Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsela e e Molemo ya go Leba Madi ke Efe?

Tsela e e Molemo ya go Leba Madi ke Efe?

Baebele Ya Reng

Tsela e e Molemo ya go Leba Madi ke Efe?

BAEBELE ya re: ‘madi ke tshireletso.’ (Moreri 7:12) Ka ntlha ya gore a kgona go reka dijo, diaparo, le go duelela bonno, madi ke tshireletso mo mathateng a a amanang le lehuma. Ee ruri, mo dilong tse di bonalang, madi a ka kgona go reka mo e batlang e le sengwe le sengwe fela. Moreri 10:19 ya re: “Ke one a a arabelang mo dilong tsotlhe.”

Lefoko la Modimo le re kgothaletsa go dira ka natla gore re tle re kgone go itlamela le go tlamela malapa a rona. (1 Timotheo 5:8) Fa motho a dira ka boikanyegi le ka natla, seo se dira gore a ikutlwe a kgotsofetse, a na le seriti, e bile a sireletsegile.—Moreri 3:12, 13.

Mo godimo ga moo, go dira ga rona ka natla go dira gore re nne pelotshweu mo go abeleng ba bangwe madi. Jesu o ne a re: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” (Ditiro 20:35) Boitumelo joo bo tlisiwa ke fa re thusa ba ba tlhokang ka go ba abela madi ka lorato, segolobogolo Bakeresete ka rona, kgotsa go rekela mongwe yo re mo ratang mpho.—2 Bakorintha 9:7; 1 Timotheo 6:17-19.

Jesu o ne a kgothaletsa balatedi ba gagwe gore ba nne pelotshweu, e seng fela ka sewelo go na le moo ba go dire ka metlha, e nne tsela ya bone ya botshelo. O ne a re: “Itlwaetseng go aba.” (Luke 6:38) Molaomotheo ono o a dira le fa re aba e le go tsweletsa pele dilo tse di direlwang Bogosi jwa Modimo. (Diane 3:9) Eleruri, go nna pelotshweu ka tsela eno go tla re thusa go ‘dira ditsala’ le Jehofa le Morwawe.—Luke 16:9.

Tila “Lorato Lwa Madi”

Batho ba ba pelotshetlha ga se gantsi ba aba, fa ba go dira, ya bo e le ka maitlhomo a a sa siamang. Gantsi bothata jwa bone ke go rata madi, go gantsi mo boemong jwa gore go ba tlisetse boitumelo go ba leretseng mahutsana. 1 Timotheo 6:10 ya re: “Lorato lwa madi ke modi wa mefuta yotlhe ya dilo tse di utlwisang botlhoko, mme ka go gagamalela lorato lono bangwe ba fapositswe mo tumelong e bile ba itlhabakakile ka ditlhabi tse dintsi.” Ke ka ntlha yang fa go rata madi go sa kgotsofatse e bile go utlwisa botlhoko jaana?

Lebaka lengwe ke gore fa motho a le bogagapa mme a batla go huma ga a ke a kgotsofala. Moreri 5:10 ya re: “Morati wa selefera ga a kitla a kgotsofadiwa ke selefera.” Ka gone, barati ba madi ba itlhabaka gotlhe ka matshwenyego a a sa feleng. Mo godimo ga moo, bogagapa jwa bone bo dira gore ba se ka ba kgona go nna le botsalano jo bo molemo le ba bangwe, bo dira gore ba nne le malapa a a sa itumelang, le gore ba se ka ba kgona go bona boikhutso jo bo lekaneng. “Boroko jwa yo o direlang bo monate, go sa kgathalesege gore a o ja mo gonnye kgotsa mo gontsi; mme letlotlo la yo o humileng ga le mo letle go robala.” (Moreri 5:12) Mo godimo ga tseo tsotlhe, go rata madi go dira gore motho a se amogelwe ke Modimo.—Jobe 31:24, 28.

Mo Baebeleng le mo hisitoring ya lefatshe go tletse ka dikai tsa batho ba ba neng ba utswa, ba ba neng ba tlola molao, ba ba neng ba rekisa mebele ya bone ka thobalano, ba ba neng ba bolaya, ba ba neng ba tsietsa ba bangwe, le ba ba neng ba bua maaka—e le fela gore ba bone madi. (Joshua 7:1, 20-26; Mika 3:11; Mareko 14:10, 11; Johane 12:6) Ka nako ya bodiredi jwa ga Jesu mo lefatsheng, o ne a laletsa mmusi mongwe yo mosha yo o neng a “humile thata” gore e nne molatedi wa gagwe. Ka maswabi, monna yono o ne a gana taletso eno e e molemo ka gonne a ne a tlile go latlhegelwa ke madi a gagwe. Jesu o ne a tsibogela seo ka go re: “A bo e tla nna selo se se thata jang ne gore ba ba nang le madi ba tsene mo bogosing jwa Modimo!”—Luke 18:23, 24.

Mo nakong eno ya ‘metlha ya bofelo,’ Bakeresete ba tshwanetse go nna ba iketse tlhoko ka gonne bontsi jwa batho, jaaka go boleletswe pele, ke “barati ba madi.” (2 Timotheo 3:1, 2) Bakeresete ba boammaaruri ba ba nnang ba tshwenyegile ka dilo tsa semoya tse ba di tlhokang, ga ba itetle go tlhotlhelediwa ke tlwaelo eno ya bopelotshetlha, ka gonne ba na le sengwe se se botoka thata go feta madi.

Sengwe se se Botoka go Feta Madi

Le fa Kgosi Solomone a ile a tlhalosa madi e le tshireletso, o ne a oketsa ka go re “botlhale ke tshireletso” ka gonne “bo boloka beng ba jone ba tshela.” (Moreri 7:12) O ne a kaya eng? Fano Solomone o ne a bua ka botlhale jo bo thailweng mo kitsong ya boammaaruri ya Dikwalo le mo poifong e e siameng ya Modimo. E re ka botlhale jono jwa bomodimo bo gaisa madi, bo ka sireletsa motho mo dikotsing tse dintsi tsa botshelo tota le mo dilong tse di ka bolayang motho pele ga nako. Gape, jaaka serwalo, botlhale jwa boammaaruri bo godisa batho ba ba nang le jone e bile bo dira gore ba tlotlwe. (Diane 2:10-22; 4:5-9) Mme ka go bo bo thusa motho gore a amogelwe ke Modimo, bo ile jwa bidiwa gore ke “setlhare sa botshelo.”—Diane 3:18.

Ba ba batlang botlhale jono ka pelo yotlhe le ba ba ikemiseditseng go bo senka, ba tla bo bona. “Morwaaka, . . . tlhaeletsa tlhaloganyo mme o ntshetsa temogo lentswe la gago, fa o nna o e senka jaaka selefera o bo o nna o e batla jaaka matlotlo a a fitlhegileng, foo o tla tlhaloganya go boifa Jehofa, mme o tla bona e e leng kitso ya Modimo. Gonne Jehofa o naya botlhale; mo molomong wa gagwe go na le kitso le temogo.”—Diane 2:1-6.

Ka go bo Bakeresete ba boammaaruri ba tseela botlhale kwa godimo go na le madi, ba itumelela selekanyo se se rileng sa kagiso, boitumelo, le polokesego tse barati ba madi ba sa kgoneng go nna le tsone. Bahebera 13:5 ya re: “A mokgwa wa lona wa botshelo e se ka ya nna wa go rata madi, lo ntse lo kgotsofetse ka dilo tsa jaanong. Ka gonne [Modimo] o rile: ‘Ruri ga ke na ke go tlogela ka gope le fa e le go go latlha ka gope.’” Madi ga a ka ke a re naya polokesego e e ntseng jalo.

A O KILE WA IPOTSA GORE . . .

▪ Madi ke tshireletso ka tsela efe?—Moreri 7:12.

▪ Ke eng fa botlhale jwa bomodimo bo gaisa madi?—Diane 2:10-22; 3:13-18.

▪ Ke eng fa re tshwanetse go tila go rata madi?—Mareko 10:23, 25; Luke 18:23, 24; 1 Timotheo 6:9, 10.