Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipelo Tse Di Phatlogileng, Tumelo e e Senyegileng

Dipelo Tse Di Phatlogileng, Tumelo e e Senyegileng

Dipelo Tse Di Phatlogileng, Tumelo e e Senyegileng

MONNA mongwe wa kwa Sri Lanka o ne a bolela jaana morago ga gore tsunami e senye motse wa gaabo ka December 2004: “Go ne go na le ditopo gongwe le gongwe mme re ne re sa kgone go bona mo ntlo ya gaetsho e neng e le teng pele.” Mo setlhogong sengwe se se neng se bua ka masetlapelo, morulaganyi mongwe yo o kwalang ka bodumedi a re ka dinako tse dingwe o ne a iphitlhela a “rapela a kitlantse meno.”

Batho ba le bantsi ba tsaya gore masetlapelo a tlholego ke kotlhao e e tswang kwa Modimong. Mokwaladikgang mongwe o ne a tlhalosa kgwanyape e e ileng ya senya thata a re ke “lebole la Modimo.” Kwa United States, baeteledipele bangwe ba bodumedi ba tlhalosa ditiragalo tse di jaaka Kgwanyape e e bidiwang Katrina e le “bogale jwa Modimo” mo “metseng e e tletseng boleo.” Kwa Sri Lanka, motho mongwe yo o neng a tlhoafetse mo bodumeding jwa Bobuda o ne a latofatsa Bakeresete gore ke bone ba dirileng gore go nne le tsunami, mme seo se ile sa oketsa dikgogakgogano tsa bone tsa bodumedi. Motlhokomedi wa tempele ya Sehindu o ne a akanya gore modimo yo o bidiwang Shiva o ne a galefetse batho ka gonne ba sa tshele sentle. Moeteledipele mongwe wa bodumedi jwa Bobuda wa kwa United States o ne a bolela jaana malebana le masetlapelo a tlholego: “Ga re itse gore ke ka ntlha yang fa dilo tseno di direga. Ga re itse le gore tota ke ka ntlha yang fa re le mono.”

Fa o bona ditshwantsho tsa matlo a a senyegileng, batho ba ba suleng le batho ba ba phatlogileng dipelo, a ka dinako tse dingwe o a tle o ipotse gore, ‘Ke ka ntlha yang fa Modimo a letleletse go boga go go kana kana?’ Kgotsa a o akanya gore ‘Modimo o tshwanetse a bo a na le mabaka a a utlwalang a go bo a letlelela dilo tseno go direga mme ga a senolela batho mabaka ao’? Ditlhogo tse di latelang di sekaseka kgang eno. Mme gape di bua ka dikgato tse di tshwanetseng tse batho ba ka di tsayang gore ba fokotse kotsi ya go gobala le go swa ka nako ya masetlapelo a tlholego.

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

Baeteledipele ba le bantsi ba bodumedi ga ba itse gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letleletse masetlapelo a tlholego go direga