Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Obamela Modimo go ka Itumedisa?

A go Obamela Modimo go ka Itumedisa?

Baebele ya Reng

A go Obamela Modimo go ka Itumedisa?

MOSADI mongwe yo o ipolelang gore ke Mokeresete o kwala jaana: “Ke dumela mo Modimong e bile ke a mo rata. Le fa go ntse jalo . . . kereke e a ntapisa.” A o na le maikutlo a a tshwanang le ao? Boammaaruri ke gore, go lapisega, go sa kgotsofale le go betwa ke pelo di dirile gore bangwe ba itlhamele ditsela tsa bone tsa go obamela Modimo.

Bosheng jaana lokwalodikgang longwe lo ile lwa bega gore batho ba le bantsi gompieno ba itlhamela mekgwa ya bone ya kobamelo. Mme gone mekgwa e e ntseng jalo e ka se ka ya itumedisa batho ba ba eletsang go itumelela go obamela Modimo. Ka ntlha yang? Ka gonne go kgobega marapo go go ba katoseditseng kgakala le dikereke tsa bone go ka ba tlela gape.

Seno se lebisa mo potsong e e reng, A go tshela ka dithuto tsa Baebele go a lapisa e bile go tlhokisa motho boipelo? Le e seng! Ka sekai, ela tlhoko mafoko a Mopesalema mongwe wa Baebele: “Tlang re goeleng kwa go Jehofa ka boipelo! . . . Tsenang tlhe, a re obameng re ikobeng; a re khubameng fa pele ga ga Jehofa Modiri wa rona.”—Pesalema 95:1, 6.

Mopesalema yo mongwe wa Baebele o ne a opelela Jehofa jaana ka kanaanelo: “Wena o le esi o Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.” Mo Dikwalong, Jehofa o bidiwa “Modimo yo o itumetseng” mme baobamedi ba gagwe gantsi ba ile ba bontsha go ipela, mo nakong e e fetileng le gompieno.—Pesalema 83:18; 1 Timotheo 1:11.

Mabaka a go Ipela

Lebaka le le dirang gore re nne le boipelo jwa boammaaruri mo kobamelong ya rona ke go lemoga se tota Jehofa a se dirileng go re bontsha lorato lo a re ratang ka lone. Ke eng seo? “Modimo o ratile lefatshe [batho] mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi [Jesu Keresete], gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.”—Johane 3:16.

Ka jalo, jaaka Baebele e bua, thato ya Modimo ke gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.” (1 Timotheo 2:3, 4) Seno ga se kaye fela go itse gore ditemana tse di rileng tsa Baebele di a reng. Go na le moo, re tshwanetse ‘go tlhaloganya’ se re se balang, e leng se se akaretsang go ithuta ka tlhoafalo le ka kelotlhoko. (Mathaio 15:10) Maduo a seno ke gore: “O tla bona e e leng kitso ya Modimo.” Selo se se ka itumedisang eleruri!—Diane 2:1-5.

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, batho ba motse wa Makedonia kwa Berea ba ne ba nna le boipelo jo bo ntseng jalo. Fa moaposetoloi Paulo a ne a ba ruta lefoko la Modimo, “ba ne ba amogela lefoko ka mogopolo o o tlhagafetseng thata, ba tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko letsatsi le letsatsi gore a dilo tseno di ne di ntse jalo.” Ba ne ba ka se ka ba nna le tlhagafalo e e ntseng jalo fa e le gore go ithuta Dikwalo ga bone go ne go lapisa kana go sa ipedise.—Ditiro 17:11.

Jesu o ne a re: “Go itumela ba ba tshwerweng ke tlala e bile ba nyoretswe tshiamo, e re ka ba tla kgora.” (Mathaio 5:6) Fela jaaka batho ba ba sa bolong go tshwarwa ke tlala ba ba simololang go ja ka metlha, batho ba le bantsi gompieno ba ile ba itumelela go kgorisiwa mo tlaleng ya bone ya semoya. Ka jalo, jaaka Baberea, “ba le bantsi ba bone [ba ne ba nna] badumedi.”—Ditiro 17:12.

Tsela ya Botshelo

Baobamedi ba boammaaruri ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba amogela “Tsela,” e leng lereo le le dirisitsweng mo go Ditiro 9:2 go tlhalosa tsela e ntšha ya botshelo e Bakeresete ba pele ba neng ba e latela. Gompieno, batho ba ba batlang go ipelela go obamela Modimo ba tshwanetse go dira se se tshwanang. Ba tshwanetse go letla boammaaruri jwa Baebele go laola megopolo ya bone le boitshwaro jwa bone jwa letsatsi le letsatsi.

Ka jalo moaposetoloi Paulo o ne a rotloetsa batho ba kwa Efeso jaana: “Lo latlhe botho jo bogologolo jo bo dumalanang le tsela ya lona ya pele ya boitshwaro.” Le fa go ntse jalo, go ne go tlhokega se se fetang seo, jaaka Paulo a tswelela: “Lo apare botho jo bosha jo bo neng jwa bopiwa go ya ka go rata ga Modimo mo tshiamong ya boammaaruri le boikanyegi.”—Baefeso 4:22-24. *

Fa re ntse re amogela kgakololo eo, re bo re dira diphetogo mo matshelong a rona go dumalana le thato ya Modimo, re bona motswedi wa boipelo le kgotsofalo. Motswedi oo ke eng? Paulo o ne a kwalela Bakeresete kwa Kolosa gore ba ne ba tlhoka go dira diphetogo mo matshelong a bone “gore ba tsamaye kafa go tshwanetseng Jehofa gore ba mo itumedise ka botlalo.” (Bakolosa 1:10) Ga go pelaelo gore, go itse gore Modimo wa boammaaruri o itumelela tsela ya rona ya botshelo ke selo se se ipedisang. Go feta moo, Modimo o dira gore go mo itumedisa ka “botlalo” go kgonege. O dira seo jang? Ka go re itshwarela.

Mongwe le mongwe wa rona o a leofa; mongwe le mongwe wa rona o tlhoka go itshwarelwa ke Modimo. Jaaka go begilwe mo go 1 Timotheo 1:15 Paulo o ne a re: “Keresete Jesu o ne a tla mo lefatsheng go boloka baleofi.” Fa Jesu a ne a re ntshetsa botshelo jwa gagwe setlhabelo, o dirile gore go kgonege gore re itshwarelwe maleo. Ka jalo, moobamedi wa boammaaruri o ikutlwa a imolotswe, gonne morwalo o o boima wa go ikutlwa a le molato o tlositswe mo pelong ya gagwe. A ka nna le segakolodi se se phepa le go ipela mo tsholofelong ya gore fa fela a dira go rata ga Modimo ka tlhoafalo, o tla itshwarelwa maleo a gagwe.

Mabaka a a Oketsegileng a go Ipela

Fa motho a simolola go obamela Modimo wa boammaaruri ga a esi. Mopesalema wa Baebele Dafide o ile a kwala jaana: “Ke ne ka ipela fa ba ne ba nthaya ba re: ‘A re yeng kwa ntlong ya ga Jehofa.’” (Pesalema 122:1) Ee ruri, go kopana ka metlha le baobamedi ba bangwe ba boammaaruri go godisa boipelo jwa rona.

Morago ga go nna teng kwa pokanong ya Basupi ba ga Jehofa, monna mongwe o ne a kwala jaana: “Re ne ra amogelwa ka bopelonomi le ka diatla tsoopedi ka tsela e e supang ‘tirisanommogo’ e e feletseng. Go ritibala le seriti tsa basha ba bantsi ba ba neng ba le gone di tshwanetse tsa bo di dira gore bone le batsadi ba bone ba nne motlotlo. Ke rata go tlhalosa kafa ke lebogang ka teng go bo ke ile ka lalediwa mo tiragalong eo e e tlhotlheletsang le e e itumedisang.”

Le wena o ka fitlhela dinako tsa go obamela Jehofa di ipedisa e bile o ka itumelela tsone fela jaaka Dafide bogologolo. O ne a rotloetsa jaana: “Direlang Jehofa ka go ipela. Tsenang kwa go ene lo goa ka boipelo.” (Pesalema 100:2) Botlhe ba ba direlang Modimo wa boammaaruri ka maitlhomo a a siameng ba ka lebelela gore kobamelo ya bone e itumedise.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 14 Ka go bala Baefeso kgaolo 4 le Bakolosa kgaolo 3, o tla tlhaloganya ka botlalo gore go fetola botho gono go akaretsa eng.

A O KILE WA IPOTSA GORE . . .

▪ Motheo wa kobamelo ya boammaaruri ke ofe?—1 Timotheo 2:3-6.

▪ Setlhabelo sa ga Keresete sa thekololo se na le seabe sefe mo go re leretseng boipelo?—1 Timotheo 1:15.

▪ Dipokano tsa Bokeresete di ka go thusa jang gore o itumelele kobamelo?—Pesalema 100:1-5.

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Go ikopanya le ba bangwe mo go ithuteng Baebele go ka ipedisa tota