Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“E Kete Mongwe le Mongwe A ka E Bala!”

“E Kete Mongwe le Mongwe A ka E Bala!”

E Kete Mongwe le Mongwe A ka E Bala!”

Mokwadi wa lekwalo leno o ne a bua ka buka ya Atamalana le Jehofa. O ne a oketsa jaana: “E re ka gone jaanong ke tlhaloganya lorato lwa ga Jehofa botoka, ke batla go bontsha ba bangwe lorato le go feta.” Mmadi yo mongwe yo o bontshang kanaanelo o tlhalosa jaana: “Ga ke na mafoko a a lekaneng go tlhalosa kafa ke ileng ka itumelela kgatiso eno ka teng le gore e nnile mosola jang mo go nna. . . . Fa ke tswelela ke e bala, ke ne ke kgothatsega le go feta.”

Mo dikarolong tsa yone tse nnè tsa konokono, buka ya Atamalana le Jehofa e bua ka dinonofo tse dikgolo tsa Modimo e leng, maatla, tshiamiso, botlhale le lorato. Mmadi yo mongwe o tlhalosa jaana: “Buka eno e ile ya nthusa gore ke bone dinonofo tse di molemo tsa ga Rara yo o kwa legodimong. E ile ya dira gore ke bone gore nka kgona go bontsha dinonofo tseo fa ke dira gore moya wa gagwe o o boitshepo o dire mo botshelong jwa me.”

Fa Joanna, mosadi mongwe yo mosha wa kwa Poland, a sena go ithuta kgaolo 26 ya setlhogo se se reng “Modimo yo o ‘Iketleeleditseng go Itshwarela,’” o ne a re: “Ke tsaya dintlha tse di leng mo kgatisong eno e le letlotlo le legolo mme go bo ke bone letlotlo leno go ntshologetse molemo thata mo botshelong.”

Re akanya gore le wena o tla thusiwa thata le go gomodiwa ke buka eno ya ditsebe tse 320. O ka kopa go romelelwa buka eno ka go tlatsa setlankana se se fa tlase fano o bo o se romela kwa atereseng e e supilweng fano kgotsa kwa atereseng e e tshwanetseng mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.

□ Kwantle ga go ipofa, tsweetswee nthomeleleng buka e e supilweng fano.

Bontsha gore ke puo efe.

□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.