Ditiragalo Tsa Lefatshe
Ditiragalo Tsa Lefatshe
▪ Mokwaledi wa Dipalangwa wa nakwana e bong Maria Cino, o ne a bolela jaana: “Go kgweetsa o tagilwe ke nngwe ya tlolomolao e e bolayang thata kwa Amerika.” Mo dintshong tsotlhe tse di neng di bakilwe ke dikotsi tsa dikoloi ka 2005, diperesente di le 39 e ne e le tse di amanang le bojalwa.—U.S. DEPARTMENT OF TRANSPORTATION.
▪ “Gompieno dikarolwana di le 46 000 tsa matlakala a polasitiki a kokobala mo godimo ga metsi a lewatle mo sekwereng kilometara sengwe le sengwe.”—UNITED NATIONS ENVIRONMENT PROGRAMME.
▪ “Babereki ba kwa United States ba dirisa diura di le dimilione di le 500 ka ngwaga ba tshameka metshameko [ya khomputara] mo tirong, mme ba senya madi a dilwana tse di ka bong di rekisiwa a le kana ka diranta di le dibilione di le 71.” Mme seno ga se akaretse nako “e e dirisiwang go fenyonkolola Internet kwa tirong go dira dilo tsa botho.”—MANAGEMENT-ISSUES WEB SITE.
Go Dirisa Dikgoka Kgatlhanong le Bana
Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo o bolela jaana: “Mo baneng ba le bantsi, dikgoka ke sengwe se se ba diragalelang letsatsi le letsatsi.” Go ya ka pego nngwe ya bosheng ya motsamaisimogolo wa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, “mo e ka nnang bana ba le 53 000 ba ile ba swa mo lefatsheng lotlhe ka ngwaga wa 2002 ka go bolawa.” Mo godimo ga moo, bana ba le dimilione ba sotliwa ka gore ba dire tiro e e boima, go rekisa mebele ya bone kana ka ditshwantsho tse di hepisang. A bosula jo bo ntseng jalo bo ka tilwa? Pego ya motsamaisimogolo e bolela jaana: “Dilo tse di ka nnang tsa thusa gore go nne le tshireletsego mo lelapeng le mo maemong a mangwe di akaretsa gore batsadi ba godise bana ba bone sentle, fa go nna le dikamano tse di nonofileng fa gare ga bana le batsadi le kotlhao e e siameng e e seng ya dikgoka.”
Go Nna le Ditsala Tse di Siameng, go Dira Gore Motho a Tshele Nako e Telele!
Journal of Epidemiology and Community Health, e bega gore fa motho a na le setlhopha sa ditsala tse di siameng go ka nna ga thusa gore motho a tshele nako e telele. Patlisiso nngwe e e dirilweng ka batho ba kwa Australia ba ba ka nnang 1 500 ba dingwaga di le 70 le kwa godimo e ne ya sekaseka kafa botsala bo ileng jwa ama boleele jwa botshelo jwa motho mo dingwageng tse di fetang lesome. Batho ba ba nang le setlhopha sa ditsala tse dikgolo ba swa ka selekanyo se se kwa tlase ka diperesente di le 22 go na le ba ba nang le ditsala di se kae fela. Pego nngwe e ne ya bolela gore, “bagodi ba ka thusiwa ke go nna le ditsala tse di amegang ka bone, segolo jang fa ba tshwenyegile thata mo maikutlong, fa ba belaela bokgoni jwa bone, boitlotlo jwa bone, go kgona ga bone go itshokela mathata, melaometheo e ba e latelang le go kgona go laola botshelo jwa bone.”
Baboritane ba mo Sekolotong
Lokwalodikgang lwa kwa Lontone lwa The Daily Telegraph lo bolela jaana: “Bagolo ba ba fetang nngwe tharo ba ba nang le diakhaonto tsa banka ba ikaegile ka madi a a fetang a ba nang le one mo bankeng gore a ba thuse go duelela dikoloto tsa bone.” Go na le gore ba dirise madi ano a a fetang a ba nang le one mo bankeng a ba kgonang go a dirisa fa go na le maemo a ba sa a lebelelang, e nna madi a ba “a tlhokang tota” mme batho ba kwa Boritane ba ba dimilione di le 3,5 ba ba setseng ba kolota banka ka go dirisa madi a ba se nang one. Keith Tondeur, yo o e leng mokaedimogolo wa mokgatlho mongwe o o thusang ka madi a thuto wa Credit Action, o kgala “boikutlo jwa setšhaba jwa go batla go ikgotsofatsa gone jaanong.” Tondeur o tlhagisa jaana: “Bontsi jwa rona bo dirisa madi a mantsi go feta a ba nang le one mme e re ka ba sa itse gore kgang ya tsa madi e bereka jang ga ba itse le gore seno se re ja madi a a kana kang.”
Go Tsaya Maeto ka Sefofane Bosigo le go Gotela ga Moya O o Mo Loaping
Makasine wa Scientific American o bolela gore, mosi o e keteng ke maru o o bakwang ke difofane mo loaping o ama themperetšha mo loaping. Motshegare mela eo ya mosi e na le marang a letsatsi, mme seo se dira gore themperetšha ya tikologo yotlhe e ye kwa tlase. Le fa go ntse jalo, bosigo, e tshwara mogote kafa tlase ga yone. Pego eo e ne ya bontsha gore mmatlisisi mongwe wa Moesemane o ne a fitlhela gore “go fofa ka sefofane ka dinako tse di fa gare ga 6 P.M. le 6 A.M. go ne ga dira gore go gotela ga tlelaemete go oketsege ka diperesente di le 60 le 80 e le go go bakiwang ke maru ao a mosi le fa gone e le diperesente di le 25 fela tsa difofane tsotlhe tse di fofang mo loaping.”