Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kaelo e e Gaisang Maikutlo a Tlholego

Kaelo e e Gaisang Maikutlo a Tlholego

Kaelo e e Gaisang Maikutlo a Tlholego

“Fa motho a itshwara fela go ya ka kgololesego ya gagwe ya go itlhophela, mme go se na sepe se se mo kaelang gore a ditlhopho tse a di dirang di siame kgotsa nnyaa, he, molao o tla tshwanelwa ke gore o dirisiwe fa go se na boitsholo jo bontle.”—DR. DANIEL CALLAHAN.

KA MASWABI se Callahan a neng a tshwenyega ka sone se ile sa diragala, ka gonne go oketsega ga go tlhoka boitsholo mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe go pateletsa mebuso go tlhoma melao e mentsi go fokotsa bokebekwa. Kwa Kokoanong ya Bomme ya ntlha e e kileng ya nna teng kwa Nigeria, poresidente ya Nigeria e ile ya bolela gore e tshwenyegile thata ka isagwe ya naga. O ne a sa akanye ka dipolotiki kgotsa khumanego, go na le moo, o ne a akantse ka “bothata jo bo masisi le go feta”— go “senyega ga kakaretso ga . . . boitsholo mo lelapeng, kwa tirong, mo setšhabeng le mo nageng ya bone.”

Kwa Boritane patlisiso nngwe ya bomme ba le 1 736 e ile ya bontsha gore “sebofo se se tlwaelegileng sa lelapa se tswelela pele go phutlhama gotlhelele ka ntlha ya go senyega ga mekgwa ya boitsholo le go oketsega ga batsadi ba ba seng mo lenyalong.” Le kwa China, boitsholo bo ntse bo senyegela pele. Makasine wa Time o ne wa bega gore batho ba koo ba simolola go tlhakanela dikobo ba sa le basha thata mme ba dira jalo le balekane ba le bantsi le go gaisa. Mosadi mongwe yo mosha wa kwa China yo o neng a ipelafatsa ka go nna le balekane ba ba fetang 100 ba a tlhakanelang dikobo le bone, o ne a bolela jaana: “Ke botshelo jwa me, nka dira se ke se ratang.”

Go senyega ga boitsholo go amile le batho ba ba nang le taolo. Javed Akbar o ne a bolela jaana mo lokwalodikgannyeng lwa kwa Canada lwa Toronto Star: “Batho ga ba tlhole ba tlotla batho ba ba ba etelelang pele gore e nne bone ba ba ba tlhomelang sekao sa boitsholo jo bo siameng.” O ne a re batho ba dipolotiki, baeteledipele ba mekgatlho tota le baeteledipele ba bodumedi “ba bonala ba se na boitsholo jo bo siameng.”

Ke ka Ntlha Yang fa Boitsholo bo Senyega Jaana?

Go na le dilo tse dintsi tse di dirang gore go nne le tlwaelo eno. Nngwe ya tsone ke moya wa go nna kgatlhanong le mekgwa e mentle e e tlwaelegileng. Ka sekai, potsolotso nngwe e dirilweng kwa kgaolong ya Borwa ya United States e ile ya bontsha gore bontsi jwa baithuti ba kwa kholetšheng ba ba ileng ba arabela ba akanya gore “selo se se siameng le se se sa siamang se laolwa ke gore motho o ikutlwa jang ka gone.”

Mokwadi mongwe wa dipolotiki e bong Zbigniew Brzezinski o ne a umaka lebaka le lengwe. O ne a kwala ka gore, setšhaba sa gompieno “se tlhomile mogopolo thata mo goreng ba kgotsofatse dikeletso tsa bone gone jaanong, mo seemong se mo go sone go rata menate ka tsela e e feteletseng ga motho ka mongwe le batho ba le setlhopha e leng sone selo sa konokono mo go se ba se dirang.” Tlhopho ya motho ya go itirela tshwetso malebana le boitsholo, bogagapa le go rata go ikgotsofatsa go ka tswa go na le kgogelo e e rileng mme a seno se dira gore ba nne le boitumelo jwa mmatota, kgotsofalo le kamano e e siameng le batho ba bangwe?

Jesu o ne a re: “Botlhale bo supiwa bo siame ke ditiro tsa jone.” (Mathaio 11:19) A go bo boitsholo bo senyegile thata jaana go dira gore batho ba itumele le go ikutlwa ba babalesegile go feta pele? Akanya ka ditlamorago dingwe tsa gone: go oketsega ga go sa tshepane, go ikutlwa o sa babalesega, go sa nne le dikamano tse di siameng le batho ba bangwe, bana ba ba golang kwantle ga rre kgotsa mmè, leroborobo la malwetse a a tshwaetsanang, go ima go go sa batlegeng, go tshwakgolwa ke diokobatsi le thubakanyo. Dilo tseno tsotlhe tse di diregang ga di supe go kgotsofala le katlego, go na le moo, di supa kutlobotlhoko le go palelwa.—Bagalatia 6:7, 8.

Jeremia, moporofeti wa Modimo, yo o neng a bona mathata a a tshwanang le ano mo motlheng wa gagwe o ne a akgela jaana ka go tlhotlhelediwa: “Ke itse sentle, tlhe Jehofa, gore tsela ya motho wa mo lefatsheng ga se ya gagwe. Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.” (Jeremia 10:23) Ee, Modimo ga a ka a re bopa gore re tshele kwantle ga kaelo ya gagwe, gore re itlhophele se se siameng le se se sa siamang. Dilo tse di ka lebegang di siame mo go rona, di ka nna tsa bo tota e le tse di ka re utlwisang botlhoko thata. Baebele e bolela jaana mo go Diane 14:12: “Go na le tsela e e thokgameng fa pele ga motho, mme bokhutlo jwa yone morago ga moo ke ditsela tsa loso.”

Mmaba Yo o Mo Teng ga Rona!

Lebaka lengwe la go bo re tlhoka go kaelwa malebana le dikgang tse di amanang le boitsholo ke lefe? Ke ka go bo dipelo tsa rona di ka kgona go re tsietsa. Mo go Jeremia 17:9 Baebele ya re: “Pelo e boferefere go gaisa sengwe le sengwe mme e gagamalela se e se batlang. Ke mang yo o ka e itseng?” Fa o ne o itse gore motho o boferefere e bile o gagamalela go batla sengwe le sengwe, a o ne o ka mo tshepa? Le e seng! Le fa go ntse jalo, mongwe le mongwe wa rona o na le pelo e e ka nnang le yone mekgwa eo. Ke ka lebaka leo Modimo a re nayang tlhagiso e e tlhamaletseng mme e le lorato eno: “Yo o ikanyang pelo ya gagwe o sematla, mme yo o tsamayang ka botlhale ke ene yo o tla falolang.”—Diane 28:26.

Seo ke sone se re tlhokang go se dira: Go na le gore re ikanye dinonofo tsa rona tse di sa itekanelang, re tlhoka go tsamaya ka botlhale jwa Modimo, ka go dira jalo re ikgolola mo diraing di le dintsi. Mo godimo ga moo, botlhale jo bo botlhokwa jono bo ka bonwa nako nngwe le nngwe ke batho botlhe ba ba bo batlang tota. “Fa mongwe wa lona a tlhoka botlhale, a a nne a kope Modimo, gonne o naya botlhe ka bopelotshweu e bile a sa kgobe.”—Jakobe 1:5.

Ikanye Modimo “ka Pelo ya Gago Yotlhe”

Fa Baebele e tlhalosa Mmopi wa rona, ya re: “Lefika, tiro ya gagwe e itekanetse, gonne ditsela tsotlhe tsa gagwe di tshiamiso. Modimo yo o ikanyegang, yo go se nang botlhoka tshiamiso mo go ene; o siame e bile o thokgame.” (Duteronome 32:4) Ee, Jehofa o tshwana le lefika le legolo. Re ka kgona go ikaega ka mo go feletseng ka ene gore a re neye kaelo e e siameng ya boitsholo le ya semoya le fa go ka tswa go ka nna le diphetogo dipe go re dikologa. Diane 3:5, 6 ya re: “Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago. Mo tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago.”

Ee, ke mang yo o tla re nayang kaelo e e botoka go gaisa Mmopi wa rona, yo o balang “meriri ya ditlhogo tsa [rona]”? (Mathaio 10:30) Mo godimo ga moo, o ile a itshupa e le tsala ya mmatota, e e re ratang thata mo e leng gore o tla ikanyega ka metlha mo go rona—tota le fa go ka tswa go le boima gore re amogele boammaaruri.—Pesalema 141:5; Diane 27:6.

Ela tlhoko gape gore Jehofa ga a re patelele go ineela go amogela kaelo ya gagwe. Go na le moo, o re lopa ka ntlha ya lorato. “Nna Jehofa, . . . Yo ke go rutang gore o solegelwe molemo, Yo ke dirang gore o gate mo tseleng e o tshwanetseng wa tsamaya mo go yone. Fa fela o ne o ka tlhwaela ditaolo tsa me tsebe! Foo kagiso ya gago e ne e tla nna fela jaaka noka, le tshiamo ya gago jaaka makhubu a lewatle.” (Isaia 48:17, 18) A ga o kgatlhwe ke Modimo yo o ntseng jalo? Mo godimo ga moo, o dirile gore re kgone go bona botlhale ka Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng e leng Baebele e e Boitshepo, buka e e anamisitsweng thata go gaisa tsotlhe mo lefatsheng!—2 Timotheo 3:16.

Dira Gore Lefoko la Modimo le Bonese Tsela ya Gago

Mopesalema o ne a kwala jaana malebana le Dikwalo tse di Boitshepo: “Lefoko la gago ke lobone lwa lonao lwa me, le lesedi la tsela ya me.” (Pesalema 119:105) Fa go na le lobone mo dinaong tsa rona go dira gore re bone dikotsi tse di ka nnang teng fa gaufi mme lesedi mo tseleng ya rona le bonesa tsela e re yang kwa go yone. Ka mafoko a mangwe, Lefoko la Modimo le ka re kaela ka pabalesego mo botshelong le re thusa go dira ditshwetso tse di siameng malebana le boitsholo le mo dilong tsotlhe tse dingwe—tse di ka re amang gone jaanong le tse di ka re amang mo nakong e e tlang.

Ka sekai, akanya ka Thero ya kwa Thabeng. Mo puong e khutshwane eo, e e kwadilweng mo go Mathaio kgaolo 5 go ya go 7, Jesu Keresete o ne a bua ka boitumelo, lorato, letlhoo, kutlwelobotlhoko, boitsholo, thapelo, go batla dikhumo, le dilo tse dingwe tse dintsi tse di leng botlhokwa gompieno fela jaaka go ne go ntse mo nakong eo. Mafoko a gagwe e ne e le a a botlhale mo e leng gore “boidiidi bo ne jwa tshwarwa ke kgakge ka ntlha ya tsela ya gagwe ya go ruta.” (Mathaio 7:28) Ke eng o sa iphe nako ya gore o ipalele thero eno. Gongwe le wena e tla go kgatlha.

“Nnang lo Kope” Thuso ya Modimo

Gone ke boammaaruri gore go dira se se siameng mo matlhong a Modimo ga go motlhofo ka metlha. Tota e bile Baebele e tshwantsha go kgaratlha ga rona kgatlhanong le boleo le ntwa. (Baroma 7:21-24) Le fa go ntse jalo, ka thuso ya Modimo, re ka fenya ntwa eo. Jesu o ne a re: “Nnang le kope, mme lo tla newa, nnang lo senke, me lo tla bona . . . Gonne mongwe le mongwe yo o kopang o a amogela, le mongwe le mongwe yo o senkang o a bona.” (Luke 11:9, 10) Ee, Jehofa a ka se ka a fularela ope yo o lekang ka tlhoafalo go tsamaya mo tseleng e e tshesane e e isang kwa botshelong jo bo sa khutleng.—Mathaio 7:13, 14.

Ela tlhoko sekai sa ga Frank, yo o neng a tshwakgotswe ke motsoko mme a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Fa Frank a sena go bala 2 Bakorintha 7:1 mme ka botlhale a swetsa gore mokgwa wa gagwe ke “leswe la nama” mo matlhong a Modimo, o ne a ikemisetsa go tlogela go goga. Le fa go ntse jalo, go tshela go ya ka tshwetso e a e dirileng go ne go se motlhofo. Mo lekgetlhong lengwe o bile a iphitlhela a gagaba ka diatla le mangole a batla setompi sa sekerete go se goga!

Boitshwaro jo bo tlhabisang ditlhong jono bo ile jwa dira gore Frank a lemoge kafa a nnileng lekgoba la motsoko ka teng. (Baroma 6:16) Ka jalo, o ne a rapelela thuso ka tlhoafalo, a dirisa sentle botsalano jo a neng a bo fiwa mo phuthegong ya Bokeresete ya Basupi ba ga Jehofa, mme ka tsela eo a fenya mokgwa wa gagwe o o bosula.—Bahebera 10:24, 25.

Go Itlhokomela ka Dilo Tse o di Tlhokang Semoyeng

Boitemogelo jwa ga Frank ke sengwe fela sa dikai tse dintsi tse di bontshang gore Baebele e na le kaelo e e di gaisang tsotlhe ya boitsholo le ya semoya, e bile e thusa motho go tsaya kgato ka kaelo e a e bonang. Ga go gakgamatse he go bo Jesu a ile a bolela jaana: “Motho o tshwanetse go tshela, e seng ka senkgwe se le sosi, fa e se ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang ka molomo wa ga Jehofa.”—Mathaio 4:4.

Fa re tsaya tsia boammaaruri jo bo botlhokwa jwa Modimo, re tla solegelwa molemo ka ditsela tsotlhe—mo tlhaloganyong, mo maikutlong, semoyeng le mo mmeleng. Pesalema 19:7, 8 ya re: “Molao wa ga Jehofa o itekanetse, o rudisa [kgotsa o tsosolosa] moya. . . . Ditaelo tse di tswang kwa go Jehofa di thokgame, di dira gore pelo e ipele; taelo ya ga Jehofa e phepa, e phatsimisa matlho [ka tsholofelo le ka go bona maikaelelo a Modimo sentle].”

Ka Lefoko la gagwe, Jehofa ga a re thuse fela go dira gore mosupatsela wa rona o dire sentle le gore re tshele botshelo jo bo molemo go gaisa gone jaanong. Mme gape o re sedifaletsa ka isagwe. (Isaia 42:9) Jaaka fa setlhogo se se latelang se bontsha, isagwe eo e ka bonwa ke mongwe le mongwe yo o amogelang kaelo ya Modimo.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 4, 5]

“Mosupatsela” wa Gago wa Boitsholo

Batho ba na le mpho e e botlhokwa thata—bokgoni jwa segakolodi. Ka ntlha ya seo, batho ba ditso tsotlhe le merafe yotlhe, le ba motlha mongwe le mongwe, ba na le melao ya boitsholo e e batlang e tshwana. (Baroma 2:14, 15) Le fa go ntse jalo, segakolodi ga se mokaedi yo o sa direng diphoso; se ka tlhotlhelediwa ke ditumelo tsa bodumedi jwa maaka, difilosofi tsa batho, go tlhaolana ga batho le dikeletso tse di sa siamang. (Jeremia 17:9; Bakolosa 2:8) Ka jalo, fela jaaka mokgweetsi wa sefofane a tlhoka go laola didirisiwa tsa gagwe tse di tsamaisang sefofane, le rona re tlhoka go nna re sekaseka mme fa go tlhokega re baakanye mosupatsela wa rona wa boitsholo le wa semoya go ya ka melao e e siameng ya “Moneimolao wa rona,” e bong Jehofa Modimo. (Isaia 33:22) Go farologana le melao ya boitsholo e e tlhomilweng ke batho, e e ka fetogang go ya ka dikokomane, melao ya Modimo e e itekanetseng e nnela ruri. A re: “Ke nna Jehofa; ga ke a fetoga.”—Malaki 3:6.

[Lebokoso mo go tsebe 7]

Kaelo E e Ka go Thusang go Bona Katlego le Boitumelo

GO BONA BOITUMELO

“Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.”—MATHAIO 5:3.

“Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”—DITIRO 20:35.

“Go itumela ba ba utlwang lefoko la Modimo e bile ba le boloka!”—LUKE 11:28.

DIRA GORE BATHO BA GO IKANYE

“A mongwe le mongwe wa lona a bue boammaaruri le moagelani wa gagwe.”—BAEFESO 4:25.

“A moutswi a se ka a tlhola a utswa.”—BAEFESO 4:28.

“A lenyalo le tlotlege mo go botlhe, le bolao jwa lenyalo bo nne bo sa leswafala.”—BAHEBERA 13:4.

GO LWELA GO NNA LE DITIRISANO TSE DI MOLEMO

“Dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang.”—MATHAIO 7:12.

“A [monna] a rate mosadi wa gagwe jalo jaaka a ithata; . . . mosadi o tshwanetse go nna le tlotlo e e boteng mo monneng wa gagwe.”—BAEFESO 5:33.

“Tswelelang . . . lo itshwarelana lo gololesegile.”—BAKOLOSA 3:13.

GO TILA DIKGOTLHANG LE GO DI RARABOLOLA

“Lo se ka lwa busetsa ope bosula ka bosula.”—BAROMA 12:17.

“Lorato lo pelotelele e bile lo pelonomi. . . . Ga lo nnele go gopola kutlwisobotlhoko.”—1 BAKORINTHA 13:4, 5.

“A letsatsi le se ka la phirima lo sa ntse lo galefile.”—BAEFESO 4:26.