Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O Ne O Ka Reng?

O Ne O Ka Reng?

O Ne O Ka Reng?

TLHALOSA SETSHWANTSHO SENO

1. Mo setshwantshong sa ga Jesu se se mo go Luke 15:11-32, morwa yo mongwe o ne dira eng ka boswa jwa gagwe?

․․․․․

2. Rre o ne a ikutlwa jang ka morwawe yo o ikwatlhaileng?

․․․․․

3. Morwa yo mongwe o ne a tsibogela jang tsela e morwarraagwe a neng a tshwarwa ka yone?

․․․․․

▪ Tse go ka Tlotliwang ka Tsone: Jehofa o tshwana jang le rre yo o mo setshwantshong? O ikutlwa jang ka tsela e morwa yo o neng a nna kwa gae a neng a itshwara ka yone?

GO DIRAGETSE LENG?

Umaka leina la mokwadi wa nngwe le nngwe wa dibuka tsa Baebele tse di fa tlase fano, mme o thale mola o o golaganyang buka eo le letlha le go lekanyediwang gore e ne ya wediwa go kwalwa ka lone.

1513 B.C.E 1473 B.C.E. 460 B.C.E. 55-56 C.E. 60-61 C.E.

4.Jobe

5.Dipesalema

6.Bakolosa

KE NNA MANG?

7. Fa ke sena go amogela ponatshegelo go tswa mo moyeng o o bosula, ke ne ka swetsa ka gore Modimo ga a tshepe batlhanka ba gagwe.

KE NNA MANG?

8. Ke ne ke tswa kwa Kolosa mme ka ineela mo thapelong ke rapelela diphuthego tsa Laodikia le Hierapolise.

TSE DI TSWANG MO MAKASINENG ONO

Araba dipotso tseno o bo o feleletsa ditemana tsa Baebele tse di tlhaelang fano.

Tsebe 5 Ke ka ntlha yang fa go se botlhale go ikanya dipelo tsa rona? (Jeremia 17:․․․)

Tsebe 7 Melao le dikgakololo tsa ga Jehofa di re thusa jang? (Pesalema 19:․․․)

Tsebe 11 Ke eng se re tshwanetseng go se tlhokomela? (Bafilipi 2:․․․)

Tsebe 20 Re ka bontsha jang gore re rata Modimo? (1 Johane 5:․․․)

Bana Batlang Ditshwantsho Tseno

A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.

(Dikarabo tse di mo tsebeng ya 27)

DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBENG YA 31

1. O ne a di senya ka go tshela botshelo jwa boitsholo jo bo sa siamang.—Luke 15:11-13.

2. O ne a mo utlwela botlhoko.—Luke 15:20-24.

3. O ne a galefile e bile a le lefufa.—Luke 15:25-30.

4. Moshe, 1473 B.C.E.

5. Dafide, barwa ba ga Kora, Hamane, Asafe (ba ntlo ya ga), Moshe, Solomone, Ethane gongwe le ba bangwe, 460 B.C.E.

6. Paulo, 60-61 C.E.

7. Elifase.—Job 4:1, 13-18.

8. Epaforase.—Bakolosa 4:12, 13.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 31]

Bottom circle: Image supplied courtesy Tourism Western Australia