Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Amogela Maikutlo a Ngwana wa Gago

Amogela Maikutlo a Ngwana wa Gago

Kgato 6

Amogela Maikutlo a Ngwana wa Gago

Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go tsaya kgato eno? Bana ba batla gore batho ba ba botlhokwa thata mo botshelong jwa bone—batsadi ba bone—ba itse kafa ba ikutlwang ka teng. Fa batsadi ba nnela go ganetsa bana ba bone fa ba tlhalosa kafa ba ikutlwang ka teng, bana ba ka se tlhole ba gololesega go ba bolelela e bile ba tla simolola go belaela gore a tota ba na le maikutlo le gore a ba kgona go ikakanyetsa.

Kgwetlho ya seno ke eng? Bana ba rata go feteletsa maikutlo a bone. Gone ke boammaaruri gore dilo dingwe tse bana ba di buang ke dilo tse batsadi ba sa rateng go di utlwa. Ka sekai, ngwana yo o utlwileng botlhoko a ka nna a re: “Ga ke rate botshelo jwa me.” * Ka tlholego fela motsadi o tla araba ka gore, “Nnyaa, ga go a nna jalo!” Batsadi ba ka nna ba tshwenngwa ke gore fa ba dumela gore ngwana o ikutlwa ka tsela e e sa siamang go tla tshwana le gore ba mpampetsa seo.

Tharabololo ke eng? Dirisa kgakololo ya Baebele ya “go nna bonako go utlwa, bonya go bua, bonya go shakgala.” (Jakobe 1:19) Ela tlhoko gore Jehofa Modimo o ile a dumela gore batlhanka ba gagwe ba le bantsi ba ne ba na le maikutlo a a sa siamang ka go dira gore seo se kwalwe mo Baebeleng. (Genesise 27:46; Pesalema 73:12, 13) Ka sekai, fa Jobe a ne a lebane le diteko tse di boima thata, o ne a re o eletsa go swa.—Jobe 14:13.

Ga go na pelaelo gore mengwe ya megopolo le maikutlo a Jobe a neng a na le one a ne a tlhoka go baakanngwa. Mme go na le gore Jehofa a ganetse gore tota Jobe o ikutlwa jalo kgotsa go mo didimatsa, o ne a tlotla Jobe ka go mo letla ka bopelotelele gore a ntshe se se mo pelong ya gagwe. Jehofa o ile a mo kgalemela morago ka bopelonomi. Rre mongwe wa Mokeresete o ne a tlhalosa kgang eno jaana, “E re ka Jehofa a ntetla gore ke mo tshololele pelo ya me ka thapelo, ke akanya gore le nna ke tshwanetse go letla bana ba me gore ba mpolelele maikutlo a bone a a siameng le a a sa siamang.”

Mo nakong e e tlang fa o ikutlwa o batla go raya ngwana wa gago o re “Ga o ikutlwe jalo tota” kgotsa “tota o ka se ka wa akanya jalo,” gakologelwa molao ono o o tumileng wa ga Jesu: “Fela jaaka lo batla batho ba lo direla, ba direleng ka yone tsela eo.” (Luke 6:31) Ka sekai, akanya fela o ile wa tshwarwa makgwakgwa kwa tirong kgotsa o ile wa utlwa botlhoko gongwe e le ka ntlha ya se wena o se dirileng. O bolelela tsala nngwe ya gago kafa o utlwileng botlhoko ka teng, o mmolelela gore ga o kgone go itshokela tiro ya gago. O ne o ka rata gore tsala ya gago e dire eng? A go bolelele gore tota ga o ikutlwe jalo, mme ka bonako fela a go bolelele gore bothata jo o nang le jone tota o bo ipaketse? Kgotsa a o ne o ka itumela fa tsala ya gago e ne e ka re: “Go tshwanetse ga bo go ne go le boima. A letsatsi la gago le ne le le boima”?

Bana mmogo le bagolo ba amogela kgakololo botoka fa ba ikutlwa gore motho yo o ba gakololang o tlhaloganya tsela e ba ikutlwang ka yone le mathata a ba lebaneng le one. Lefoko la Modimo la re: “Pelo ya yo o botlhale e dira gore molomo wa gagwe o bontshe temogo, mme e tsenya tlhotlheletso mo dipounameng tsa gagwe.”—Diane 16:23.

O ka tlhomamisa jang gore ngwana wa gago o tsaya kgakololo nngwe le nngwe e o mo e nayang masisi?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Tsaya sengwe le sengwe se ngwana wa gago a se buang malebana le go ipolaya masisi.

[Mafoko a a mo go tsebe 8]

“Fa ope a fetola kgang pele a e utlwa, seo ke boeleele mo go ene.”—Diane 18:13