Go Opa ga Leino—Botlhoko Jo bo Sa bolong go Nna Teng
Go Opa ga Leino—Botlhoko Jo bo Sa bolong go Nna Teng
Mo marekisetsong a patlelo ya toropo ya bogologolo, motsietsi mongwe yo o apereng ka tsela e e maphatsiphatsi o ntse a ipelafatsa ka gore o kgona go ntsha meno kwantle ga gore a utlwise motho botlhoko. Yo a nang le ene o itira e kete o a etsaetsega a ntse a atamela mme yo o ntshang meno o itira e kete o ntsha meno a tshotse leino la motlhagare le le nang le madi gore batho botlhe le bone. Ka tsela eno batho ba ba opelwang ke meno ba ba kgothalediwa go latlha madi a bone le go latlhegelwa ke meno a bone. Meropa le diterompeta di leletswa kwa godimo thata gore go se ka ga utlwala mantswe a batho ba ba goang fa ba ntshiwa meno e le gore ba se ke ba tshosa ba bangwe go ntsha meno. Ka dinako tse dingwe e tla re mo malatsing a se makae fela, batho ba simolole go nna le diso tse di kotsi tse di kekelang ka ntlha ya go ntshiwa meno ka tsela eno, mme ka nako eo motsietsi yono wa bone o tla bo a tsene ka lenga la seloko.
KE BATHO ba le mmalwa ba ba tshwenngwang ke meno ba ba welang mo diatleng tsa batsietsi bano gompieno. Dingaka tsa segompieno tsa meno di kgona go alafa go opelwa ke meno, e bile gantsi ba kgona go thibela gore motho a se ke a latlhegelwa ke leino. Tota le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba sa ntse ba tshaba go etela dingaka tsa meno. Fa re leba ka tsela e dingaka tsa meno di ithutileng go fokotsa botlhoko jwa molwetse go ka re thusa go anaanela kalafi ya meno ya segompieno.
Go kaiwa fa go bola ga meno e le bolwetse jwa bobedi jo bo tlwaelegileng mo bathong, morago ga mofikela. Ga se gore ke bolwetse fela jwa segompieno. Leboko la ga Kgosi Solomone le bontsha gore kwa Iseraeleng wa bogologolo mathata a go nna le meno a se makae e ne e le seemo se se tlwaelegileng mo bagoding.—Moreri 12:3.
Tota le ba Segosi ba Welwa Ke Botlhoko Jono
Le fa Elizabeth I e ne e le kgosigadi ya kwa Engelane, ga a ka a falola botlhoko jono. Moeti mongwe wa Mojeremane yo o neng a lemoga gore meno a kgosigadi a timpetse o ne a bega gore e ne e le “bothata jo go bonalang bo tletse mo Baesemaneng, ka ntlha ya go rata sukiri ga bone.” Ka December 1578, kgosigadi o ne a tlhorontshiwa ke leino le le neng le mo opa motshegare le bosigo. Dingaka tsa gagwe di ne tsa akantsha gore leino leo le le botlhoko le ntshiwe, mme o ne a gana gongwe e le ka ntlha ya go tshaba botlhoko jwa lone. Gore a tle a mo kgothatse, John Aylmer mobishopo wa Lontone, o ne a ntsha leino lengwe la gagwe gongwe le le neng le senyegile fa pele ga kgosigadi—eo e ne e le kgato e e masisi, e re ka monnamogolo a ne a na le meno a le mmalwa fela a a setseng!
Ka nako eno, batho ba ba tlwaelegileng ba ba neng ba batla go ntsha leino ba ne ba ya kwa mmeoding wa meriri kgotsa kwa mothuding wa ditshipi. Mme fa batho ba le bantsi ba kgona go reka sukiri, bothata jwa go opelwa ke meno bo ne jwa ata—ka jalo go ne ga tlhokega le batho ba ba nang le bokgoni jwa go ntsha meno. Ka jalo, dingaka dingwe le baari ba ne ba simolola go kgatlhegela go ithuta go alafa meno a a senyegileng. Ba ne ba tshwanelwa ke go ithuta ka bobone, ka gonne bomankge ba teng ba ne ba sa batle go ba ruta ka gonne ba ne ba tshaba gore ba tla ba tseela kgwebo ya bone. Gape go ne go na le dibuka di le mmalwa fela tse di buang ka kgang eno.
Dingwaga di le lekgolo morago ga nako ya ga Elizabeth I, Louis XIV o ne a nna kgosi kwa Fora. Nako e ntsi ya botshelo jwa gagwe o ne a tlhorontshiwa ke go opa ga meno, mme ka 1685 o ne a ntsha meno otlhe a gagwe a a kwa godimo kafa letlhakoreng la molema. Bangwe ba bolela gore go latlhegelwa ke meno ka tsela eno ga kgosi go bontsha gore ke gone go dirileng gore a tseye tshwetso ya go fedisa kgololesego ya bodumedi kwa Fora e e neng ya felela ka masetlapelo mo ngwageng oo, e leng selo se se bakileng gore go tsoge
dipogiso tse di setlhogo kgatlhanong le batho ba bodumedi ba ba neng ba le mmalwanyana fela.Go Simologa ga Kalafi ya Segompieno ya Meno
Tlhotlheletso ya ga Louis XIV ya go tshela botshelo jwa manobonobo mo setšhabeng kwa Paris e bakile gore go simololwe kalafi ya meno. Gore go bonale gore motho wa atlega fa gare ga ba segosi le mo setšhabeng go ne go ikaegile ka tebego e ntle ya gagwe. Go tlhokega ga meno a maitirelo, a a neng a tsenngwa go tokafatsa ditebego go na le go a tsenyetsa go ja ka one, go ne ga baka gore go nne le setlhopha se sesha sa dingaka tse di arang—dingaka tsa meno tse di berekelang setlhopha sa batho ba maemo a a kwa godimo. Ngaka e e itsegeng ya meno kwa Paris e ne e le Pierre Fauchard, yo o neng a ithuta go ara mo sesoleng sa lewatle sa kwa Fora. O ne a nyatsa dingaka tse di neng tsa tlogela go alafa batho meno di ba tlogelela babeodi ba meriri ba ba neng ba sena maitemogelo le batho ba ba tsietsang ba bangwe ka gore ba ka ba ntsha meno, gape e ne e le ene wa ntlha go ipitsa ngaka ya meno.
Fauchard o ne a fedisa mokgwa wa gore dingaka dingwe di fitlhe kitso e di nang le tsone, ka go kwala buka ka 1728, e mo go yone a neng a senola dilo tsotlhe tse a neng a di itse ka meno. Ka ntlha ya seno o ne a bidiwa “Mosimolodi wa Kalafi ya Meno.” E ne e le ene ngaka ya ntlha go baya balwetse mo setulong sa balwetse sa meno mme e seng fa fatshe. Fauchard o ne gape a tlhabolola dithulusu tse tlhano tsa go ntsha meno, mme gone o ne a sa ntshe meno fela. O ne a tlhabolola boro e e dirisiwang ke dingaka tsa meno le mekgwa mengwe ya go kaba diphatla mo menong. O ne a ithuta go kaba leino kafa gare ga lone le go kgomaretsa leino la maitirelo mo moding wa leino. Meno a gagwe a maitirelo a a neng a dirilwe ka lonaka lwa tlou, a ne a na le seporeng se se neng se tshwara meno ano a a kwa godimo gore a se ka a suta. Fauchard o ne a dira gore go alafa meno e nne tiro. Tlhotlheletso ya gagwe e ne ya bo ya fitlha go ralala Atlantic.
Botlhoko jo Bogolo Jwa Poresidente ya Ntlha ya United States
Dingwaga di le lekgolo morago ga Louis XIV, George Washington o ne a opelwa ke leino kwa America. O ne a ntshiwa leino mo e batlang e le ngwaga le ngwaga go simolola fa a ne a le dingwaga di le 22. Akanya fela ka mathata a a neng a a itshokela fa a eteletse pele Sesole sa Continental! Fa a simolola go nna poresidente ya ntlha ya United States, ka 1789, o ne a setse a se na meno gotlhelele.
Washington o ne gape a tshwenyegile mo tlhaloganyong ka ntlha ya sefatlhego sa gagwe se se golafaditsweng ke meno a a tswileng le ke meno a maitirelo a a neng a sa dule sentle mo go ene. O ne a amegile thata ka tsela e setšhaba se tla mo lebang ka teng ka ntlha ya tebego ya gagwe ka go bo a ne a batla go tlhophiwa go nna poresidente ya setšhaba se sesha. Ka nako eo, meno a maitirelo a ne a sa bopiwe ka sebopego sa leino la mmatota mme a ne a betliwa ka lonaka lwa tlou, ka jalo go ne go le thata go a tsenya mo go senang meno gone. Banna ba kwa Engelane le bone ba ne ba itemogela mathata a Washington a neng a a itemogela. Go ne go a tle go twe go nna ba sa itumela ga bone go bakiwa ke go bo ba sa rate go tshegela kwa godimo gore meno a bone a maitirelo a se ke a bonala.
Go bonala fa tlhamane ya gore Washington o ne a tsenya meno a maitirelo a logong e se boammaaruri. O ne a na le meno a maitirelo a a neng a dirilwe ka meno a motho, lonaka lwa tlou, le lloto, mme e seng ka logong. Go bonala dingaka tsa gagwe tsa meno di ne di tsaya meno mo dikebekweng tse di epololang mabitla. Bagwebi ba meno ba ne ba tle ba latelele mophato gore ba ntshe meno mo masoleng a a suleng le a a swang mo ntweng. Ka jalo meno a maitirelo e ne e le a batho ba ba humileng. E nnile fela ka dingwaga tsa bo1850, fa go ne go ribololwa rabara e e tlhakantsweng le sulefera e e neng ya dirisiwa go dira meno a maitirelo, mo meno a maitirelo a neng a kgona go direlwa batho fela ba ba tlwaelegileng. Le fa gone dingaka tsa meno tsa ga Washington di ne di gatetse pele mo tirong ya tsone, ba ne ba sa ntse ba sa tlhaloganye ka botlalo gore go opa ga leino go bakiwa ke eng.
Boammaaruri Kaga go Opa ga Leino
Fa e sa le go tloga ka dinako tsa bogologolo, batho ba ne ba akanya gore diboko ke tsone di dirang gore leino le ope—e leng kgopolo e e neng ya tswelela go fitlha
mo dingwageng tsa bo1700. Ka 1890, ngaka ya meno ya Moamerika e bong Willoughby Miller yo o neng a dira kwa Jeremane mo Yunibesithing ya Berlin, o ne a lemoga se se dirang gore meno a bole, e leng sone se se dirang gore leino le ope. Bakateria ya mofuta mongwe e e golang sentle fa e utlwa sukiri e dira esiti e e tlhaselang meno. Mme le fa go ntse jalo, go bola ga meno go ka thibelwa jang? Karabo e ne ya bonwa go sa lebelelwa.Ka masomesome a dingwaga dingaka tsa meno kwa Colorado, U.S.A., di ne tsa gakgamadiwa ke go bona batho ba koo ba na le meno a a nang le dipatso. Kwa bofelong, go ne ga fitlhelwa gore metsi a a nang le fluoride e ntsi ke one a bakang bothata. Mme fa ba ntse ba ithuta ka bothata jono jwa lefelo leo, e ne ya re babatlisisi ba sa lebelela ba bona sengwe sa botlhokwa se se neng se tla tswela lefatshe lotlhe molemo sa go thibela go opelwa ke leino: Batho ba ba goletseng mo lefelong le metsi a lone a a nowang a se nang fluoride e e lekaneng ba nna le meno a a bodileng thata. Fluoride, e ka tlholego fela metsi a mantsi a nang le yone, ke sengwe sa dilo tse di mo enameleng ya leino. Fa batho ba ba se nang fluoride mo metsing a bone ba ne ba newa selekanyo se se siameng sa yone, go bola ga meno go ne ga fokotsega ka diperesente di le 65.
Ka jalo he, bothata jo bo sa bolong go nna masaitseweng bo ne bo rarabolotswe. Go opelwa ke leino gantsi go bakiwa ke go bola ga lone. Sukiri e dira gore leino le bole. Fluoride yone e thusa leino gore le se ka la bola. Gone mme, go lemogilwe gore fluoride ga se selo se motho a ka reng se ka thusa mo boemong jwa go borasha meno ka tshwanelo le go a phepafatsa ka tlhale wa gone.
Go Batlana le Kalafi ya Meno E e Sa Utlwiseng Botlhoko
Pele ga melemo e e okobatsang botlhoko e bonwa, kalafi ya meno e ne e bakela balwetse botlhoko jo bo bogolo. Dingaka tsa meno di ne di epa meno a a botlhoko, a a bodileng ka sengwe se se bogale di bo di a bidiela metale e e bolelo mo phatleng e le go e kaba. E re ka ba ne ba se na melemo e mengwe, ba ne ba bolaya dibaketeria ka go go tsenya tshipi e e mogote thata mo karolong e e tshwaeditseng e e boleta fa gare ga leino. Pele go dirwa dithulusu le melemo e e fedisang botlhoko, go ntshiwa ga leino e ne e le selo se se botlhoko mo go maswe. Batho ba ne ba itshokela botlhoko jono ka gonne ba ne ba ka se kgone go itshokela go tshela ka leino le le opang. Le fa gone melemo e e tshwanang le opium, setlhatsana sa kwa India se se bidiwang hemp le matekwane di ne di dirisiwa ka makgolokgolo a dingwaga, di ne di fokotsa botlhoko go se kae fela. A dingaka tsa meno di tla ke di kgone go alafa batho kwantle ga go ba utlwisa botlhoko?
Melemo e e idibatsang ya nitrous oxide, e ne ya lemogiwa ka bonako morago fela ga gore rakhemisi Joseph Priestley a e dire lekgetlho la ntlha ka 1772. Mme go ne go se na ope yo o neng a e dirisa go fitlhela ka 1844. Ka December 10 wa one ngwaga oo, Horace Wells ngaka ya meno kwa Hartford, Connecticut, U.S.A., o ne a ya kwa go nngwe ya dithuto tsa tlhatlhelelo koo batho ba neng ba tlosiwa bodutu ka gase ya nitrous oxide. Wells o ne a lemoga gore motho yo o neng a neilwe molemo ono o ne a gotlha momo wa gagwe mo bankeng e e thata mme a bo a sa utlwe botlhoko. Wells e ne e le monna yo o utlwelang batho botlhoko e bile o ne a tlhomoga pelo fa a bona balwetse ba gagwe ba utlwa botlhoko. O ne ka bonako a akanya go dirisa gase ya nitrous oxide gore e nne molemo o o okobatsang botlhoko. Mme pele a e dirisa mo go ba bangwe, o ne a e dirisa mo go ene pele. Letsatsi le le latelang o ne a nna mo setulong sa go ara batho mme a hema gase eno go fitlha a idibala. Mme modirimmogo le ene o ne a ntsha leino la gagwe la motlhagare. Eno e ne e le tiragalo e e botlhokwa. Kgabagare, kalafi ya meno e e sa utlwiseng botlhoko e ne e bonwe! *
Fa e sa le ka nako eo, kalafi ya meno e nnile le ditlhabologo tse dintsi tsa tekenoloji. Ke ka moo, o tla fitlhelang gore go etela ngaka ya meno gompieno ga e tlhole e le bothata.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 22 Gompieno dingaka tsa meno di dirisa thata melemo e e okobatsang botlhoko go na le go dirisa gase ya nitrous oxide.
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
Meno a maitirelo a a dirilweng ka lonaka lwa tlou a ga George Washington, poresidente ya ntlha ya United States
[Motswedi wa Setshwantsho]
Courtesy of the National Library of Medicine
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
Setshwantsho se se takilweng se se bontshang karo ya ntlha ya meno e go dirisiwang gase ya “nitrous oxide” jaaka seokobatsa botlhoko, 1844
[Motswedi wa Setshwantsho]
Courtesy of the National Library of Medicine
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 27]
Courtesy of the National Library of Medicine