Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

“Legae le le tlwaelegileng la Moamerika gone jaanong le na le dithelebishene tse dintsi go feta batho”— dithelebishene tse 2,73 go batho ba 2,55. “Halofo ya magae a kwa Amerika a na le dithelebishene tse tharo kgotsa go feta.”—ASSOCIATED PRESS, U.S.A.

Letsatsi le letsatsi mo dikgotlatshekelong go ralala Afrika Borwa, bana ba le 82 ba bonwa molato wa “go betelela kgotsa go tlhasela bana ba bangwe ka tlhakanelodikobo.” Go ya ka bangwe, palo e kgolo ya balatofadiwa bano ba bolela gore go sotla ba bangwe jalo “go bakilwe ke ditiro tse ba di boneng mo thelebisheneng.”—THE STAR, SOUTH AFRICA.

Go Tlhorega Boroko go Dira Gore Motho A se Ka a Bereka Sentle

Mokgwa wa go robala wa batho bangwe kwa Spain o senya bokgoni jwa bone jwa go nna le matswela mo tirong. Dr. Eduard Estivill yo o okametseng tliliniki ya batho ba ba sa robaleng kwa Barcelona, o tshwaela gore fa ba bapisiwa le Bayuropa a bangwe, batho ba kwa Spain ba tsoga mo mesong thata, ba dira diura tse ditelele, ba ja dijo tsa maitseboa thari, mme ba robala palogare ya metsotso e e kwa tlase ga 40. Le fa go ntse jalo, bothata jwa go sa robale sentle, bo ka baka mathata a a tshwanang le go serega, go lebala thata, go tlhobaela, le go tshwenyega thata mo maikutlong. Ka gone, “motho le fa e le ofe yo o dirang tiro ya barutegi kgotsa tiro e nngwe e a tlhokang go tlhoma mogopolo mo go yone,” Dr. Estivill o tlhagisa gore “o tshwanetse go robala diura tse di magareng ga di le supa le di le robedi letsatsi le letsatsi.”

A Korong e ka Dirisiwa Jaaka Setukisi?

A go a amogelesega go fisa korong go thuthafatsa? Lokwalodikgang lwa kwa Jeremane Frankfurter Allgemeine Sonntagszeitung le tlhalosa gore e re ka tlhwatlhwa ya korong e wela kwa tlase mme ya lookwane e tlhatloga, ga go jele molemirui madi a mantsi fa a fisa korong ya gagwe go thuthafatsa go na le gore a e rekise a bo a reka lookwane. Dikilogerama di le 2,5 tsa korong di mo tlhoka R1,40 gore a di godise, mme fa e fisitswe dikilogerama tseo tsa korong di ka ntsha litara e le 1 ya lookwane, e e jang madi a a kana ka R4,20. Ke ka lebaka leo go nnileng le bothata jo bo umakilweng ke lokwalodikgang: A o ka “fisa dijo tsa dithoro ntswa batho bangwe ba bolawa ke tlala”?

Go Dirwa Kgwebo ka Loeto Lwa Mopapa

Fa Mopapa a etela Jeremane ka 2006, madirelo, bagwebi, le ba tsa bojanala ba ne ba ipaakantse sentle gore ba tle ba bone lotseno mo loetong lwa gagwe. Kereke le yone e ne ya batla mogwebi mmogo le yone go rekisa dilwana. Dilo dingwe tsa go gopola loeto tse di neng di rekisiwa di ne di akaretsa dirosari, dikerese, dibotlolo tsa metsi a a boitshepo, dikopi tsa go nwela kofi, dikepisi, dikipa, le di-reng tse di tsholang dilotlolo, le difolaga tsa Vatican. Makasine wa dikgang wa Der Spiegel o bega jaana: “Kereke ya Katoliki e na le seabe se segolo mo go direng madi, jaaka e kete Jesu Keresete ga a ise a ko a leleke barekisi mo tempeleng.”

Metshameko ya Bidio e ka Dira Gore Motho A se Ka a Tlhola a Tshaba Thubakanyo

Babatlisisi ba thutotlhaloganyo ba kwa Iowa State University, U.S.A. ba re, “Metshameko ya bidio e ka dira gore motho a se tlhole a sisimoga thubakanyo ya mmatota.” Dipatlisiso tse di dirilweng pele ga foo di bontshitse gore metshameko eno e “oketsa dikakanyo tsa go nna bosilo, le go galefa.” Mo patlisisong eno go ne ga lebiwa kafa pelo e itayang ka teng le kafa batho ba itshwarang ka teng fa ba bontshiwa thubakanyo ya mmatota morago fela ga gore ba tshameke metshameko ya bidio e e nang le thubakanyo kgotsa e e se nang thubakanyo. Matswela a bontshitse gore batho ba ba “tshamekang metshameko ya bidio e e tletseng thubakanyo ba tlwaela mefuta yotlhe ya thubakanyo mme kwa bofelong ba bo ba sa tlhole ba e sisimoga le e seng.”