Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Nna le Tsholofelo mo Botshelong go ka Tokafatsa Boitekanelo Jwa Gago?

A go Nna le Tsholofelo mo Botshelong go ka Tokafatsa Boitekanelo Jwa Gago?

A go Nna le Tsholofelo mo Botshelong go ka Tokafatsa Boitekanelo Jwa Gago?

“Pelo e e ipelang e dira sentle jaaka kalafi,” go ne ga kwala jalo kgosi e e botlhale ya Moiseraele dingwaga di le 3 000 tse di fetileng. (Diane 17:22) Gompieno dingaka di lemoga botlhale jwa mafoko ao a a tlhotlheleditsweng. Mme go nna le “pelo e e ipelang” ga go itlele fela.

Ke ba le mmalwa fela ba rona ba re kgonang go emelana le dikgatelelo tsa botshelo jwa letsatsi le letsatsi, tse di ka bakang gore motho a ngomoge pelo le go felelwa ke tsholofelo. Le fa go ntse jalo, dipatlisiso tsa bosheng di bontsha gore le fa go na le mathata, go molemo go lwela go nna le tsholofelo mo botshelong.

Go solofela dilo tse di molemo go tlhalosiwa e le “go nna le boikutlo jwa tsholofelo; mokgwa wa go solofela gore dilo di tla siama.” Fa motho yo o nang le tsholofelo a nna le mathata, o ikutlwa jang ka one? Ga a tseye e le selo se se tla nnelang ruri. Seno ga se bolele gore o gana go amogela se e leng boammaaruri. Go na le moo, o amogela le go sekaseka maemo. Mme fa maemo a letla, o tsaya kgato go fetola seemo kgotsa go se tokafatsa.

Kafa letlhakoreng le lengwe motho yo o se nang tsholofelo ene, gantsi o ipona molato ka seemo se se mo tlhagetseng. O akanya gore mathata a gagwe ke a leruri le gore a bakilwe ke boeleele jwa gagwe, go palelwa ga gagwe, kgotsa go bo a se montle. Ka ntlha ya mogopolo oo o tsaya gore o paletswe.

A go nna le tsholofelo mo botshelong go ka ama boitekanelo le botsogo jwa rona? Ee. Mo dipatlisisong tse di dirilweng mo dingwageng tse 30, ke Tliliniki ya Mayo, kwa Rochester, Minnesota, U.S.A., mo balwetseng ba ba fetang 800, baitsesaense ba fitlhetse gore batho ba ba nang le tsholofelo ba na le boitekanelo jo bo botoka le gore ba tshela lobakanyana go feta ba bangwe. Gape babatlisisi ba fitlhetse gore batho ba ba nang le tsholofelo ba lebana botoka le kgatelelo ya maikutlo le gore ga se gantsi ba tshwenyegang thata mo maikutlong.

Le fa go ntse jalo, ga go motlhofo go nna le tsholofelo mo lefatsheng le go bonalang mathata a lone a ntse a oketsega. Ga go gakgamatse he, go bo batho ba le bantsi ba sena tsholofelo. Go ka dirwang go rarabolola bothata jono? Mo lebokosong le le kafa tlase, o tla bona dikakantsho dingwe tse di ka go thusang.

Le fa go nna o itumetse go ka se alafe sengwe le sengwe, go ka thusa motho gore a nne le botsogo jo bo siameng le botshelo jo bo kgotsofatsang. Baebele ya re: “Kutlobotlhoko ya ka metlha e bosula; mme pelo e e itumetseng e ipela ka metlha.”—Diane 15:15, The Jerusalem Bible.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 26]

Dikakantsho Dingwe Tse di Ka go Thusang Gore o Nne le Tsholofelo mo Botshelong *

▪ Fa o iphitlhela o akanya gore ga o ne o itumelela sengwe kgotsa ga o ne o atlega mo porojekeng nngwe, ganana le dikgopolo tseno. Akanya ka dilo tse di molemo.

▪ Leka go itumelela tiro e o e dirang. Go sa kgathalasege gore ke tiro ya mofuta mang, leka go bona gore ke dilo dife tse o di ratang ka tiro eo.

▪ Batla ditsala tse di nang le pono e e siameng ka botshelo.

▪ Tsaya kgato ka maemo a o ka kgonang go a laola; leka go amogela maemo a o ka se kgoneng go a fetola.

▪ Letsatsi le letsatsi, kwala fa fatshe dilo tse tharo tse di molemo tse di go diragaletseng.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 10 Karolo ya Lenaane le le fa godimo fano le tswa mo kgatisong e e gatisitsweng ke Tlileniki ya Mayo.