Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Shark Bay—Lefelo le Lentle la Lewatle

Shark Bay—Lefelo le Lentle la Lewatle

Shark Bay—Lefelo le Lentle la Lewatle

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA AUSTRALIA

SHARK BAY ke lefelo le legolo le le seng boteng le le fa thoko ga lewatle le le leng kwa ntlheng e e kwa bophirima ya Australia, dikilometara di ka nna 650 kwa bokone jwa toropo ya Perth. Ka 1629, moribolodi wa Mo-Dutch e bong Francois Pelsaert, o ne a bitsa lefelo leno la sekaka a re ke “naga e e lolea e e hutsegileng e e se nang dimela kgotsa bojang.” Batho ba ba neng ba etela lefelo leno moragonyana ba ne ba le tlhalosa ka tsela ya bone ka go le bitsa ka maina a a jaaka Naga e e Lokgere, Letsha Le le Se Nang Mosola, le Bofelelo jo bo Swabisang.

Le fa go ntse jalo, gompieno batho ba ba fetang 120 000 ba etela Shark Bay ngwaga le ngwaga. Go na le dilo tse dintsi jaana tse di ngokelang batho mo lefelong leno le le kwa thokothoko mo le neng la akarediwa mo Lenaaneng la Mafelo a a Itlhaolang ka Bontle mo Lefatsheng ka 1991. *

Naga ya Bojang e e Tletseng Ditshedi

Pelsaert a ka bo a ile a fitlhela naga e e tletseng bojang fa a ka bo a ile a leba kafa tlase ga metsi, ka gonne Shark Bay e na le mafelo a magolo le a mefuta e e farologaneng a bojang jwa lewatle go gaisa otlhe mo lefatsheng, a a leng bogolo jwa disekwerekilometara di le 4 000 fa a kopantswe otlhe. Wooramel Seagrass Bank e le nosi fela e bogolo jwa dikilometara di le 130 go bapa le karolo e e kafa botlhaba ya Shark Bay.

Majang ano a lewatle, a tota e leng dimela tse di nang le dithunya, a fepa mefutafuta ya ditshedi tsa lewatle. Mefutafuta ya ditlhapi tse dinnye le ditshedi tse dingwe tse dintsintsi di nna mo lefelong leno le le tletseng dimela. Gape lefelo leno le le tletseng majang a lewatle le fepa di-dugong kgotsa dikgomo tsa lewatle di ka nna 10 000, ka dijo tse dintsintsi. Diamusi tseno tse di bonolo le tse di ratang dilo, tse di bokete jwa dikilogerama di le 400, di fula ka tidimalo mo mafulong ano a a tletseng bojang a kafa tlase ga metsi, ka dinako tse dingwe di fula jalo ka ditlhopha tse di fetang 100. Karolo ya Northern Australia, go tloga ka Shark Bay kafa bophirima go ya kwa Moreton Bay kafa botlhaba, e ka tswa gone jaanong e na le bontsi jwa di-dugong tse di leng gone mo lefatsheng. *

Fela jaaka leina le tlhalosa, Shark Bay e na le palo e kgolo ya dishaka tsa mefutafuta. Di akaretsa di-tiger shark tse di boitshegang le di-whale shark tse dikgolo, tse e leng ditlhapi tse dikgolo go gaisa tsotlhe mo lefatsheng. Dishaka di nna mmogo le di-dolphin mo metsing ano, e leng se se ganetsang tumelo e e tumileng ya gore kwa go nang le di-dolphin teng o ka se fitlhele dishaka. Tota e bile, badiradipatlisiso ba fitlhetse gore mo e ka nang diperesente di le 70 tsa di-dolphin tsa lefelo leno di na le mabadi a go longwa ke dishaka. Mefutafuta ya diphologolo tsa lefelo leno e akaretsa le diketekete tsa maruarua a a nang le serota a a nang le go tla go ikhutsa mono fa a ntse a le mo mosepeleng wa one wa ngwaga le ngwaga wa go fudugela kwa borwa le palo e e lekanang le eo ya dikgarubane tse di gorogang ngwaga le ngwaga go tla go beela mae mo mabopong ano.

A Totatota ke Mafika?

Go farologana le dikarolo tse dingwe tsa Shark Bay, Hamelin Pool yone e kwa ntlheng e e kwa thokothoko e e kwa borwa, mme yone e lebega e le lokgere e bile e se na ditshedi. Ka ntlha ya metsi a mantsi a a mowafalang mono, selekanyo sa letswai le le mo metsing ano a a seng boteng se feta gabedi selekanyo sa letswai le le mo metsing a a tlwaelegileng a lewatle. Mo metsi a felelang teng go na le se se bonalang e kete ke mafika a mantshonyana. Le fa go ntse jalo, fa o atamela, o tla lemoga gore “mafika” ano totatota ke di-stromatolite, tse e leng bonno jwa ditshedi dingwe tse dinnyennye tse di nang le sele e le nngwe tse di bidiwang cyanobacteria kgotsa malele a a bobududu jo botala. Mo e ka nnang dibilione di le tharo tsa ditshedi tseno di nna mo lefelong la bogolo jwa sekweremetara!

Ditshedinyana tseno tse dinnye di kopanya seedi se se borekereke le dilo dingwe tse di tswang mo metsing a lewatle go dira samente e di e tshasang mo bonnong jwa tsone jo bo tshwanang le lefika. Tiragalo eo e direga ka bonya tota. Ee ruri, ka nako ya fa stromatolite se nna bogodimo jwa disentimetara tse 30, se a bo se setse se na le dingwaga di ka nna 1 000!

Hamelin Pool e na le di-stromatolite tse dintsi le tsa mefutafuta go gaisa tsotlhe mo lefatsheng. Mo godimo ga moo, ke lengwe la mafelo a se kae a bofelo a a sa ntseng a na le di-stromatolite.

Dilo Tse di Ngokelang Batho mo Shark Bay

Dilo tse di ngokelang batho thata mo Shark Bay ke di-dolphin tse di molomo o motopo tsa Monkey Mia, lefelo le le mo lobopong le le mo mafelelong a Pheninsula ya Denham. Monkey Mia ke lengwe la mafelo a se kae mo lefatsheng a di-dolphin tse di sa ruiwang di atamelang lobopo ka metlha go tshameka le batho mo go lone. Ga go ope yo o itseng sentle gore seno se simologile leng.

Bangwe ba re di-dolphin di simolotse di tsoma ditlhapi mo metsing a a seng boteng a a fa lobopong ka bo1950—selo se di sa ntseng di se dira le gompieno. Batho ba ka tswa ba ile ba dirisa seo go fepa di-dolphin le go dira botsala le tsone. Ka 1964 mosadi mongwe yo o tshwarang ditlhapi o ne a latlhelela dolphin nngwe e e neng e thuma gaufi le mokoro wa gagwe tlhapi kwa Monkey Mia. Dolphin eno, e batho ba neng ba e bitsa Charlie, e ne ya boa gape mo bosigong jo bo latelang mme ya tsaya tlhapi go tswa mo seatleng sa mosadi yono. Go ise go ye kae, di-dolphin tse dingwe le tsone di ne tsa dira jalo.

Fa e sa le ka nako eo, dikokomana tse tharo tsa di-dolphin di ntse di itumedisa dimilione tsa batho ba ba etelang koo. Di ile tsa itumedisa le baithuti ba ditshedi ba ba fetang 100 ba ba tswang kwa dinageng tse di farologaneng ba ba ntseng ba dira dipatlisiso ka diphologolo tseno, e leng se se dirang gore e nne di-dolphin tse go ithutilweng thata ka tsone go gaisa tsotlhe mo lefatsheng.

Mo malatsing ano, di-dolphin di etela lobopo lwa Monkey Mia mo mesong e le mentsi, gantsi di na le bana ba tsone. Ditlhopha tsa baeti ba ba itumetseng ba di letela foo gore di goroge, le fa go ntse jalo ke ba se kae fela ba ba nang le tshono ya go di fepa. Ka ntlha yang? Ka gonne batlhokomedi ba lefelo leo ba batla go tlhomamisa gore diphologolo tseno ga di ikaege thata ka dijo tse di di fiwang ke batho. Le fa go ntse jalo, batho botlhe ba ba tlang foo ba kgona go bona tiragalo eno sentle. Mosadi mongwe o ne a khutsa jaana: “Ke eletsa e kete batho ba ka bo ba kgona go itumelela botsala jo bo ntseng jaana le ditshedi tsotlhe tse di mo lefatsheng!”

Baebele e bolela gore keletso e e ntseng jalo e senola se Modimo a neng a ikaeletse sone kwa tshimologong gore batho ba tshele ka kagiso le diphologolo di ba ikobela. (Genesise 1:28) Fa e le gore o rata diphologolo, o tla itumelela go itse gore go diragadiwa ga boikaelelo jwa Modimo, le mororo go ile ga kgoreletsega ka nakwana ka ntlha ya boleo, go tla diragala ka botlalo fa Bogosi jwa Modimo, puso ya kwa legodimong e e laolwang ke Jesu Keresete, e tla bo e busa mo lefatsheng lotlhe.—Mathaio 6:9, 10; Tshenolo 11:15.

Mo Bogosing jwa Modimo, lefatshe lotlhe le tla nna lefelo le le tletseng ka dilo tse dintle tsa tlholego le ditshedi tse di itekanetseng. Go ise go ya kae, mafelo a a jaaka Shark Bay a tla nna le dilo tse dintsi tse batho ba ba a etelang ba tla di bonang go gaisa tse ba di bonang gone jaanong.—Pesalema 145:16; Isaia 11:6-9.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Mokgatlho wa United Nations Educational, Scientific, and Cultural Organization o akaretsa mafelo a a leng mantle ka ntlha ya setso sa one kana tlhago ya one mo Lenaaneng la Mafelo a a Itlhaolang ka Bontle mo Lefatsheng.

^ ser. 7 Le mororo di-dugong di amana le di-manatee, tsone ke losika lo sele. Di-manatee di na le mogatla o kgolokwe, fa di-dugong tsone di na le mogatla o o motsu jaaka wa di-dolphin.

[Dimmapa mo go tsebe 15]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

AUSTRALIA

SHARK BAY

[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Fa o lebile lobopo lwa Monkey Mia o le mo sefofaneng

[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]

“Dugong” e e bonolo kgotsa kgomo ya lewatle

[Motswedi wa Setshwantsho]

© GBRMP

[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Dimilionemilione tsa ditshedinyana tse dinnye di aga di-“stromatolite”

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Di-“dolphin” tse di sa ruiwang di etela lobopo lwa Monkey Mia ke metlha

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 15]

© GBRMPA; satellite map: Jeff Schmaltz, MODIS Rapid Response Team, NASA/GSFC

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 17]

All images, except dugong, supplied courtesy Tourism Western Australia