Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Na le Mongwe yo o Nang le Pensele?

A go Na le Mongwe yo o Nang le Pensele?

A go Na le Mongwe yo o Nang le Pensele?

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA BORITANE

GA E ture, e bonwa motlhofo, gape ga e boima le eseng. E nna sentle mo potleng. Ga e dire ka motlakase, ga e ke e dutla, mme fa go kwadilweng teng ka yone go ka phimolwa. Bana ba ithuta go kwala ka yone, bataki ba ba tsweletseng pele ba e dirisa fa ba torowa ditshwantsho tse dintle, mme bontsi jwa rona re nna re e tshotse gore re kwale dintlha. Ee, pensele e e tlwaelegileng ke nngwe ya didirisiwa tsa go kwala tse di sa tureng e bile di dirisiwa thata mo lefatsheng. Kgang e e gakgamatsang ya kafa e simologileng ka teng le kafa e tlhabolotsweng ka teng e simologa ka go ribololwa ga yone kwa metse magaeng a kwa Engelane.

Lloto e Ntsho

Mo lekgolong la bo16 la dingwaga, go ne ga fitlhelwa makwete a a sa tlwaelegang a mantsho kwa tlase ga thabana ya kwa Borrowdale, e leng mokgatšha o o kwa Lake District kwa bokone jwa Engelane. Le fa minerale ono o ne o lebega jaaka legala, o ne o sa kgone go tuka; mme o ne o tlogela mothaledi o o phatsimang, o montsho, o o kgonang go phimoga motlhofo mo sekwaleding. Pele minerale ono o ne o bidiwa ka maina a a farologaneng—lloto e ntsho, wad, le plumbago, e e kayang “se se itirang lloto.” Ka gonne minerale ono o ne o na le mafura, batho ba ne ba o phuthela ka letlalo la nku kgotsa ba phuthela dithupa tse dikhutshwane tsa one ka megala. Ga go na ope yo o itseng gore ke mang motho wa ntlha go akanya gore lloto e ntsho e ka tsenngwa mo setshwarong sa logong, mme ka bo 1560, dipensele tsa ntlha di ne tsa fitlha mo kontinenteng ya Yuropa.

Ka bonako lloto e ntsho e ne ya rafiwa kwa meepong le go romelwa kwa bataking ba ba e tlhokang; mme mo lekgolong la bo17 la dingwaga, e ne e setse e dirisiwa gongwe le gongwe fela. Ka nako e e tshwanang, badiri ba pensele ba ne ba lekeletsa lloto e ntsho gore ba dire sedirisiwa se se botoka sa go kwala. E re ka e itshekile e bile e ntshiwa motlhofo, lloto eno ya Borrowdale e ne ya nna selo se se tlhaselwang ke magodu le ke bagwebi ba tsietso. Fa Palamente ya Boritane e ikarabelela mo go seno, e ne ya fetisa molao ka 1752 wa go otlhaya magodu a lloto ka go ba atlholela kgolegelo kgotsa go ba isa kwa lefelong lengwe le le kgakala.

Ka 1779, moitse wa khemiseteri Carl W. Scheele o ne a dira dithibololo tse di gakgamatsang tsa gore lloto e ntsho ga se lloto tota mme ke carbon e e itshekileng e e boleta. Dingwaga tse di lesome tse di neng tsa latela moithutajeoloji wa Mojeremane e bong Abraham G. Werner, o ne a e bitsa graphite, go tswa mo lefokong la Segerika graphein, le le kayang “go kwala.” Ee, go farologana le leina la yone, tota dipensele tsa lloto ga di na lloto mo go tsone gotlhelele!

Go Tlhabololwa ga Pensele

Ka dingwaga di le dintsi graphite ya kwa Engelane e ne e dirisiwa thata mo madirelong a dipensele ka gonne e ne e le phepa go ka e dirisa gape e sa tlhoke go ka dirwa sepe gape. E re ka graphite ya kwa Yuropa e ne e le ya boleng jo bo kwa tlase, badiri ba dipensele ba koo ba ne ba lekeletsa ditsela tsa go ka tokafatsa boleng jwa lloto ya dipensele. Moenjiniri wa Mofora e bong Nicolas-Jacques Conté o ne a kopanya graphite e e sitsweng le letsopa, a ba a di bopa jaaka dithupana a be a di tsenya mo ontong. Ka go farologanya dirashio tsa graphite mo letsopeng, Conté o ne a kgona go dira lloto e e neng e dira mebala ya bontsho jo bo farologaneng—e leng thulaganyo e e santseng e dirisiwa. Conté o ne a kopa ditshwanelo tsa gagwe gore e nne ene fela a dirisang thibololo ya gagwe ka 1795.

Ka lekgolo la bo19 la dingwaga, go dirwa ga dipensele e ne ya nna kgwebo e kgolo tota. Letlapa la graphite le ne la fitlhelwa mo mafelong a le mmalwa, go akaretsa le kwa Siberia, Jeremane, le se jaanong e leng Czech Republic. Go ne ga bulwa madirelo a mantsi kwa Jeremane, mme moragonyana le kwa United States. Go dirisiwa ga metšhine le go dirwa ga dipensele ka bontsi go ne ga dira gore ditlhwatlhwa di ye kwa tlase, mme ka masimologo a lekgolo la bo20 la dingwaga, tota le bana ba sekolo ba ne ba dirisa dipensele.

Pensele ya Segompieno

E re ka go dirwa dibilione di le dintsi tsa dipensele ngwaga le ngwaga, pensele e setse e le sedirisiwa se se tlhabologileng se se ka dirisediwang sengwe le sengwe mo go kwaleng le mo go takeng. Pensele ya legong e e tlwaelegileng e ka kgona go thala mola wa dikilometara di le 56 ka boleele mme ya kgona go kwala mafoko a le 45 000. Di ka tswa di dirilwe ka metale kgotsa ka polasitiki, dipensele dingwe di dirisa lloto e e sa tlhokeng go loodiwa. Mo boemong jwa graphite, dipensele tsa mebala di dirisa difetolamebala le mebala e mentsintsi.

Pensele e na le mesola e mentsi, e kgona go kwala mo maemong afe le afe, ga e a raraana, gape e nonofile, mme ga go sepe se se bontshang gore e tla felelwa ke nako. Ke gone ka moo, mo dingwageng tse di tla tlang, e ka tswa e le kwa gae kgotsa kwa tirong, o tla nna o utlwa mongwe a botsa a re, “A go na le mongwe yo o nang le pensele?”

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 13]

LLOTO E TSENA JANG MO PENSELENG?

Motswako wa graphite e e sitsweng, letsopa, le metsi o tsenngwa ka go sukudiwa mo teng ga tšhupu ya metale e tshesane mme o tswa o lebega jaaka e kete terata e telele e e temekang. Morago ga o sena go omisiwa, go segiwa, le go besiwa mo bobesetsong, lloto e iniwa mo mafureng a a bolelo le mo leloteng. Logong lo gantsi e leng la mosedara, le le lotsegang motlhofo, le segiwa go nna dikarolo tse di tshesane le bo le lekalekanngwa le go segelelwa go nna dikarolwana—tse di lekanang le halofo ya bokima jwa pensele. Dilloto tseno di tsenngwa mo diphatleng tse di mo dikarolwaneng tsa logong lono, mme karolwana e nngwe ya logong e bo e kgomarediwa ka go papiediwa mo godimo ga ya ntlha. Fa sekgomaretsi seno se sena go omelela, dipensele di aroganngwa ka go segiwa. Morago ga go setiwa le go gotlhiwa ka pampiri ya go gotlha, go pentiwa, le go bewa setempe sa lotshwao lwa khampani le go kwalwa dintlha dingwe, morago ga foo pensele e e sa bonaleng gore e kopantswe e tla bo e siametse go ka dirisiwa. Ka dinako dingwe go kgomarediwa le raba mo godimo ga pensele.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Faber-Castell AG

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 14]

KE DIRISE PENSELE EFE?

Gore o tle o tlhophe pensele e o e tlhokang, ela tlhoko ditlhaka kgotsa dinomore tse di kafa thoko ga yone. Ditlhaka le dinomore tseno di supa kafa pensele e leng thata ka teng kgotsa kafa e leng boleta ka teng. Dipensele tse di seng thata di tlogela methaledi e e nang le bontsho jo bo tseneletseng fa di kwala.

HB ke pensele e e nang le melemo e mentsi, e e nang le lloto ya boleng jo bo mo magareng.

B e kaya lloto e e seng thata. Nomore e e tshwanang le 2B kgotsa 6B e kaya selekanyo se lloto e seng thata ka sone—fa palo e le e kgolo, seno se kaya gore lloto ya teng e boleta thata.

H e kaya lloto e e thata. Fa nomore e le kgolo—2H, 4H, 6H, jalo le jalo—seno se kaya gore lloto ya teng e thata.

F e emela ntlha e e motsu.

Dinaga dingwe di dirisa mekgwa e e farologaneng. Ka sekai, kwa United States, nomore ya 2 mo penseleng e lekana le HB. Mokgwa ono o kaya gore fa nomore e le kgolo, lloto ya teng e thata.