Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tlhoma Thulaganyo ya ka Metlha O bo O e Latele

Tlhoma Thulaganyo ya ka Metlha O bo O e Latele

Kgato 5

Tlhoma Thulaganyo ya ka Metlha O bo O e Latele

Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go tsaya kgato eno? Go latela thulaganyo e e rileng ka metlha ke karolo e kgolo ya botshelo jwa bagolo. Gantsi mo tirong, mo kobamelong le e leng mo boitlosobodutung, go latelwa thulaganyo e e rileng. Batsadi ba tsenya bana mo mathateng fa ba sa ba rute go rulaganya nako ya bone le go latela thulaganyo e e rileng. Kafa letlhakoreng le lengwe Dr. Laurence Steinberg, porofesa nngwe ya thutotlhaloganyo o bolela jaana: “Dipatlisiso di bontsha gore go nna le melao le thulaganyo, go dira gore ngwana a ikutlwe a babalesegile e bile go mo ruta boikgapo le go kgona go itshepa.”

Kgwetlho ya seno ke eng? Sengwe le sengwe se potlakile mo botshelong. Batsadi ba bantsi ba bereka diura tse di telele, ka jalo, go ka direga gore ba bo se na nako e kalo ya go nna le bana ba bone ka metlha. Go tlhoma le go boloka thulaganyo e e rileng go tlhoka gore motho a kgone go ikgalemela le go ikemisetsa go fenya bothata jwa gore ngwana o gana go latela thulaganyo e e rileng.

Tharabololo ke eng? Dirisa molaomotheo wa kgakololo ya Baebele ya gore “a dilo tsotlhe di diragale ka mokgwa o montle le ka thulaganyo.” (1 Bakorintha 14:40) Ka sekai, fa bana ba sa ntse ba le bannye thata, batsadi ba le bantsi ba tlhoma nako e e tlhomameng ya go robala. Le fa go ntse jalo, nako ya go robala e tshwanetse ya dirwa gore e nne nako e e itumedisang. Tatiana, yo o nnang kwa Greece, mme e le mmè wa basetsanyana ba babedi a re: “Fa bana ba tsene mo dikobong, ke a ba solasola ke bo ke ba bolelela dilo tse ke tlhotseng ke di dira fa ba ne ba le kwa sekolong. Go tswa foo ke ba botsa gore a ba ka rata go mpolela dilo dingwe tse ba neng ba di dira ka letsatsi leo. Seo se dira gore ba ritibale. Mme gantsi ba mpulela mafatlha.”

Kostas monna wa ga Tatiana, o balela basetsanyana dipolelo. A re: “Ba akgela ka dipolelo tseo mme gantsi motlotlo o felela e le o o amanang le dilo tse bone ba tshwenyegileng ka tsone. Ga nke ke atlega fa ke batla fela gore basetsanyana ba me ba mpolelele gore ba tshwenngwa ke eng.” Gone ke boammaaruri gore fa bana ba gola, o tla fetola nako ya go robala ka tsela e e tshwanetseng. Mme fa o tswelela ka thulaganyo eo, go ka direga gore bana ba gago ba tla tswelela ba dirisa nako eno go bua le wena.

Mo godimo ga moo, malapa ka botlhale a tla go dira tlwaelo gore bobotlana ba je mmogo gangwe ka letsatsi. Gore seno e nne tlwaelo, dinako tsa dijo di tla tlhoka go nna di fetofetolwa. Charles, rre wa basetsana ba le babedi a re: “Ka dinako tse dingwe ke fitlha thari kwa gae ke tswa tirong. Mosadi wa me o tla bo a naya basetsana dijonyana tse di motlhofo gore ba se ka ba tshwarwa ke tlala thata fa ba ntse ba letile, mme ka metlha o dira gore mongwe le mongwe a lete gore re tle re je mmogo re le lelapa. Re tlotla ka dilo tse di diragetseng letsatsi leo, re sekaseka temana ya Baebele, re bua ka mathata e bile re tshega mmogo. Go nna le thulaganyo e re e latelang go botlhokwa thata gore lelapa la rona le nne le itumetse.”

Gore o kgone kgato eno, o se ka wa letla go batla dikhumo go go kgoreletsa go latela thulaganyo ya lelapa. Dirisa kgakololo ya Baebele ya gore “lo tlhomamise dilo tse di botlhokwa thata.”—Bafilipi 1:10.

Ke eng se sengwe se batsadi ba ka se dirang go tokafatsa puisano ya bone le bana ba bone?

[Mafoko a a mo go tsebe 7]

“A dilo tsotlhe di diragale ka mokgwa o montle le ka thulaganyo.”—1 Bakorintha 14:40