Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Thapiso ya Bomodimo e Tlisa Matswela a a Molemo

Thapiso ya Bomodimo e Tlisa Matswela a a Molemo

Thapiso ya Bomodimo e Tlisa Matswela a a Molemo

Batsadi ba ba rutang bana ba bone ba sa ntse ba le babotlana gantsi ba bona matswela a a molemo a tiro ya bone. Dorian, mosha mongwe wa kwa Peru, kwa Amerika Borwa, o ne a neela puo ya gagwe ya ntlha ya moithuti mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa fa a ne a le dingwaga di le nnè. Fa a ne a simolola sekolo, o ne a kgona go tlhalosetsa morutabana le bana ba a nang le bone mo tlelaseng go tswa mo Baebeleng gore ke ka ntlha yang fa a sa keteke Keresemose.

Bosheng jaana, fa a ne a le dingwaga di le tlhano, Dorian o ne a kopiwa gore a bue le sekolo sotlhe—sa baithuti ba ba ka nnang 500—a bua le bone malebana le se a se dumelang ka Letsatsi la Borre. O ne a baakanyetsa puo ya metsotso e le lesome ya setlhogo se se reng “Boikarabelo Jwa ga Rre,” e e neng e theilwe mo temaneng e e mo go Baefeso 6:4. Fa a konela puo ya gagwe, o ne a re, “Go na le go keteka Letsatsi la Borre gangwe fela ka ngwaga, bana ba tshwanetse go tlotla batsadi ba bone letsatsi le letsatsi.”

Ka 1943, Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, se se neng se diretswe go tokafatsa bokgoni jwa basha le bagolo jwa go bua phatlalatsa, se ile sa nna nngwe ya dipokano tsa beke le beke tsa Basupi ba ga Jehofa. Fa e sa le ka nako eo, se ile sa neela thapiso e e theilweng mo Baebeleng e e oketsang thapiso e batsadi ba kgothadiwang go e neela bana ba bone.—Diane 22:6.

Ka November 2005, Simon wa dingwaga di le thataro, mosha mongwe wa kwa Switzerland, o ne a neela puo ya gagwe ya ntlha ya mmalo wa Baebele mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Mo e ka nnang ngwaga morago ga foo, o ne a botsolodiwa mo thulaganyong ya kopano ya Basupi ba ga Jehofa e kgolo. O ne a simolotse go nna le boikutlo bofe malebana le dilo tsa semoya?

Simon o rata go ya dipokanong tsa Bokeresete mme seo se supiwa ke matsapa a a dirang gore a se ka a fosa e le nngwe ya tsone, le fa a ka ikutlwa a lapile. Mo godimo ga moo, o tsamaya le maloko a mangwe a lelapa mo bodireding jwa tshimo. Kgwedi nngwe le nngwe o tsamaisa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! tse di fa gare ga 30 le 50 mo bathong ba dingwaga tsotlhe. Mme gape, gantsi o bua le rraagwe ka Baebele a bo a mo kgothaletsa go tsamaya le maloko a lelapa go ya dipokanong.

Ga go na pelaelo gore batsadi ba ba godisang bana ba bone “mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa” ba nna le boitumelo jo bogolo fa bana ba bone ba tsibogela seo e bile ba nna le matswela a a molemo.—Baefeso 6:4; Jakobe 3:17, 18.

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Dorian a le kwa sekolong

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Simon a le kwa Holong ya Bogosi