Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dira Gore Modimo a go Kaele Gore o Bone “Botshelo Jwa Mmatota”

Dira Gore Modimo a go Kaele Gore o Bone “Botshelo Jwa Mmatota”

Dira Gore Modimo a go Kaele Gore o Bone “Botshelo Jwa Mmatota”

NONOFO e e botlhokwa e mokaedi ope fela a tshwanetseng go nna le yone ke boikanyegi. Batho ba ba itseng Jehofa, Mokwadi wa Baebele, ba tlhatswegile pelo gore ke motho yo o ikanyegang go gaisa botlhe. A ‘ka se ka a aka.’ (Tito 1:2; 2 Timotheo 3:16) Joshua yo o neng a boifa Modimo, yo o neng a etelela Baiseraele pele go ya go tsena kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng, o ne a supa ka boene gore Jehofa o a ikanyega. Fa a ne a bua le batho, o ne a re: “Lo itse sentle ka dipelo tsa lona tsotlhe le ka meya ya lona yotlhe gore ga go na lefoko le le lengwe le le sa diragadiwang mo mafokong otlhe a a molemo a Jehofa Modimo wa lona a a buileng le lona. A lo diragaletse otlhe fela. Ga go na le fa [e le] le le lengwe la one le le sa diragalang.”—Joshua 23:14.

Fa e sa le ka nako ya ga Joshua, go na le boporofeti jo bontsi jwa Baebele jo bo ileng jwa diragadiwa. Lebaka la go bo boporofeti jo bontsi jaana bo ile jwa diragadiwa go re naya mabaka a a utlwalang a gore re nne le tumelo e e nonofileng mo boporofeting jo bo sa ntseng bo tla diragadiwa. Bontsi jwa boporofeti jono bo amana le maikaelelo a Modimo ka lefatshe le ka batho ba ba kutlo.

A o Tla Solegelwa Molemo ke Kaelo e e Tswang mo Modimong?

Jehofa yo e leng mothofatso wa lorato, o batla gore re itumele gone jaanong le ka bosakhutleng. (Johane 17:3; 1 Johane 4:8) Ee, Modimo o batla gore re itumelele “botshelo jwa mmatota”—botshelo jo bo sa khutleng. (1 Timotheo 6:12, 19) Ka ntlha ya seo, go na le Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang dimilione di le thataro ba ka go utlwa taelo ya Modimo, ka boitumelo ba bolelelang baagisani ba bone “dikgang tse di molemo . . . tsa bogosi.” (Mathaio 24:14) Gone jaanong, ba dira tiro eno mo dinageng di le 235—mo e ka nnang mo nageng nngwe le nngwe mo lefatsheng!

Bogosi jwa Modimo ke puso ya kwa legodimong e e kafa tlase ga Jesu Keresete. (Daniele 7:13, 14; Tshenolo 11:15) Mo pusong ya gagwe batho botlhe ba ba boikepo—ba ba ganang go utlwa melao ya ga Jehofa e e siameng—ba tla senngwa. (Pesalema 37:10; 92:7) Morago ga foo, lefatshe lotlhe “le tla tlala kitso ya ga Jehofa jaaka metsi a khurumeditse lewatle.”—Isaia 11:9.

Akanya ka kagiso le go utlwana go go tla bong go le teng fa motho mongwe le mongwe mo lefatsheng a obamela Modimo “ka moya le ka boammaaruri” mme ba iketleeleditse go ikobela kaelo ya gagwe e e lorato le melao ya gagwe e e itekanetseng! (Johane 4:24) Kgabagare batho ba tla bona “botshelo jwa mmatota” jo Modimo a bo solofeditseng!

Le fa go ntse jalo, jaaka go boleletswe pele, ke ba sekaenyana fela ba ba tla amogelang kaelo ya Modimo le go bona botshelo. (Mathaio 7:13, 14) A o batla go nna mongwe wa bone? Fa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ba go laletsa ka lorato gore o tlhatlhobe Dikwalo le go dira gore kgakololo ya Modimo e go kaele. Ka go dira jalo, o tla kgona ‘go leka,’ ka bowena go bona kafa Jehofa a leng molemo ka teng. (Pesalema 34:8) Fela jaaka maikutlo a tlholego a kaela dinonyane kwa di yang gone, Jehofa le ene o kaela batho ba gagwe ba ba ikanyegang kwa botshelong jwa Paradaise.—Luke 23:43.

[Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]

“Go itumela ba ba bonolo, e re ka ba tla rua lefatshe.”—MATHAIO 5:5

“Ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.” —PESALEMA 37:11

“Mogope wa Modimo o mo bathong . . . Mme o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo.”—TSHENOLO 21:3, 4

“Bathokgami ke bone ba ba tla agang mo lefatsheng, mme ba ba se nang molato ke bone ba ba tla salang mo go lone. Fa e le baikepi bone, ba tla kgaolwa mo lefatsheng; mme maferefere one, a tla kumolwa mo go lone.”—DIANE 2:21, 22