Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikakgelo Tsa Babadi

Dikakgelo Tsa Babadi

Dikakgelo Tsa Babadi

Basha ba Botsa Jaana . . . A ke Na le Bothata Jwa go Ja? (October 2006) Fa ke sena go bala setlhogo seno, ke ne ka ikutlwa ke ngomogile pelo. Ke ile ka nna le bothata jwa go ja botshelo jwa me jotlhe. Setlhogo seno se ile sa dira gore ke ikutlwe e kete ke ne ke tshwanetse ka bo ke ile ka “rarabolola” bothata jono fa ke ne ke sa le mosha. Le fa go ntse jalo, le gompieno ke sa ntse ke kgaratlha ka bothata jono mme gone jaanong ke ikutlwa ke tshwanelwa ke go itlhoboga. Setlhogo seno se dira gore go bonale e kete motho a ka kgona go fenya bothata jono fela ka go nna le tumelo e e nonofileng.

J. J., United States

“Tsogang!” e a araba: Le fa gone metseletsele e go tlotliwang ka yone mo setlhogong se se reng “Basha ba Botsa Jaana . . . ” e kwaletswe thata basha, melaometheo ya Baebele e e mo go yone e dira mo bathong ba dingwaga tsotlhe. Re lemoga gore mathata a go ja ke mangwe a mathata a a boima thata go a fenya. Setlhogo seo ga se a ka sa bolela gore batho ba ba nang le bothata jwa go ja ga ba na tumelo. Se ile sa akantsha fela gore batho ba ba nang le bothata joo ba ka rapela Jehofa gore a ba thuse go fenya bothata jwa bone jwa go ja. Mo godimo ga go kopa thuso ya Modimo, batho ba ba nang le bothata jono ba ne ba kgothalediwa gore ba batle thuso go “motsadi kgotsa mogolo mongwe.” Mo godimo ga moo, setlhogo seo se ile sa dumela se sa fitlhe sepe gore ga “go motlhofo go tlogela mokgwa ono” mme go ka direga gore o boele gape mo go one. Lebaka la go bo o sa ntse o lwantshana le bothata jwa go ja morago ga dingwaga di le dintsi o sa itlhoboge le supa gore o sa ntse o na le tsholofelo.

Basha ba Botsa Jaana . . . Ke Dire Eng ka Botshelo Jwa Me? (July 2006) Ke tla tloga ke aloga kwa sekolong mme ke nako ya gore ke rulaganye gore ke tla dira eng ka botshelo jwa me. Setlhogo seno se ile sa dira gore ke ikemisetse le go feta go fitlhelela mokgele wa me wa go tsena mo tirelong ya nako e e tletseng. Ga go na tiro e nngwe e e molemo go gaisa eno e e tla ntlisetsang boipelo jo bo oketsegileng.

H. W., Hong Kong

Ke anaanela setlhogo seno thata ka gonne se ile sa nthusa go bona gore mo lefatsheng leno le go ratwang dilo tse di bonalang, selo se se molemo se basha ba ba tshwanang le nna ba ka se dirang ke go dira gore mekgele ya semoya e nne yone e e tlang pele.

A. S., Brazil

Mo botshelong jwa me jo ke tshwaregileng thata mo go jone, gantsi ke lebala mekgele e ke ipeetseng yone. Go bala setlhogo seno go ile ga dira gore ke tsosolose boikemisetso jwa me jwa go dira sengwe le sengwe se nka se kgonang go direla Jehofa. Ke lo leboga thata go bo lo amega ka rona basha.

E M., Japane

Tsela ya go Aga Lenyalo le le Itumetseng (July 2006) Ditlhogo tseno di kwadilwe ka botswerere. Go dirisa sekao sa ga Jesu sa kafa a neng a tshwara baaposetoloi ba gagwe ka teng ke tsela e e molemo go gaisa ya go bontsha kafa banyalani ba tshwanetseng go tshwarana ka teng. Tswelelang pele ka tiro ya lona e e molemo. Re letetse ka tlhoafalo dimakasine tsa rona tsa kgwedi le kgwedi.

S. C., United States

Go Itlhoboga Ga me Go Fetoga Boitumelo (July 2006) Fela jaaka Mokaulengwe González le nna ke ile ka nna le bothata jwa go nna le boikutlo jwa go inyatsa. Ke ne ke a tle ke akanye gore, ‘Go ka se direge gore Jehofa a nthate segolobogolo ka go bo ke ile ka leofa mo nakong e e fetileng.’ A bo go itumedisang jang ne go itse gore ruri Jehofa o kutlwelobotlhoko, wa itshwarela e bile o lorato! Ka kgakololo e ntsi le tshegetso e e lorato go tswa mo phuthegong, le moya o o boitshepo wa ga Jehofa, ke ile ka thusega gore ke dirise boammaaruri jwa Baebele mo botshelong jwa me. Ke lo lebogela dijo tseno tsa semoya tse di tlileng ka nako.

T. A., United States