Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A “go Nna Molemo” ke Sone Fela se se Botlhokwa?

A “go Nna Molemo” ke Sone Fela se se Botlhokwa?

Baebele ya Reng

A “go Nna Molemo” ke Sone Fela se se Botlhokwa?

MOSADI mongwe yo mosha yo o bidiwang Allison a re: “Ke tshela botshelo jwa me ka tsela e e molemolemo e nka kgonang ka yone mme e bile ke leka go nna motho yo o siameng.” Jaaka ene, batho ba le bantsi ba akanya gore go tshela ka tsela eo ke sone fela se Modimo a se batlang.

Ba bangwe ba tlhomamisegile gore le fa ba ka leofa ka tsela e e masisi, Modimo ga a tshwenyege ka seo, fa fela tsela ya botshelo jwa bone ka kakaretso e siame. Ba dumela gore Modimo o rata go itshwarela thata go na le go kgala motho.

Gone ke boammaaruri gore batho ba ba farologaneng ba tlhalosa go “nna molemo” ka ditsela tse di sa tshwaneng. Mme Baebele yone ya reng? Re tshwanetse go dira eng gore re amogelwe ke Modimo? Go kaya eng go nna motho yo o siameng mo matlhong a Modimo?

Go Amogela Kaelo ya Mmopi wa Rona

E re ka Jehofa Modimo e le Mmopi wa rona, o na le tshwanelo ya go re kaela mo boitsholong. (Tshenolo 4:11) Mo Baebeleng, Modimo o re naya melao le melaometheo e e re kaelang mo boitsholong le mo kobamelong ya rona. Modimo o ne a bolelela batho ba gagwe jaana: “Utlwang lentswe la me, mme lo dire dilo go ya ka sotlhe se ke se lo laelang; mme ruri lo tla nna batho ba me mme nna ke tla nna Modimo wa lona.”—Jeremia 11:4.

Ka jalo, “go nna molemo” go ya ka pono ya Modimo, motho o tlhoka go ithuta melao ya gagwe le go dumalanya botshelo jwa gagwe le yone. A ko o akanye fa e le gore o batla go nna tsala ya mongwe. Ga go pelaelo gore o ne o ka rata go itse gore motho yoo o batla go tshwarwa jang mme go tswa foo o bo o dira dilo go ya ka tsela e e tla mo itumedisang. Baebele e bontsha gore, jaaka tlhogo ya lotso e bong Aborahame, le rona re ka nna ditsala tsa ga Jehofa—e leng, go nna motho yo a mo amogelang. (Jakobe 2:23) Mo godimo ga moo, e re ka Modimo a na le melao e e kwa godimo thata go na le ya rona, re ka se ka ra lebelela gore a e fetole gore e tshwanele mekgwa ya mongwe le mongwe wa rona.—Isaia 55:8, 9.

Botlhokwa Jwa go Nna Kutlo

A tota Modimo a ka se ka a re amogela fa re itlhokomolosa melao e “mennye?” Batho bangwe ba ka nna ba bolela gore go ikobela melawana mengwe e “mennye” ga go botlhokwa. Le fa go ntse jalo, ga go na molao ope o o tlhomilweng ke Modimo o o ka tsewang o se botlhokwa. Ela tlhoko gore mo go 1 Johane 5:3 Baebele ga e dire pharologano epe fa e re: “Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaelo tsa gagwe; mme ditaelo tsa gagwe ga di imele.” Fa re dira sotlhe se re ka se kgonang go boloka melao yotlhe ya Modimo, re tla bo re bontsha gore re mo rata ka pelo yotlhe.—Mathaio 22:37.

Jehofa ga se motho yo o batlang gore re nne batho ba ba sa direng diphoso dipe. Fa tota re ikwatlhaela diphoso tsa rona mme re leka go tila go di boeletsa gape, o iketleeditse go re itshwarela. (Pesalema 103:12-14; Ditiro 3:19) Mme gone a re ka itlhokomolosa melao e e rileng ka boomo re akanya gore fa re ikobela e mengwe go tla re thusa? Sekai sengwe sa Baebele se bontsha gore re ka se ka ra dira jalo.

Kgosi Saulo wa kwa Iseraele o ne a tlhopha go ikobela melao e e rileng ya Modimo. Fa a ne a lwa le Baamaleke, o ne a laelwa gore a se ka a boloka sepe sa leruo la bone. O ne a tshwanetse go di ‘bolaya.’ Le fa a ne a latela ditaelo tse dingwe, Saulo ga a ka a nna kutlo mme o ne a boloka “tse di gaisang tsa letsomane le motlhape.” Ka ntlha yang? Ene le batho ba bangwe botlhe ba ne ba ipatlela dilo tseno ka bobone.—1 Samuele 15:2-9.

Fa moporofeti Samuele a botsa Saulo gore ke ka ntlha yang fa a ile a se ka a utlwa taelo ya Modimo, Saulo o ne a ganela mme a bolela gore o ile a di ikobela. O ne a umaka dilo tse dintle tse ene le batho ba di dirileng, go akaretsa le ditlhabelo tse ba di ntsheditseng Modimo. Samuele o ne a botsa jaana: “A Jehofa o natefelwa ke ditshupelo tse di fisiwang le ditlhabelo jaaka a natefelwa ke go utlwiwa ga lentswe la ga Jehofa? Bona! Go utlwa go botoka go na le setlhabelo, go tlhwaya tsebe go na le mafura a diphelefu.” (1 Samuele 15:17-22) Ka jalo, re ka se ka ra bipa go sa utlwe ga rona Modimo mo dilong dingwe ka go ntsha ditlhabelo kgotsa ka go dira ditiro tse dingwe tse di molemo.

Melao ya Modimo—Bosupi Jwa Lorato Lwa Gagwe

Jehofa ka lorato ga a lebelela gore re fopholetse gore re tla mo itumedisa jang. O re neela kaelo e e tlhomameng mo Baebeleng malebana le boitsholo, ka mafoko a mangwe a re: “Tsela ke e. Tsamayang ka yone.” (Isaia 30:21) Fa re latela kaelo ya gagwe, re tila go kgobega marapo le go sa tlhomamisege ka go nna re batlisisa dilo go ya ka dipono tsa batho tse di ganetsanang malebana le boitsholo. Mme re ka tlhomamisega gore kaelo ya Modimo ka metlha e tla re solegela molemo, ‘e re ruta gore re solegelwe molemo.’—Isaia 48:17, 18.

Ke eng se se kotsi ka gore re itlhophele rona ka borona gore “se se molemo” ke sefe? Rotlhe re ruile boikutlo jwa go rata go nna pelotshetlha. Dipelo tsa rona ka botsone di ka re tsietsa. (Jeremia 17:9) Go motlhofo gore re nyenyefatse botlhokwa jwa dilo tse Modimo a di batlang mo go rona mme re di tsaya e le tse di boima le tse di re kgoreletsang.

Ka sekai, batho ba babedi ba ba sa nyalanang ba ka nna ba tlhopha go tlhakanela dikobo, ba akanya gore e re ka go se na ope yo mongwe yo o akarediwang mo kgannyeng eo, ke kgang ya botho. Ba ka nna ba lemoga gore se ba se dirang ga se tsamaisane le melao ya Baebele mme ba bo ba swetsa ka gore fa fela “go se na ope yo o tla utlwang botlhoko,” go ka se direge gore Modimo a ba latlhe. Dikeletso tsa bone di ka nna tsa dira gore ba se ka ba bona bomasisi jwa se ba se dirang le ditlamorago tsa gone. Baebele e tlhagisa jaana: “Go na le tsela e e thokgameng fa pele ga motho, mme bokhutlo jwa yone morago ga moo ke ditsela tsa loso.”—Diane 14:12.

Melao yotlhe ya ga Jehofa e bontsha kafa a ratang batho ka teng le gore o batla gore re tile go ikutlwisa botlhoko. Go itlhokomolosa melao ya Modimo malebana le boitsholo jwa tlhakanelodikobo kgotsa boitsholo jo bongwe ga go a ka ga dira gore batho ba itumele le go atlega mo botshelong go feta pele. Mo go ba le bantsi, go ile ga dira gore botshelo jwa bone bo raraane thata. Kafa letlhakoreng le lengwe, go latela melao ya Modimo go re thusa go dira maiteko a go tshela botshelo jo bo siameng le go tila go ikutlwisa botlhoko le go utlwisa ba bangwe botlhoko go sa tlhokege.—Pesalema 19:7-11.

Fa e le gore tota o batla go nna motho yo o siameng go ya ka pono ya Modimo, dira maiteko otlhe gore o latele kaelo ya gagwe. O tla iponela ka bowena gore “ditaelo tsa [ga Jehofa] ga di imele.”—1 Johane 5:3.

A O KILE WA IPOTSA GORE . . .

▪ Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go amogela kaelo ya Mmopi wa rona?—Tshenolo 4:11.

▪ A re tshwanetse go ikobela ditaelo tsotlhe tsa Modimo?—1 Johane 5:3.

▪ Ke ka ntlha yang fa go se botlhale go itlhophela melao ya boitsholo ka borona?—Diane 14:12; Jeremia 17:9.

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

A o leba boitsholo ka tsela e Modimo a bo lebang ka yone?