Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mafofa—A Dirilwe ka Tsela e e Gakgamatsang

Mafofa—A Dirilwe ka Tsela e e Gakgamatsang

Mafofa—A Dirilwe ka Tsela e e Gakgamatsang

KA GO tsharolela diphuka tsa yone kwa tlase, nonyane ya metsi e fofela kwa godimo. Fa e le kwa godimo, e a retologa e bo e tlhatloga kwantle ga matsapa ape mo phefong. E phekamisa diphuka tsa yone le mogatla go se kae fela e bo e phukalala fela e kete ga e tshikinyege mo moyeng. Ke eng se se kgontshang nonyane eno go dira matshetshe ano motlhofo jaana le ka matsetseleko? E thusiwa thata ke mafofa a yone.

Dinonyane ke tsone fela tse di tlhogang mafofa gompieno. Dinonyane di le dintsi di na le mefuta e e farologaneng ya mafofa. A gantsi a bonalang motlhofo ke a a bidiwang di-contour. Ano a akaretsa mafofa a a mo maphukeng le mo mogatleng, a a thusang thata fa nonyane e fofa. Nonyane ya Hummingbird e ka tswa e na le mafofa ano a a sa feteng 1000, fa pidipidi yone e na le a a fetang 25 000.

Mafofa a dirilwe ka tsela e e gakgamatsang tota. Karolo e e fa gare ya lefofa e e bidiwang “rachis,” e obega motlhofo e bile e nonofile ka tsela e e gakgamatsang. Mo go yone go na le maodi a a momaganeng a a dirang gore lefofa le lebege le le borethe. Maodi ano a momagana ka maodinyana a le makgolokgolo, a bo a tswalega jaaka zip. Fa maodinyana ano a bulega, nonyane e a tswala gape ka go a kopanya ka molomo. O ka dira se se tshwanang ka go fetisa lefofa le le tlharaletseng mo gare ga menwana ya gago.

Mafofa a a mo lefukeng a a thusang nonyane gore e kgone go fofa a motsu kwa ntlheng mme a sephara kwa bofelong. Tsela eno e a bopegileng ka yone e dira gore lefofa lengwe le lengwe le dire jaaka lefuka le lennye. Gape, fa o sekaseka lefofa le legolo leno ka kelotlhoko, o tla bona mosima o o tsamayang ka fa tlase ga rachis. Tsela eno e e motlhofo e le dirilweng ka yone e thusa go nonotsha thito ya lefofa, e dira gore le kgone go obega le go retologa kwantle ga gore e tshopege.

Mafofa a Dira Ditiro Tse Dintsi

Fa gare ga mafofa a di-contour a dinonyane di le dintsi go na le mafofa a maleele, a masesane a a bidiwang di-“filoplume,” le “powder.Go dumelwa gore kwa bofelong jwa di-filoplume go na le sensara e e lemosang nonyane ka sengwe le sengwe se nonyane e ka tswang e se kgoma ka mafofa a yone gape e thusa le mo go tlhokomeleng lebelo le e tsamayang ka lone mo moweng. Dintlhana tsa mafofa a powder—a e leng one fela mafofa a a tlhogang a sa kgaotse mme a se ke a tlhobega—di itira bupi jo bo boleta jo go akanngwang gore bo thusa nonyane gore e se ka ya tsenngwa ke metsi mo mafofeng a yone.

Kwantle ga ditiro tse dingwe tsa one, mafofa a sireletsa dinonyane mo mogoteng, mo serameng, le mo marannyeng a a bogale a letsatsi. Ka sekai, dipidipidi tsa mo lewatleng di kgona go gola sentle le fa go na le diphefo tse di tsididi tsa mo lewatleng. Di kgona jang? Ka fa tlase ga mafofa a tsone a di-contour a a batlang a ka se tsenwe ke sepe, go na le boalo jwa mafofa a a boleta, a a maboanyana a a bidiwang “down,” a a ka nnang disentimetara di le 1,7 ka bokima mme gape a apesitse bontsi jwa mmele wa pidipidi eno. Mafofa ano a tlholego a nonofile mo e leng gore ga go na sediriswa sepe se se sireletsang se se ka lekanang le one ka go sireletsa.

Fa nako e ntse e ya mafofa a onala, ka jalo dinonyane di a busetsa ka a mangwe ka go tlhobega a kgale mme di bo di tlhoga a mangwe a masha. Bontsi jwa dinonyane di tlhobega mafofa a tsone a diphuka le a mogatla go bo go tlhoga a mangwe ka tsela e e tlhomameng le e e rulaganyeng e le gore di tle di nne di kgone go fofa.

“A Dirilwe ka Maatlametlo a Magolo”

Gore difofane di bolokesege di tshwanetse go dirwa ka manontlhotlho, ka kelotlhoko le ka botswerere jo bogolo. Mme go tweng ka dinonyane le mafofa a tsone? E re ka go se na bosupi bope jwa marapo a dilo tsa kgale, jo bo tshegetsang kgang ya gore mafofa a nnile gone fela ka kotsi, go na le dingangisano tse dikgolo gareng ga batho ba ba rutang thuto ya gore dilo di itlhagetse fela ka botsone malebana le gore mafofa a simologile jang. Makasine wa Science News wa re: Kgang eno e aparetswe ke “go tatalala,” “manganga,” “letlhoo le go bitsa batho ka mainaina,” le “go tseega maikutlo ga baithuti ba dilo tsa bogologolo.” Moitse mongwe wa thutotshelo yo o dumelang thuto ya gore dilo di tswa mo go tse dingwe, yo o neng a rulaganya simphosiamo e e tlhalosang gore mafofa a iphetogetse fela go tswa mo go sengwe, o ne a ipobola jaana: “Ke ne ke sa akanye gore kgang nngwe ya saense e ka baka maitsholo a maswe jaana le maikutlo a go ilana.” Fa e le gore tota mafofa a iphetogetse fela go nna se a leng sone, ke ka ntlha yang fa dipuisano tsa teng di tletse dingangisano jaana?

“Bothata jo bo tsosang kgang eno ya moruthutha ke gore mafofa a dirilwe ka maatlametlo a magolo,” go ne ga tlhalosa jalo, Yale University’s Manual of Ornithology—Avian Structure and Function. Mafofa ga a bontshe gore a kile a tlhoka go tokafadiwa. Tota e bile, “fosele ya kgale thata ya lefofa e e itsegeng e lebega e le ntsha jaana mo e leng gore ga e kgone go farologanngwa le mafofa a dinonyane tsa gompieno.” * Mme le fa go ntse jalo, kgopolo ya gore dilo di iphetogetse fela go nna tse dingwe e ruta gore mafofa a nnile gone ka go iphetogela ka iketlo, go tswa mo letlalong la dilo dingwe tsa bogologolo. Mo godimo ga moo, “mafofa a ka se ka a bo a ile a iphetogela fela kwantle ga gore a bo a ile a nna a tokafala le go nna mosola go feta fa a ntse a fetoga go ralala le dingwaga,” go rialo buka ya Manual.

Fa re tlhalosa kgang eno ka tsela e e motlhofo, re ka re tota le go ya ka kgopolo fela ya gore dilo di iphetogetse go nna tse dingwe, lefofa le ka se ka la bo le nnile gone kwantle ga gore kgato nngwe le nngwe e bo ile ya direga kgato ka kgato ka tsela e e amang thata diphetogo mo popegong ya lefofa tse di neng di tokafatsa thata ditshono tsa go tshela ga phologolo. Tota le batho ba bantsi ba ba dumelang thuto eno ya gore dilo di iphetogetse fela go nna tse dingwe, ba go fitlhela go le thata go dumela gore sengwe se se raraaneng jaaka lefofa le se se dirang ka matsetseleko jaana se ne se ka runya fela ka tsela e e ntseng jalo.

Mo godimo ga moo, fa e le gore mafofa a ile a nna a itlhagela fela le go gola ka nako e telele, he, rekoto ya difosele e tshwanetse go nna le difosele tsa mafofa a a sa felelang. Mme ga go na epe e e ileng ya fitlhelwa, ke fela mafofa a a feletseng a a ileng a bonwa. Buka ya Manual ya re: “Maswabi ke gore kgopolo ya gore dilo di iphetogetse go nna tse dingwe, ga e kgone go rarabolola kgang ya gore mafofa a iphetogetse jang.”

Go Fofa ga go Tlhoke Mafofa Fela

Go dirwa ka maatlametlo ga mafofa ke bothata bo le bongwe fela jo batho ba ba dumelang mo go reng dilo di iphetogetse go nna tse dingwe ba lebaneng le jone, ka gonne tota karolo nngwe le nngwe ya nonyane e dirilwe ka tsela ya gore e kgone go fofa. Ka sekai, nonyane e na le marapo a a motlhofo, le a a lolea le thulaganyo e e sa tlwaelegang ya go hema le mesifa e e kgethegileng e e dirang gore e kgone go phaphasela le go laola diphuka tsa yone. Gape e na le palo e e rileng ya mesifa e e kgonang go laola lefofa lengwe le lengwe. E bile e na le ditshikana tse di gokaganyang mosifa mongwe le mongwe le boboko jo bonnye, mme e le jo bo gakgamatsang, jo bo dirilweng gore bo kgone go laola dilo tseno tsotlhe ka nako e le nngwe, ka thulaganyo le ka tshwanelo. Ee, dilo tseno tsotlhe tse di raraaneng ka tsela e e gakgamatsang di botlhokwa gore nonyane e kgone go fofa, e seng mafofa fela.

Gakologelwa gape gore, nonyane nngwe le nngwe e tswa mo seleng e nnye e e nang le ditaelo tse di feletseng tse di malebana le go gola ga yone le go dira ga yone ga tlholego, gore nako nngwe e tle e kgone go fofa. A dilo tseno tsotlhe di ka itiragalela fela ka kotsi nngwe? A kgotsa “tlhaloso e e motlhofo” le e e utlwalang e e tshegediwang ke saense—ke ya gore dinonyane le mafofa a tsone di bontsha sentle gore go na le Mmopi wa maemo a a kwa godimo le yo o botlhale? Bosupi bo ipuelele ka bojone.—Baroma 1:20.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 12 Lefofa la fosele le le tswang mo nonyaneng ya bogologolo e e epolotsweng, e leng setshedi sa kgale se ka dinako dingwe go tleng gotwe ke “tshika e e latlhegileng” mo masikeng a dinonyane tsa segompieno. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa baithuti ba difosele ga ba tlhole ba e tsaya e le losika lwa dinonyane tsa segompieno.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 24]

“BOSUPI” JO BO ITLHAMETSWENG

“Bosupi” bongwe jwa masalela a dilo tsa bogologolo jo bo kileng jwa tsewa e le bosupi jwa gore dinonyane di fetogile go tswa mo ditsheding tse dingwe bo supilwe e le bosupi jo bo itlhametsweng. Ka sekai, ka 1999, makasine wa National Geographic o ne o na le setlhogo se se neng se bua ka masalela a dilo tsa bogologolo a setshedi se se nang le mafofa le mogatla o o tshwanang le wa di-dinosaur. Makasine ono o ne wa bolela gore setshedi seo ke “karolo e e tlhaelang mo motseletseleng wa dikarolo tse di golaganyang di-dinosaur le dinonyane.” Le fa go ntse jalo, masalela a go neng go buiwa ka one go fitlhetswe e ne e se a go tlhalosiwang e le one, e ne e le masalela a bogologolo a mefuta e mebedi e e farologaneng ya diphologolo. Tota e bile, ga go na sepe se se tshwanang le “karolo e e tlhaelang” e e kileng ya bonwa.

[Motswedi wa Setshwantsho]

O. Louis Mazzatenta/National Geographic Image Collection

[Lebokoso mo go tsebe 25]

GO BONELA KGAKALA GA DINONYANE

Mebala e e galolang ya mafofa a gantsi a farologaneng a dinonyane e kgatlha batho. Mme mafofa ano a kgatlha dinonyane tse dingwe le go feta. Dinonyane dingwe di na le mefuta e le menè ya disele tsa matlho tse di kgonang go bona lesedi le mmala mme batho ba na le mefuta e le meraro fela ya disele tseo. Sele e e oketsegileng eo ya matlho e dira gore dinonyane di kgone go bona lesedi la ultraviolet le matlho a batho a sa kgoneng go le bona. Dinonyane tse di tonanyana le tse di namagadi di ka bonala di tshwana mo bathong, mme mafofa a dinonyane tse di tonanyana a na le lesedi la ultraviolet le le farologaneng le la tse di namagadi. Dinonyane di kgona go bona pharologano eo, mme seo se di thusa gore di kgone go bona nonyane e e ka nnang molekane wa tsone.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Leodi

Leodi le lennye

Rachis

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Lefofa la “contour”

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

“Filoplume”

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Lefofa la “powder”

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Lefofa la “down”

[Setshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Legou