Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ruta ka go Tlhoma Sekao

Ruta ka go Tlhoma Sekao

Kgato 7

Ruta ka go Tlhoma Sekao

Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go tsaya kgato eno? Seo o se dirang se a ruta. Gantsi mafoko a fetisa fela tshedimosetso. Ka sekai, batsadi ba ka bolelela bana ba bone gore ba tlotle batho ba bangwe le gore ba bue boammaaruri. Mme fa e le gore bone batsadi bao ba goana kgotsa ba goa bana ba bone kgotsa ba bua maaka go ikgolola, ba ruta bana gore ke ka tsela eo batho ba ba godileng ba tshwanetseng go itshwara ka yone. Mokwadi mongwe e bong Dr. Sal Severe o ne a bolela gore go etsa batsadi “ke tsela e e di gaisang tsotlhe e bana ba ithutang ka yone.”

Kgwetlho ya seno ke eng? Batsadi ga ba itekanela. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Botlhe ba leofile e bile ba tlhaela kgalalelo ya Modimo.” (Baroma 3:23) Malebana le go laola puo ya rona, morutwa Jakobe o ne a kwala jaana: “Loleme lone, ga go na le a le mongwe wa batho yo o ka dirang gore lo kgwabofale.” (Jakobe 3:8) Mo godimo ga moo, go tlwaelegile gore bana ba leke go bona gore motsadi o pelotelele go le kana kang. Larry, rre wa bana ba babedi, yo gantsi e leng motho yo o ritibetseng e bile a kgona go ikgapa a re: “Go a gakgamatsa go bona kafa bana ba me ba kgonang go nkgalefisa ka teng.”

Tharabololo ke eng? Lekang go nna dikao tse di siameng—e seng tse di itekanetseng. Mme nako le nako fa o dira phoso, go tseye e le tshono e e molemo ya go ruta bana ba gago thuto e e molemo. Chris wa bana ba babedi a re: “Fa nka galefela bana ba me kgotsa fa ke dirile tshwetso e e sa siamang e e dirang gore ba se ka ba itumela, ke dumela gore ke dirile phoso mme ke bo ke kopa maitshwarelo. Seno se ile sa ruta bana ba me gore batsadi le bone ba dira diphoso mme rotlhe re tlhoka go dira maiteko a go tokafatsa boitshwaro jwa rona.” Kostas, yo o umakilweng kwa pelenyana, a re: “Ke lemogile gore ka go bo ke kopa maitshwarelo fa ke ile ka galefa, basetsana ba me ba ile ba ithuta go kopa maitshwarelo fa bone ba dira diphoso.”

Jehofa Modimo a re: “Lo se ka lwa tshwenya bana ba lona, mme tswelelang lo ba godisetsa mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.” (Baefeso 6:4) Fa mongwe yo o nang le taolo a bua se se rileng mme a sa dire se a se buang, seo se galefisa bana fela jaaka go ka galefisa bagolo kgotsa gongwe bone go ka ba galefisa le go feta. Ka gone, ke eng o sa ipotse dipotso tseno fa letsatsi lengwe le lengwe le khutla: Fa nka bo ke sa bua sepe letsatsi lotlhe, bana ba me ba ka bo ba ithutile eng ka tsela e ke itshwarang ka yone? A dilo tseno ke tsone tse ke lekang go di ba ruta fa ke bua le bone?

[Mafoko a a mo go tsebe 9]

“A wena yo o rutang motho mongwe o sele, a ga o ithute?”—Baroma 2:21

[Ditshwantsho mo go tsebe 9]

Fa motsadi a kopa maitshwarelo, ngwana le ene o ithuta go dira jalo