Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Armada ya Kwa Spain—Loeto Lwa Yone lo lo Feletseng ka Masetlapelo

Armada ya Kwa Spain—Loeto Lwa Yone lo lo Feletseng ka Masetlapelo

Armada ya Kwa Spain—Loeto Lwa Yone lo lo Feletseng ka Masetlapelo

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA SPAIN

MAKGOLO a le manè a dingwaga a a fetileng, ditlhopha tse pedi tsa dikepe tsa ntwa di ile tsa lwa mo lewatleng le le sesane la English Channel. E ne e le ntwa ya Baporotesetanta kgatlhanong le Bakatoliki mme e ne e le karolo ya ntwa ya lekgolo la bo16 la dingwaga ya masole a Porotesetanta a ga Kgosigadi Elizabeth I wa Engelane a lwa kgatlhanong le masole a ga Kgosi Philip II wa kwa Spain wa Katoliki ya Roma. Buka ya The Defeat of the Spanish Armada, e tlhalosa jaana: “Mo go bone ntwa eno gare ga dikepe tsa ntwa tsa Baesemane le tsa Ba-Spain kwa English Channel e ne e le ntwa ya makgaolakgang magareng ga masole a lesedi le masole a lefifi.”

Baesemane ba ba neng ba tshela ka nako eo ba ne ba tlhalosa Armada ya Spain, kgotsa setlhopha se segolo sa dikepe e le “mophato o mogolo wa masole a lewatle o ba kileng ba o bona mo lewatleng.” Mme letsholo la Armada ya Spain e ne ya nna phoso e e hutsafatsang tota—segolobogolo mo bathong ba ba diketekete ba ba ileng ba swa. Boikaelelo jwa letsholo leno e ne e le eng mme ke ka ntlha yang fa le ile la se ka la atlega?

Ke ka Ntlha Yang Ba ne Ba Leka go Tlhasela?

Magodu a lewatle a Baesemane a ne a thukhuthile dikepe tsa Spain ka dingwaga di le dintsi, mme Kgosigadi Elizabeth wa kwa Engelane o ne a ema nokeng thata dikhuduego tsa Ba-Dutch kgatlhanong le puso ya Spain. Mo godimo ga moo, Philip II wa Mokatoliki o ne a ikutlwa a patelesega gore a thuse Bakatoliki ba kwa Engelane go fedisa “bokgelogi” jwa Boporotesetanta jo bo neng bo oketsega mo nageng ya bone. Ke ka lebaka leo, Armada e neng ya pega baruti ba le 180 le bagakolodi ba bodumedi. Tota le fa babereki ba Armada ba ne ba phuthega, mongwe le mongwe o ne a tshwanetse go ipobola dibe tsa gagwe mo moruting le go ja Selalelo.

Moya wa bodumedi kwa Spain le kafa kgosi ya teng e neng e ikutlwa ka gone o ne wa gatelelwa ke Mojesuite wa Mo-Spain e bong Pedro Ribadeneyra yo o neng a bolela jaana: “Modimo Morena wa rona, yo re lwelang boikaelelo jwa gagwe le tumelo mo go ene e e boitshepotshepo, o tla re etelela pele—mme fa re na le motsamaisi wa sekepe yo o tshwanang le ene, ga re tlhoke go boifa sepe.” Mme Baesemane bone, ba ne ba solofetse gore phenyo ya makgaolakgang ke yone e e tla thusang gore dikgopolo tsa Boporotesetanta di aname ka bonako go ralala Yuropa.

Go bonala leano la go tlhasela la kgosi ya kwa Spain le ne le tlhamaletse. O ne a laela gore Armada ya Spain e ralale lewatle go fitlha kwa English Channel mme e ikgolaganye le Molaodimogolo wa Parma le masole a gagwe a le 30 000 a a sa bolong go lwa mo ntweng a a neng a le kwa Flanders. * Mme ditlhopha tse pedi tseno tsa masole di ne di tla kgabaganya English Channel, go fitlha kwa lebopong la Essex, di bo di fetela kwa Lontone go ya go e gapa. Philip o ne a akanya gore Bakatoliki ba Baesemane ba ne ba tla fularela Kgosigadi ya bone ya Moporotesetanta ba bo ba ikgolaganya le mephato ya masole a gagwe.

Le fa go ntse jalo, leano la ga Philip le ne le na le diphoso tse di masisi. Le fa a ne a akanya gore o engwe nokeng le go kaelwa ke Modimo, o ne a itlhokomolosa dikgoreletsi tse pedi tse dikgolo—maatla a masole a lewatle a Baesemane a neng a na le one le bothata jwa go ikgolaganya le masole a Molaodimogolo wa Parma e re ka ba ne ba se na boemakepe jo bo tshwanelang jo ba ka ba letelang mo go jone.

Setlhopha se Segolo sa Dikepe Mme se le Boima go Tsamaisiwa

Philip o ne a tlhoma Molaodimogolo wa Medina-Sidonia go laola Armada. Le fa gone molaodimogolo yono a ne a se na boitemogelo ka bosole jwa lewatle, e ne e le morulaganyi yo o nang le bokgoni yo o neng a kgona go dira gore balaodi ba gagwe ba dikepe ba ba sa bolong go nna mo ntweng ba dirisane mmogo le ene. Ba le mmogo ba ne ba bopa setlhopha sa masole a a tla lwang mme ba bo ba tlamela setlhopha se segolo seno sa masole sentle ka dijo le metsi. Ka kelotlhoko ba ne ba rulaganya gore ba tla dirisa matshwao a a ntseng jang go buisana gare ga ditlhopha tsa bone, ba tlhoma ditaelo tse di tshwanetseng go latelwa le thulaganyo e e tla thusang gore mephato ya bone e nne mophato wa ditšhaba tse di farologaneng o o seoposengwe.

Kgabagare, ka May 29, 1588 dikepe di le 130 le masole a a ka nnang 20 000 le batsamaisi ba dikepe ba le 8 000 ba ba neng ba bopa Armada ba ne ba tloga kwa boemakepeng jwa Lisbon. Mme diphefo le setsuatsue se se maswe di ile tsa ba pateletsa gore ba eme kwa La Coruña kwa bokonebophirima jwa Spain, go baakanya dikepe tsa bone le go bona dijo le metsi a a oketsegileng. E re ka Molaodimogolo wa Medina-Sidonia a ne a tshwenyegile thata ka go tlhaela ga dijo le metsi le go lwala ga banna ba gagwe, o ne a kwalela kgosi malebana le dilo tse di mo tshwenyang ka letsholo la bone. Mme Philip o ne a gatelela gore molaodi wa gagwe a latele thulaganyo ya bone. Ka jalo, setlhopha seno sa dikepe se go neng go le thata go se tsamaisa se ne sa tswelela ka loeto mme kgabagare sa fitlha kwa English Channel morago ga dikgwedi di le pedi se sena go tloga kwa Lisbon.

Dintwa Tsa Kwa English Channel

Fa dikepe tsa Spain di fitlha mo lobopong lwa Plymouth, kwa borwabophirima jwa Engelane, dikepe tsa Baesemane di ne di ntse di ba letetse. Matlhakore oomabedi a ne a na le palo e e lekanang ya dikepe, le fa dipopego tsa tsone di ne di sa tshwane. Dikepe tsa Spain di ne di tlhagelela kwa godimo mo metsing mme di ne di rwele dikanono tse dintsi tse di boima. Mme ka go bo di ne di na le ditanka tse dikgolo tse di neng di ageletswe kwa morago le fa pele ga sekepe, di tshwana le dikago tsa phemelo tse di kokobetseng mo godimo ga metsi. Go latela maano a go tlhasela a masole a Spain a tshwanetseng go a dirisa, go ne go tlhokega gore masole a ye fa thoko ga sekepe gore a kgone go ya le go boa go tswa kwa sekepeng se sengwe go ya go se sengwe go fekeetsa mmaba wa bone. Dikepe tsa Baesemane di ne di le kwa tlasenyana e bile di le bofefo, di na le dikanono tse di ka dirisiwang nako e telele. Batsamaisi ba dikepe tsa bone ba ne ba rulagantse gore ba tile go atamela mmaba thata le gore ba tlhasele dikepe tsa Spain ba le kgakala.

Go kgona go lwantshana le dikepe tsa Baesemane tse di bofefo le tse di nang le dibetsa tse di oketsegileng, molaodi wa dikepe tsa Spain o ne a dira boiphemelo jwa popego ya ngwedi o o sephatlo. Dikepe tse di maatla tse di nang le dikanono tse di telele di ne di tla sireletsa letlhakore lengwe le lengwe la boiphemelo jwa bone. Go sa kgathalesege gore mmaba o ne a tlhaga kafa letlhakoreng lefe, Armada e ne e tla retologa e bo e lebana le yone jaaka e kete ke nare e e ntshitseng dinaka tsa yone go tlhabana le tau e e tlang.

Ditlhopha tse pedi tseno tsa masole a lewatle a lwela kwa English Channel mme ba lwa dintwa tse pedi tse dinnye. Go ne go bonala boiphemelo jwa Ba-Spain bo kgona go ba sireletsa, mme Baesemane ba ne ba palelwa ke go nwetsa dikepe tsa Spain ka dikanono tsa bone tse di kgonang go dirisiwa nako e telele. Batsamaisi ba dikepe ba Baesemane ba ne ba swetsa gore ba tshwanetse go leka go senya boiphemelo joo le go dira gore mmaba a nne gaufi le dikanono tsa bone. Ba ne ba bona tshono eo ka August 7.

Molaodimogolo wa Medina-Sidonia o ne a latela ditaelo tse a di filweng mme a etelela Armada pele go ya go kopana le Molaodimogolo wa Parma le masole a gagwe. Fa Molaodimogolo wa Medina-Sidonia a ntse a letile gore Molaodimogolo wa Parma a mo romelele dikepe tse di bofefo tse a ka iphemelang ka tsone, o ne a laela gore dikepe di tshetlediwe fa pele ga Calais, mo lebopong la Fora. E re ka dikepe tsa Spain di ne di eme e bile go le motlhofo go di tlhasela, Baesemane ba ne ba ba tlhasela ka dikepe di le robedi, tse ba neng ba di tlatsa ka ditukisi mme ba di tukisa. Bontsi jwa batsamaisi ba dikepe ba Spain ba ile ba itatlhela ka bonako mo lewatleng gore ba falole mo kotsing. Morago ga foo, phefo e e maatla le metsi a ile a ba phailela kwa bokone.

Phakela letsatsi le le latelang, go ile ga lowa ntwa ya makgaolakgang. Dikepe tsa Baesemane di ile tsa tlhasela dikepe tsa Spain di le gaufi le tsone, mme ba nyeletsa bobotlana dikepe di le tharo le go senya tse dingwe tse dintsi. E re ka Ba-Spain ba ne ba se na dibetsa tse di lekaneng, ba ne ba tshwanelwa go itshokela fela tlhaselo go se na se ba ka se dirang.

Setsuatsue se segolo se ile sa dira gore Baesemane ba emise go tlhasela go fitlha letsatsi le le latelang. Mo mosong oo, fa seiphemelo se se nang le sebopego sa ngwedi e e sephatlho se sena go rulaganngwa sesha, le fa dibetsa tsa bone di ne di se dintsi, Armada e ne ya lebana le mmaba mme ya ipaakanyetsa go lwa. Mme pele ga Baesemane ba ka simolola go tlhasela, dikepe tsa Spain di ile tsa iphitlhela di kgwagediwa kwa le kwa, di kgoromediwa ka letlhakore kwa losing lwa lewatle, e kgwagediwa ke phefo le metsi ka tsela e e setlhogo go lebana le masetlapelo mo motlhabeng wa Zeeland gaufi le lebopo la Se-Dutch.

Fa e kete ba felelwa ke tsholofelo epe, phefo e ne ya fetola ntlha e e fokelang kwa go yone mme ya phailela Armada kwa bokone mo lewatleng mo go se nang kotsi. Mme tsela e e neng e boela kwa Calais e ne e thibilwe ke dikepe tsa Baesemane, mme diphefo di ne di sa ntse di kgoromeletsa dikepe tsa Spain tse di thubegileng kwa ntlheng ya bokone. Molaodimogolo wa Medina-Sidonia o ne a bona gore ga go na se a ka se dirang fa e se go lebala ka maitlhomo a bone mme a boloke dikepe le banna ba bantsi ka mo a ka kgonang ka teng. O ne a swetsa go boela kwa Spain ka go dikologa Scotland le Ireland.

Ditsuatsue le go Thubega ga Dikepe

Dikepe tsa Armada tse di senyegileng di ile tsa nna le loeto lo lo boima go boela gae. Dijo di ne di tlhaela mme ka ntlha ya difaki tse di dutlang metsi, metsi a ne a le mannye. Ditlhaselo tsa Baesemane di ne di sentse dikepe tse dintsi thata, mme go ne go na le di le mmalwa fela tse di ka kgonang go tsamaya mo lewatleng. Mme morago ga foo, gaufi le lobopo lo lo kafa ntlheng ya bokonebophirima jwa Ireland, Armada e ile ya tlhaselwa ke difefo tse di boitshegang tse di ileng tsa tsaya dibeke di le pedi. Dikepe tse dingwe di ile tsa nyelela gotlhelele! Tse dingwe di ile tsa thubegela mo lobopong lwa Ireland.

Kgabagare, ka September 23, dikepe tsa ntlha tsa Armada di ile tsa goroga kwa Santander, kwa bokone jwa Spain. Ke dikepe di le 60 fela le bontlhanngwe fela jwa banna ba ba neng ba tlogile kwa Lisbon ba ba ileng ba kgona go boela gae. Diketekete tsa bone di ile tsa nwela mo lewatleng. Ba bangwe ba le bantsi ba ile ba swa ka ntlha ya dintho kgotsa ka ntlha ya bolwetse jo ba ileng ba nna le jone fa ba le mo loetong la go ya gae. Tota le mo go ba ba falotseng mme ba fitlha kwa lobopong lwa Spain ba ile ba tswelela pele ba boga.

Buka ya The Defeat of the Spanish Armada e bolela jaana: “[Badiri bangwe ba dikepe] ba ne ba se na dijo gotlhelele mme ba bolawa ke tlala,” le fa ba ile ba tshetlela mo boemakepeng jwa Spain. Buka eo ya re mo boemakepeng jwa Laredo, sekepe sengwe se ile sa thubegela mo lotshitshing lwa lewatle “mme ka go bo go ne go se na banna ba ba lekaneng ba ba ka kgonang go folotsa seile le go tshetlela sekepe.”

Se Phenyo Eno e Neng e se Kaya

Go fenngwa ga Armada go ile ga dira gore Baporotesetanta ba ba kwa Yuropa Bokone ba itshepe, le fa gone dintwa tsa bodumedi di ne di ntse di tswelela pele di sa kgaotse. Go bontsha gore tota Baporotesetanta ba ne ba dumela gore go fenya ga bone go supa gore Modimo o a ba amogela go supiwa ke mentlele ya Seesemane e e leng segopodiso sa tiragalo eo. Mokwalo wa yone o balega ka gore, Flavit יהוה et dissipati sunt 1588, se se rayang gore “Jehofa o ne a tlhasela mme ba ne ba gasaganya ka 1588.”

Fa nako e ntse e tsamaya, Great Britain e ile ya tsaya maemo a go nna mmusomogolo wa lefatshe, jaaka fa buka ya Modern Europe to 1870 e bolela: “Great Britain e ile ya tlhaga ka 1763 e le yone mmuso o o kwa pele mo go tsa kgwebo e bile e le yone e e nang le dikolone tse dintsi go gaisa mo lefatsheng.” Ee, Buka ya Navy and Empire e ile ya bolela jaana: “Ka 1763, Mmusomogolo wa Boritane o ne o laola lefatshe e kete ke mmuso wa Roma o o tsosolositsweng le o o okeditsweng.” Moragonyana Great Britain e ne ya kopana le se pele e neng e le kolone ya yone e leng United States ya Amerika go bopa mmusomogolo wa lefatshe wa Baesemane le Baamerika.

Baithuti ba Baebele ba kgatlhiwa ke go wa le go tsoga ga mebuso ya lefatshe ya bopolotiki. Go ntse jalo ka gonne Dikwalo tse di Boitshepo di bua thata ka mebuso e e latelanang, e leng Egepeto, Asiria, Babelona, Bameda le Baperesia, Gerika, Roma, mme kgabagare le mmusomogolo wa lefatshe wa Baesemane le Baamerika. Tota e bile Baebele ga e bolo go bolelela pele ka ga go wa le go tsoga ga e le mmalwa ya mebuso e e ntseng jalo.—Daniele 8:3-8, 20-22; Tshenolo 17:1-6, 9-11.

Fa re akanya ka se se diragetseng mo nakong e e fetileng, go bonala sentle gore se se ileng sa diragala ka selemo sa 1588, fa maiteko a Armada ya Spain a go batla go fenya a ile a se ka a atlega, e nnile selo se se botlhokwa thata. Fa Armada e sena go fenngwa, dingwaga di ka nna 200 moragonyana, Great Britain e ile ya nna le maemo a a kwa godimo mo lefatsheng, mme kgabagare, ya nna le karolo e e botlhokwa ya go diragatsa boporofeti jwa Baebele.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 8 Kgaolo eno e ne e le karolo ya Netherlands ya Spain, e e neng e busiwa ke Spain mo lekgolong la bo16 la dingwaga. E ne e akaretsa dikgaolo tsa bokone jwa Fora, Belgium le Holland.

[Setshwantsho/Mmapa mo go tsebe 26, 27]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Loeto lwa Armada ya Spain

​——​ Tsela ya Letsholo

–– Loeto lwa go boela gae

X Dintwa

SPAIN

Lisbon

La Coruña

Santander

FLANDERS

Calais

SPANISH NETHERLANDS

UNITED NETHERLANDS

ENGELANE

Plymouth

Lontone

IRELAND

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Kgosi Philip II

[Motswedi wa Setshwantsho]

Biblioteca Nacional, Madrid 

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Kgosigadi Elizabeth I

[Setshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Molaodimogolo wa Medina-Sidonia molaodi wa Armada ya Spain

[Setshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Cortesía de Fundación Casa de Medina Sidonia

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 25]

Museo Naval, Madrid