A ke Modimo a go Bakang?
A ke Modimo a go Bakang?
BAEBELE e bolela gore, “Modimo ke lorato.” (1 Johane 4:8) Mme gape o na le tshiamiso e bile o kutlwelobotlhoko. “Lefika, tiro ya gagwe e itekanetse, gonne ditsela tsotlhe tsa gagwe di tshiamiso. Modimo yo o ikanyegang, yo go se nang botlhoka tshiamiso mo go ene; o siame e bile o thokgame.”—Duteronome 32:4.
Jaaka Mmopi, Jehofa Modimo o na le bokgoni jwa go bonela pele dilo tse di ka bakang botlhoko mme e bile o na le maatla a go tsaya kgato ka gone. Ka ntlha ya mabaka ano le ka ntlha ya dinonofo tse Baebele e bolelang gore Modimo o na le tsone, batho ba le bantsi ba botsa jaana ka tshwanelo, “Ke ka ntlha yang fa Modimo a letlelela masetlapelo go direga?” * Jaaka dimilione tsa batho ba ka bopeloephepa ba boditseng dipotso tseno ba bone gore Modimo ka boene o neela dikarabo tse di utlwalang thata mo Lefokong la gagwe le le kwadilweng. (2 Timotheo 3:16) Tsweetswee sekaseka dintlha tse di latelang.
Ba Ganne Lorato Lwa Modimo
Baebele e re bolelela gore Modimo o ile a naya batsadi ba rona ba ntlha sengwe le sengwe se ba neng ba se tlhoka go nna le botshelo jo bo itumetseng le jo bo babalesegileng. Mo godimo ga moo, fa bone le bana ba bone ba ne ba utlwa taelo ya Modimo ya gore “atang lo ntsifale lo tlatse lefatshe,” ba ne ba ka tlhomamisega gore Modimo o tla tswelela go ba tlhokomela.—Genesise 1:28.
Le fa go ntse jalo, ka maswabi Adame le Efa ba ile ba furalela Mmopi wa bone ka boomo ka go sa mo utlwe mme ba tlhopha tsela ya go itaola. (Genesise 1:28; 3:1-6) Bontsi jwa bana ba bone ba ile ba latela dikgato tsa bone. (Genesise 6:5, 6, 11, 12) Ka mafoko a mangwe, batho ka kakaretso ba ile ba tlhopha gore ba ipuse le go busa legae la bone e leng lefatshe, ba sa kaelwe ke Modimo. E re ka Modimo e le Modimo yo o lorato yo o tlotlang molaometheo wa gore batho ba itlhophele se ba se batlang, Jehofa ga a pateletse batho gore ba nne kafa tlase ga bolaodi jwa gagwe, le fa tsela e ba e tlhophang e ka ba utlwisa botlhoko. *
Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a ka a latlha batho. Go fitlha gompieno “[o] tlhabisetsa batho ba ba boikepo le ba ba molemo letsatsi la gagwe e bile [o] nesetsa batho ba ba siameng le ba ba sa siamang pula.” (Mathaio ) Mo godimo ga moo, Modimo o ile a naya batho bokgoni jwa go ka ithuta ka lefatshe le medikologo ya lone, le ditsela tse di farologaneng tse kitso eno e ileng ya dira gore batho ba kgone go bolelela pele maemo a bosa a a maswe le dikotsi tse di ka nnang teng tse di jaaka go thunya ga makgwamolelo. 5:45
Batho ba ile ba lemoga gape gore ke dikarolo dife tsa lefatshe tse di ratang go nna le thoromo ya lefatshe le maemo a bosa a a maswe. Mo dinageng dingwe kitso eno e ile ya thusa go boloka matshelo ka go ruta batho ka dilo tseno le ka go nna le mekgwa e e botoka ya go aga le dithulaganyo tse di botoka tsa go tlhagisa batho. Le fa go ntse jalo, palo ya masetlapelo a tlholego e e begiwang ngwaga le ngwaga e nna e ntse e oketsega. Mabaka a seno a mantsi e bile a raraane.
Go Nna mo Mafelong a a Kotsi Thata
Ga se ka metlha bogolo jwa masetlapelo bo amanang le maatla a tlholego. Gantsi palo ya batho ba ba nnang mo lefelong le le amegang ke yone e supang bogolo jwa kotsi. Go ya ka pego nngwe e e gatisitsweng ke World Bank, mo dinageng tse di fetang 160, mo e ka nnang diperesente tse di fetang 25 tsa baagi ba nna mo mafelong a kotsi ya masetlapelo a tlholego e leng kgolo mo go yone. Moitsesaense wa Columbia University kwa United States e bong Klaus Jacob a re: “Fa o baya batho ba ba oketsegileng mo lefelong [le le kotsi], o dira gore se pele e neng e le tiragalo ya tlholego fela e nne masetlapelo.”
Dilo tse dingwe tse di dirang gore maemo a nne maswe le go feta ke go fudugela ga batho ba bantsi kwa ditoropong go sa dirwa dithulaganyo tsa gone, go rengwa ga dikgwa le go dirisiwa ga konkereite e ntsi go khurumetsa mmu o gantsi o neng o ka monya metsi a a elelang. Go rengwa ga dikgwa le go dirisiwa ga konkereite ke tsone thatathata tse di bakang go gosomana ga seretse le merwalela e megolo.
Dilo tse batho ba di dirang le tsone di ka dira gore thoromo ya lefatshe e nne masetlapelo a magolo. Gantsi ga se thoromo e kgolo ya lefatshe e e bakang dintsho le dikgobalo tse dintsi mme ke meago e e wang e e bolayang batho. Go a utlwala go bo baithuti ba dithoromo tsa lefatshe ba rata go bolela jaana: “Dithoromo tsa lefatshe ga di bolaye batho. Meago ke yone e e bolayang batho.”
Go palelwa ga puso le gone go ka oketsa palo ya batho ba ba swang. Kwa nageng nngwe ya kwa Amerika Borwa, dithoromo tsa lefatshe di ile tsa senya motsemogolo ka makgetlho a le mararo mo dingwageng di le 400 tse di fetileng. Mme fa e sa le ka thoromo ya lefatshe ya bofelo, e e ileng ya direga ka 1967, palo ya baagi e ile ya oketsega gabedi mme ya nna dimilione di le tlhano. Makasine wa New Scientist o bolela jaana: “Go ka direga gore ga go na melao ya kago e e latelwang kgotsa fa e le teng ga e dirisiwe, e leng melao e e neng e tla sireletsa baagi.”
Mafoko a bofelo a tshwanela sentle motse wa New Orleans, Louisiana, U.S.A., o o neng o agilwe mo lefelong le le kwa tlase le le ratang go nna le merwalela. Le fa go ne go na le maparego a a thibelang metsi le dipompo, masetlapelo a batho ba le bantsi ba neng ba a boifa a ile a direga ka 2005 fa Kgwanyape e e bidiwang Katrina e tlhasela. Pego nngwe go tswa mo lokwalodikgannyeng lwa USA Today e ne ya bolela jaana: Go ka direga gore “ditlhagiso tse di sa bolong go ntshiwa” di ne tsa itlhokomolosiwa kgotsa “batho ba ne ba sa itshwenye ka tsone.”
Batho ba nnile gape le boikutlo jo bo ntseng jalo jwa go sa tshwenyege malebana le go gotela ga lefatshe, e leng sengwe se baitsesaense ba le bantsi ba dumelang gore e ka tswa e le sone se se oketsang masetlapelo a a amanang le maemo a bosa le go tlhatloga ga metsi a lewatle. Ga go na pelaelo gore, go tshwanetse ga akanngwa ka maemo a dipolotiki, a loago le a ikonomi—dilo tse di sa bakiweng ke Modimo. Dilo tseno tse di bakwang ke batho di re gakolola boammaaruri jwa Baebele jwa gore motho ga a kgone Jeremia 10:23) Selo se sengwe se se amanang le batho ke boikutlo jwa bone malebana le ditlhagiso—ditlhagiso tsa tlholego le tse di ntshiwang ke babusi.
“go kaela dikgato tsa gagwe.” (Ithute go Lemoga Matshwao a Tlhagiso
Sa ntlha, re tshwanetse ra dumela gore masetlapelo a tlholego a ka nna a tlhasela kwantle ga tlhagiso epe. Moreri 9:11 ya re: “Botlhe ba diragalelwa ke motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.” Le fa go ntse jalo, gantsi go na le bosupinyana jo bo rileng—e ka tswa e le jwa tlholego kgotsa jo bo ntshiwang ke babusi—jwa gore go na le mathata a a tlang. Ka jalo, fa batho ba itse matshwao, ba ka kgona go tokafatsa kgonego ya bone ya go falola.
Fa tsunami e ne e tlhasela setlhaketlhake sa Simeulue kwa Indonesia ka 2004, go ile ga swa batho ba le supa mo baaging ba ba diketekete. E re ka batho ba ne ba itse gore fa makhubu a lewatle a kokobala ka tsela e e sa tlwaelegang go ka raya gore go tla tloga go nna le tsunami, bontsi jwa bone bo ile jwa tshaba fa metsi a kokobala. Ka tsela e e tshwanang, batho ba ile ba falola ditsuatsue tse di maatla le go thunya ga makgwamolelo ka go tsaya ditlhagiso tsia. E re ka gantsi ditlhagiso tsa tlholego di tla pele ga ditlhagiso tse di ntshiwang ke babusi, go botoka go tlwaelana le tsone ka bobedi, segolobogolo fa o nna mo lefelong le le ratang go nna le masetlapelo.
Le fa go ntse jalo, moithuta makgwamolelo mongwe o ne a bolela gore, ka maswabi, batho ba “na le tlwaelo ya go gana go dumela gore go na le kotsi le fa gone go bonala sentle gore e tla nnang teng.” Seno se direga thata mo mafelong a go tlwaelegileng gore go nne le ditlhagiso tse e seng tsone kgotsa kwa masetlapelo a nako e e fetileng a ileng a direga bogologolo thata gone. Mme ka dinako tse dingwe ke fela gore batho ga ba batle go tlogela dithoto tsa bone, tota le fa ba lebane le masetlapelo.
Mo dikgaolong di le dintsi batho ba humanegile thata mo e leng gore ga ba kgone go fudugela kwa mafelong a a babalesegileng. Mme go na le gore dilo tseno di supe gore Mmopi wa rona ke ene a di bakang, bosupi bo bontsha gore khumanego e teng ka ntlha ya go palelwa ga batho. Ka sekai, gantsi mebuso e dirisa madi a le mantsi go reka dibetsa mme ga e dire sepe go thusa batho ba ba tlhokang.
Le fa go ntse jalo, go na le thuso e e rileng e batho ba le bantsi ba e bonang, go sa kgathalesege gore ba mo seemong se se ntseng jang. Ba ka thusiwa jang? Ka gore Modimo, ka Lefoko la gagwe le le kwadilweng e leng Baebele e e Boitshepo, o re file melaometheo e mentsi e e molemo, e fa re ka e dirisa e ka kgonang go boloka matshelo.
Melaometheo e e Bolokang Matshelo
▪ O seka wa leka Modimo. Duteronome 6:16 ya re: “Lo se ka lwa leka Jehofa Modimo wa lona.” Bakeresete ba boammaaruri ga ba dumele mo tumelobotlhoding, ka kgopolo ya gore Modimo o tla ba sireletsa ka metlha gore ba se ka ba utlwa botlhoko. Ka jalo, fa ba bona gore go na le kotsi, ba tsaya tsia kgakololo eno e e tlhotlheleditsweng: “Yo o botlhale ke yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha, ba ba se nang maitemogelo ba fetile mme ba tla boga matswela a a botlhoko.”—Diane 22:3.
▪ Re tshwanetse go tsaya botshelo bo le botlhokwa thata go na le dithoto. “Le e leng fa motho a na le letlotlo botshelo jwa gagwe ga bo nne gone ka ntlha ya dilo tse a di ruileng.” (Luke 12:15) Ee, dithoto di ka solegela motho molemo ka tsela e e rileng, mme ga di na thuso epe fa motho a lebane le loso. Ka jalo, batho ba ba ratang botshelo le ba ba anaanelang tshiamelo ya go direla Modimo, ga ba itsenye mo kotsing go sa tlhokege gore ba sireletse dithoto tsa bone.—Pesalema 115:17.
Ka 2004, Tadashi yo o nnang kwa Japane, o ne a tswa ka bonako mo ntlong ya gagwe fa go sena go nna le thoromo ya lefatshe, a dira jalo le pele ga fa puso e laela batho go dira jalo. Botshelo jwa gagwe bo ne bo le botlhokwa thata go na le ntlo ya gagwe le dithoto tsa gagwe. Akira, yo le ene a nnang mo lefelong leo, o ne a kwala ka gore, “selekanyo sa mmatota sa tshenyego se ikaegile e seng ka gore motho o latlhegelwa go le kana kang mme go ikaegile ka gore motho o na le boikutlo jo bo ntseng jang. Nna ke ne ka tsaya masetlapelo ano e le tshono e e siameng ya gore ke tlhofofatse botshelo jwa me.”
▪ Tsaya ditlhagiso tsa puso tsia. “O nne mo taolong ya balaodi ba bagolo.” (Baroma 13:1) Fa puso e ntsha taelo ya gore batho ba tswe mo lefelong le ba leng mo go lone kgotsa gore go latelwe thulaganyo e e rileng ya pabalesego, go molemo go e latela. Tadashi o ne a nnela kgakala le lefelo le le kotsi a utlwa taelo ya gore ba tswe mo lefelong la bone mme ka go dira jalo o ile a tila go gobala kgotsa go swa ka ntlha ya ditlamorago tsa thoromo ya lefatshe.
Fa puso e sa ntshe ditlhagiso dipe tsa gore go tla nna le masetlapelo, batho ba tshwanetse go itirela tshwetso ka bobone gore ba tla tsibogela tlhagiso leng le gone jang, ba akanyetsa mabaka otlhe a a leng teng. Mo mafelong mangwe mebuso e naya batho dikaelo tse di mosola malebana le ditsela tsa go falola
masetlapelo. Fa e le gore go na le tshedimosetso e e ntseng jalo mo lefelong la lona, a o tlwaelane sentle le yone? A o ile wa e sekaseka le ba lelapa la gago? (Bona lebokoso) Mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe, ka kaelo ya ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa, diphuthego tsa Basupi di ile tsa dira dithulaganyo tsa maemo a tshoganyetso a ba ka a latelang fa go ka direga gore go nne le masetlapelo kgotsa fa a nna teng, mme bontsi jwa dithulaganyo tseno di ile tsa itshupa di le mosola thata.▪ Bontsha lorato lwa Bokeresete. Jesu o ne a re: “Ke lo naya taelo e ntšha, ya gore lo ratane; fela jaaka ke lo ratile, gore le lona lo ratane.” (Johane 13:34) Batho ba ba nang le moya wa go intsha setlhabelo, ba ba nang le lorato lo lo tshwanang le lwa ga Keresete ba dira sengwe le sengwe se ba ka se kgonang go thusana gore ba siamele go falola masetlapelo a tlholego. Mo Basuping ba ga Jehofa, bagolwane ba phuthego ba dira ka natla go ikgolaganya le maloko otlhe a phuthego go tlhomamisa gore ba babalesegile kgotsa gore ba ye kwa lefelong le le babalesegileng. Mo godimo ga moo, bagolwane ba dira dipatlisiso go tlhomamisa gore mongwe le mongwe o na le dilo tse di tlhokegang, tse di jaaka metsi a a phepa, dijo, diaparo le melemo e e botlhokwa. Ka nako e tshwanang, malapa a Basupi a a mo mafelong a a babalesegileng a bulela Basupi mmogo le bone ba ba tswang kwa mafelong a a kotsi dikgoro tsa bone. Lorato lo lo ntseng jalo ke “sebofo se se itekanetseng sa kutlwano” tota.—Bakolosa 3:14.
A masetlapelo a tlholego a tla nnela maswe le go feta jaaka bangwe ba bolelela pele? Gongwe, mme e tla nna ka nakwana fela. Ka ntlha yang? Ka gonne nako ya gore batho ba ipuse ka tsela e e ba utlwisang botlhoko e tla tloga e fela. Morago ga foo, lefatshe lotlhe le baagi ba lone ba tla bo ba le kafa tlase ga bolaodi jo bo lorato jwa ga Jehofa ka botlalo, mme go tla nna le ditlamorago tse di itumedisang, jaaka fa re tla bona.
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 3 Dithoromo tsa lefatshe, maemo a bosa a a maswe, go thunya ga makgwamolelo le tse dingwe ga se masetlapelo ka botsone. E nna masetlapelo fa di nna le ditlamorago tse di sa itumediseng mo matshelong a batho le mo dithotong tsa bone.
^ ser. 6 Go bona dintlha ka botlalo malebana le kgang ya gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letleletse go boga le bosula ka nakwana, tsweetswee bona metseletsele ya ditlhogo tse di nang le setlhogo se se reng “‘Goreng?’—Go Araba Potso e e Boima go di Gaisa Tsotlhe,” mo makasineng one ono wa November 2006 mmogo le kgaolo 11 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 7]
A O SIAMETSE GO TSHABA?
Office of Emergency Management ya kwa New York City e akantsha gore malapa a dire dithulaganyo tsa go tswa mo ba nnang teng ka go tsaya “kgetsana e ba tsenyang dilwana mo go yone e ba ka tsamayang ka yone”—e tshwanetse go nna kgetsana e e tshwarelelang, e go leng motlhofo go tsamaya ka yone e e nang le dilo tse di botlhokwa tsa boemo jwa tshoganyetso. Go ka tsenngwa dilo tse di latelang: *
▪ Go tsenya dikhopi tsa makwalo a a botlhokwa mo teng ga selo se se sa tseneng metsi.
▪ Dilotlolo tse di oketsegileng tsa koloi le ntlo
▪ Karata ya go tsaya sekoloto le ya banka le madi
▪ Metsi a dibotlolo le dijo tse di sa senyegeng
▪ Radio ya AM/FM, founo ya selula (fa e le gore o na le yone) dibeteri tse di oketsegileng
▪ Melemo e e ka kgonang nna sebaka sa beke, lenaane le le bontshang gore o tshwanetse go nwa go le kana kang, dipampitshana tsa lekwalo la ngaka, maina a dingaka le dinomoro tsa bone tsa founo. (Tlhomamisa gore o bona melemo e mengwe pele ga letlha le e felang ka lone)
▪ Lebokoso la thuso ya potlako
▪ Ditlhako tse di nonofileng tse di nnang sentle mo lenaong le diaparo tsa pula
▪ Tshedimosetso ya gore ba lelapa ba tla ikgolaganya jang le ba bangwe le lefelo le lo tla kopanang mo go lone, le mmapa ya kgaolo ya lona
▪ Dilo tse ngwana a tla tlhokomelwang ka tsone
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 35 Le fa gone lenaane leno e le la semolao, dilo tse di umakilweng fa godimo di na le diphetogo di se kae. Ga se sengwe le sengwe se se mo lenaaneng leno se se ka tshwanelang seemo sa gago kgotsa lefelo le o nnang mo go lone, mme go ka nna ga tlhokega gore o tsenye dilo tse dingwe. Ka sekai, batho ba ba godileng le ba ba golafetseng ba na le dilo tse di kgethegileng tse ba di tlhokang.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 4]
USGS, David A. Johnston, Cascades Volcano Observatory