitswe ke tiro ya letsatsi, o ne a thulamela. E re ka terena e ne e tletse, Claudius o ne a emelela mo setulong fa terena e fitlha mo seteisheneng sengwe pele ga se a tlileng go fologa mo go sone, gore a tle a nne gaufi le mojako fa a fologa. Fa Claudius a ntse a eme foo, Joseph o ne a tsoga a itshegetsa ka setulo a bo a mo sadisa sentle. Claudius o ne a inamela kwa pele go bua le ene, a itshwareletse ka tshipi e e mo setulong. Gongwe seo ke sone se se ileng sa namola botshelo jwa ga Claudius. Ka tshoganyetso, go ne ga utlwala modumo o mogolo. Letoroko le ne la tshikinyega thata, la tlala ka mosi, ga ntshofala gotlhelele. Claudius o ne a wela fa fatshe mo gare ga ditulo mme go ne go bonala a sa tlhole a kgona go utlwa sepe fa e se fela modumo o o neng o utlwala mo ditsebeng tsa gagwe. Mo a neng a eme teng pele, go ne go na le phatlha e kgolo. Bapalami ba ba neng ba eme fa thoko ga gagwe ba ne ba wetse kwa ntle mo seporong mme ba bangwe ba lalaane fa fatshe. O falotse thunyo ya botlhano mo go tse supa tse di neng tsa thunya mo letsatsing leo la Labobedi wa masetlapelo.

Claudius o ne a isiwa kwa bookelong, madi a tletse mo diaparong tsa gagwe. Le fa go ntse jalo, e ne e le madi a batho ba ba sa kgonang go falola kotsi eno. O ne a gobetse go le gonnye fela—a thubegile moropa wa tsebe, a shele mo letsogong le le lengwe, le moriri o babogile. Kwa bookelong o ne a kopana le Joseph le mosadi wa gagwe, e bong Angela, yo o neng a le mo letorokong le lengwe la basadi mme a sa gobala. Joseph o ne a rurugile mo leitlhong la gagwe la moja e bile a sa tlhole a utlwa mo ditsebeng. Basupi bano ba bararo ba leboga Jehofa go bo ba ile ba falola. Claudius o ne a re selo sa ntlha se a neng a se bua fa a sena go thanya mo maibing ke gore, ‘A bo go se botlhale jang ne go lelekisa madi le dilo tse di bonalang mo tsamaisong eno ya dilo fa botshelo jwa motho bo ka nna jwa fedisiwa ka tshoganyetso jalo!’ O ne a itumelela go bo a dirile gore kamano ya gagwe le Jehofa Modimo, e nne selo se se botlhokwatlhokwa mo botshelong jwa gagwe!

Mo nakong e nnye fela, toropo ya Mumbai e ne e aparetswe ke merwalela e e maatla, dintwa, le dithunyo tsa dibomo. Le fa go ntse jalo, Basupi ba koo ba ba fetang 1 700 ba bontsha moya o o tlhagafetseng. Ba nna le seabe ka metlha mo tirong ya go itsise baagelani ba bone tsholofelo e e molemo ya lefatshe le lesha, koo ntwa e tla bong e seyo gone.—Tshenolo 21:1-4.

[Mafoko a a mo go tsebe 23]

Mo a neng a ntse a eme teng, go ne ga bonala phatlha e kgolo fela

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Anita

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Claudius

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Joseph le Angela

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 22]

Sebastian D’Souza/AFP/Getty Images