Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa o ka Nnang Tsala ya Modimo ka Gone

Kafa o ka Nnang Tsala ya Modimo ka Gone

Kafa o ka Nnang Tsala ya Modimo ka Gone

▪ Ke se bukana ya ditsebe tse 32 ya O ka Kgona go Nna Tsala ya Modimo! e se rutang. Dithuto tsa yone tse di kgatlhang di akaretsa “Modimo o go Laletsa Gore o Nne Tsala ya Gagwe” le “Modimo ke Tsala E e Di Gaisang Tsotlhe E o Ka Nnang le Yone.” Bukana eno e diretswe go thusa mmadi go ithuta dithuto tsa motheo tsa Baebele.

Mo thutong e e reng “Ditsala Tsa Modimo di Tla Nna mo Paradaiseng,” bukana eno e tlhalosa sentle boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe. Le fa go ntse jalo, go itumelela go tshela mo Paradaiseng e Baebele e e solofetsang, re tshwanetse go ithuta gore Modimo o batla re mo direla ka tsela efe. Dithuto tse di jaaka e e reng “Kafa o ka Bonang Bodumedi Jwa Boammaaruri ka Teng” le “Gana Bodumedi Jwa Maaka!” di tla go thusa go nna tsala ya Modimo le go itumelela go amogelwa ke ene. Ga re na pelaelo gore o tla itumelela go bala bukana eno.

Fa o batla khopi ya yone, tlatsa setlankana seno mme o se romele ka poso kwa atereseng e e mo go sone kgotsa kwa atereseng e e tshwanetseng mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.

□Kwantle ga go ipofa, ke kopa bukana ya O ka Kgona go Nna Tsala ya Modimo!

Bontsha gore ka puo efe.

□Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.