Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ke Sone se Tota re Neng re se Tlhoka!”

“Ke Sone se Tota re Neng re se Tlhoka!”

“Ke Sone se Tota re Neng re se Tlhoka!”

Ke se mmè mongwe wa kwa Italy a ileng a se bolela fa a amogela buka ya Ithute mo Morutising yo Mogolo. O ne a re: “Ke ne ka palelwa ke go thiba dikeledi tsa me.” O ne a oketsa jaana malebana le morwadie yo mmotlana: “Ga a ise a kgone go bala mme ka ntlha ya ditshwantsho, o kgona go gakologelwa dintlha tsa konokono. O reetsa ka kelotlhoko ka gonne buka eno e kwadilwe jaaka e kete go tshwerwe puisano le mmadi, mme gantsi morwadiake o kopanela mo puisanong eo. Ke mpho e e molemo go gaisa e re kileng ra e amogela.”

Rre mongwe wa kwa Italy o ne a tlhalosa gore ene le mosadi wa gagwe ba ne ba ipotsa gore ba tla tlhalosetsa morwa wa bone yo mosha jang ka tlhakanelodikobo. Ba ne ba re: “Fa kgatiso e ntšha eno e gololwa, re ne ra lemoga gore Modimo o tlhaloganya matshwenyego a rona. Fa re sena go e tlhatlhoba, re ne ra bua kafa buka eno e ntšha e neng e tla kgothatsa morwaarona ka teng gore a akanye ka kelotlhoko le go kgona go baya mabaka.”

Mosha mongwe wa kwa Japane, yo o kileng a sotliwa ka tsa tlhakanelodikobo fa a ne a le ngwana, o ne a kwala jaana a bontsha kanaanelo ka buka eno: “Ke ne ka lela thata mme ke sa kgone go kgaotsa go leboga Jehofa. Buka eno e bua ka tlhamalalo le ka tsela e e tshwanetseng ka dilo tse bana ba ka lebanang le tsone mo motlheng ono o o boikepo. Dipotso tsa teng di kgothaletsa ngwana go tlhalosa maikutlo a gagwe. A bo kgaolo 32 e le thuso e e molemo jang ne ya go sireletsa bana mo bagolong ba ba boikepo! Fa nka bo ke na le sedirisiwa se se ntseng jalo se se buang ka tlhamalalo e bile se ruta dingwaga di le 20 tse di fetileng, botshelo jwa me bo ka bo bo farologane thata gone jaanong.”

O ka kopa go romelelwa buka eno ya ditsebe tse 256 e e nang le ditshwantsho tse dintle, e e lekanang le makasine ono. Tlatsa setlankana se se fa tlase fano o bo o se romela kwa atereseng e e supilweng fano kgotsa kwa atereseng e e tshwanetseng e e mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.

□ Kwantle ga go ipofa, tsweetswee nthomeleleng buka e e supilweng fano.

Bontsha gore ke puo efe.

□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.