Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tshela mo Ditsong Tse di sa Tshwaneng—Ke Eng se Nka se Dirang?

Go Tshela mo Ditsong Tse di sa Tshwaneng—Ke Eng se Nka se Dirang?

Basha ba Botsa Jaana . . .

Go Tshela mo Ditsong Tse di sa Tshwaneng—Ke Eng se Nka se Dirang?

“Lelapa la gaetsho ke la Bantadiana, ba lorato e bile ga ba ditlhong go bontshana lorato. Gone jaanong re nna mo Boritane. Batho ba kwano ba bonala ba dira dilo ka thulaganyo tota e bile ba le maitseo. Ke ikutlwa ke sa tshwanelege mo ditsong tseno tse pedi—ke le Montadiana thata gore nka nna Moboritane e bile ke le Moboritane thata gore nka nna Montadiana.”—Giosuè, Engelane.

“Kwa sekolong morutabana wa me o ne a nthaya a re ke mo lebe mo matlhong fa a bua. Mme fa ke ne ke leba rre mo matlhong fa a bua o ne a re ga ke bontshe maitseo. Ke ne ka ikutlwa ke tlhakanngwa tlhogo ke ditso tseno tse pedi.”—Patrick, mofaladi wa Mo-Algeria yo o nnang kwa Fora.

A rrago kgotsa mmago ke mofaladi?

Ee Nnyaa

A puo kgotsa setso tse di go dikologileng kwa sekolong di farologane le tsa kwa galona?

Ee Nnyaa

DIMILIONE tsa batho di fudugela kwa dinageng di sele ngwaga le ngwaga, mme bontsi jwa bone ba lebana le dikgwetlho tse dikgolo. Ba iphitlhela fela ba dikologilwe ke batho ba puo, setso le moaparo o o farologaneng le wa bone. Mme seno se felela ka gore, gangwe le gape bafaladi ba sotliwe, e leng se mosetsana yo o bidiwang Noor a se lemogileng. Ene le lelapa la gaabo, ba ne ba fuduga go tswa kwa Joredane go ya kwa Amerika Bokone. A re: “Diaparo tsa rona di ne di farologane tota, ka jalo batho ba ne ba re ja ditshego. Tota re ne re sa tlhaloganye le metlae ya Baamerika.”

Mosha yo o bidiwang Nadia o ile a lebana le bothata jo bo sa tshwaneng le joo. O tlhalosa jaana: “Ke tsholetswe kwa Jeremane. E re ka batsadi ba me e le Bantadiana, ke ne ke sa bue Sejeremane sentle, mme bana kwa sekolong ba ne ba re ke ‘motswakwa wa sematla.’ Mme fa ke etetse kwa Italy, ke iphitlhela ke bua Sentadiana mme loleme lwa me lo ganeletse mo Sejeremaneng. Ka jalo, ke ikutlwa ke se na mo ke welang gone. Gongwe le gongwe fela kwa ke yang gone ke motswakwa.”

Bana ba batsadi ba e leng bafaladi ba lebana le mathata afe? Mme ba ka atlega jang mo seemong se se ntseng jalo?

Go se Tshwane ga Ditso le Puo

Tota le kwa gae, basha ba batsadi ba bone e leng bafaladi ba ka bona go se tshwane ga setso go simologa. Ka tsela efe? Gantsi bana ba tlwaela setso se sesha ka bonako go gaisa batsadi. Ka sekai, Ana o ne a le dingwaga di le robedi fa a ne a fudugela kwa Engelane le lelapa la gaabo. A re: “Go tlwaela Lontone e ne e se selo se se bokete mo go nna le nnake. Mme e ne e le kgwetlho e kgolo mo batsading ba me ba ba neng ba fetsa lobaka lo loleele ba nna kwa setlhaketlhakeng se sennye sa Portugal sa Madeira.” Voeun yo a neng a le dingwaga di le tharo fa batsadi ba gagwe ba Ba-Cambodia ba ne ba goroga kwa Australia a re: “Batsadi ba me ba ne ba sa kgone go tlwaela setso se sesha. Totatota, rre o ne a tle a kgobege marapo le go galefa gonne ke ne ke sa tlhaloganye maikutlo a gagwe kgotsa tsela e a akanyang ka yone.”

Go sa tshwane go go ntseng jalo go ka nna jaaka mosele wa metsi o o kgaoganyang basha le batsadi ba bone. Puo e ka nna sekgoreletsi se sengwe se se kgaoganyang malapa, jaaka lobota lwa phemelo lo lo agilweng gaufi le mosele wa metsi. Bothata bo simologa fa bana ba ithuta puo e ntšha ka bonako go gaisa batsadi ba bone. Bothata bo oketsega thata fa bana ba simolola go lebala puo ya gabone mme puisano e e nang le bokao e nna bothata jo bo etegelang pele.

Ian yo jaanong a leng dingwaga tse 14, o ne a bona bothata jo bo ntseng jalo bo simologa fa gare ga gagwe le batsadi ba gagwe fa lelapa la gaabo le sena go fudugela kwa New York go tswa kwa Ecuador. A re: “Gone jaanong ke bua Seesemane thata go gaisa Se-Spain. Barutabana ba me kwa sekolong ba bua Seesemane, ditsala tsa me di bua Seesemane e bile ke bua Seesemane le nnake. Mogopolo wa me o tlala fela ka Seesemane mme Se-Spain sone se a tswa.”

A o mo seemong se se tshwanang le sa ga Ian? Fa lelapa la gaeno le fudugile o sa le mmotlana, o ka tswa o ne o sa lemoge gore puo ya galona e ne e tla go solegelwa molemo moragonyana mo botshelong. Ka jalo o ka tswa o ile wa itetla go e lebala. Noor yo o nopotsweng pelenyana a re: “Rre o lekile ka natla go gatelela gore re bue puo ya gagwe kwa gae, mme re ne re sa batle go bua Se-Arabia. Mo go rona go ithuta Se-Arabia go ne go ntse jaaka e kete ke go ikimetsa ka morwalo o o sa tlhokegeng. Ditsala tsa rona di ne di bua Seesemane. Dithulaganyo tsotlhe tsa thelebishine tse re neng re di lebelela e ne e le tsa Seesemane. Re ne re tla bo re isa kae Se-Arabia?”

Le fa go ntse jalo, fa o ntse o gola o ka nna wa simolola go lemoga melemo ya go bua puo ya galona sentle. Ka jalo, o ka go fitlhela go le bokete go gakologelwa mafoko a a neng a tlhola a itlela motlhofo fela. Michael wa dingwaga di le 13, yo batsadi ba gagwe ba fudugetseng kwa Engelane go tswa kwa China, a re: “Ke na le go tlhakatlhakanya dipuo tse pedi tseno.” Ornelle wa dingwaga di le 15, yo o neng a fuduga go tswa kwa Congo (Kinshasa) go ya kwa Lontone a re: “Fa ke leka go bolelela mmè sengwe ka Se-Lingala, ga ke kgone ka gonne ke tlwaetse go bua Seesemane.” Lee yo o tsholetsweng kwa Australia ke batsadi ba Ba-Cambodia, o ikwatlhaela go bo a sa bue puo ya batsadi ba gagwe ka thelelo. O tlhalosa jaana: “Fa ke bua le batsadi ba me mme ke batla go ba tlhalosetsa kafa ke ikutlwang ka teng ka dilo tse di rileng, ke iphitlhela ke sa kgone go bua puo ya bone sentle.”

Mabaka a go Fenya Dikgoreletsi

Fa e le gore fale le fale ga o tlhole o kgona go bua puo ya galona sentle, o se ke wa kgobega marapo. O ka kgona go tsosolosa bokgoni jwa gago jwa puo. Mme gone o tshwanetse go simolola ka go bona melemo ya go dira jalo. Mengwe ya melemo eo ke efe? Giosuè, yo o nopotsweng pelenyana a re: “Ke ithutile puo ya batsadi ba me gonne ke batla go atamalana thata le bone mo maikutlong mme sa botlhokwa le go feta go atamalana le bone semoyeng. Go ithuta puo ya bone go dirile gore ke tlhaloganye tsela e ba ikutlwang ka yone. Mme seo se ba thusitse gore ba ntlhaloganye.”

Basha ba le bantsi ba Bakeresete ba kgona go bua puo ya batsadi ba bone ka gonne ba batla go bolelela bafaladi ba bangwe dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Salomão yo o fudugetseng kwa Lontone a le dingwaga di le tlhano a re: “Go kgona go tlhalosa Dikwalo ka dipuo tse pedi go molemo tota! Ke ne ke setse ke lebetse puo ya garona, mme e re ka jaanong ke le mo phuthegong ya Sepotokisi, ke kgona go bua Seesemane le Sepotokisi ka thelelo.” Oleg wa dingwaga di le 15, yo jaanong a nnang kwa Fora a re: “Go kgona go thusa batho ba bangwe go dira gore ke itumele. Ke kgona go tlhalosetsa batho ba ba buang Se-Russia, Sefora le Se-Moldova Baebele.” Noor, o ne a bona gore go tlhokega baboledi mo tshimong ya batho ba ba buang Searabia. A re: “Gone jaanong ke tsena ditlelase tsa go ithuta puo mme ke leka go tokafatsa bokgoni jwa puo jo bo neng bo ntatlhegetse. Ke fetotse boikutlo jwa me. Jaanong ke batla go siamisiwa fa ke dira diphoso. Ke batla go ithuta.”

Ke eng se se ka go thusang gore o kgone go bua puo ya batsadi ba gago ka thelelo? Malapa mangwe a bone go thusa go gatelela gore go buiwe puo ya gabone fela fa ba le kwa gae, mme bana ba tla kgona go ithuta dipuo tse pedi sentle. * Gongwe o ka rata go kopa batsadi ba gago gore ba go thuse go ithuta go kwala puo ya galona. Stelios, yo o goletseng kwa Jeremane mme puo ya gabone e le Segerika a re: “Batsadi ba me ba ne ba sekaseka temana ya Baebele le nna letsatsi le letsatsi. Ba ne ba tle ba e balele kwa godimo, mme nna ke bo ke e kwala. Jaanong ke kgona go kwala le go bala Segerika le Sejeremane.”

Ruri go na le melemo e le mentsi fa e le gore o kgona go bua dipuo tse pedi kgotsa go feta e bile o tlhaloganya le ditso tse pedi. Go itse ga gago ditso tse pedi go oketsa bokgoni jwa gago jwa go tlhaloganya kafa batho ba bangwe ba ikutlwang ka teng mme o kgona go araba dipotso tse ba di botsang ka Modimo. Baebele ya re: “Motho o a ipela mo karabong ya molomo wa gagwe, mme a bo lefoko ka nako ya lone e e tshwanetseng le le molemo jang ne!” (Diane 15:23) Preeti, yo o tsholetsweng kwa Engelane yo batsadi ba gagwe e leng Baindia, o tlhalosa jaana: “Ke ikutlwa ke phuthologile fa ke le kwa tshimong ka gonne ke tlhaloganya ditso tse pedi. Ke kgona go tlhaloganya tsela ya go tshela ya batho ba ditso tse pedi tseno—le se ba se dumelang le gore ba ikutlwa jang.”

“Modimo Ga a Na Tlhaolele”

Fa o ikutlwa o tshela fa gare ga ditso tse pedi, o se ke wa kgobega marapo. Boemo jwa gago bo tshwana le jwa batho ba le mmalwa ba go buiwang ka bone mo Baebeleng. Ka sekai, Josefa o ne a tlosiwa mo setsong sa gabone sa Sehebera fa a ne a sale mosimanyana mme a fetsa botshelo jotlhe jwa gagwe kwa Egepeto. Le fa go ntse jalo, o ne a sa lebala puo ya gabone. (Genesise 45:1-4) Mme seno sa dira gore a kgone go thusa lelapa la gabone.—Genesise 39:1; 45:5.

Timotheo yo a neng a tsamaya le moaposetoloi Paulo, o ne a na le rre wa Mogerika le mmè wa Mojuda. (Ditiro 16:1-3) Go na le go letla tsela e e tlhakatlhakaneng e a godisitsweng ka yone e mo kgoreletsa, ga go pelaelo gore o ne a kgona go dirisa bokgoni jwa gagwe jwa go tlhaloganya go sa tshwane ga ditso tseno go thusa ba bangwe fa a ne a le mo tirong ya borongwa.—Bafilipi 2:19-22.

A le wena o ka sola molemo boemo jo o leng mo go jone go na le go bo tsaya e le sekgoreletsi? Gakologelwa, “Modimo ga a na tlhaolele, mme mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o mmoifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go ene.” (Ditiro 10:34, 35) Jehofa o go rata go ya ka se o leng sone, e seng go ya ka lefelo le o tswang kwa go lone. Jaaka basha ba ba nopotsweng fano, a o ka kgona go dirisa kitso le maitemogelo a gago go thusa batho ba morafe wa lona go ithuta ka Modimo wa rona yo o se nang tlhaolele, yo o lorato Jehofa? Go dira jalo go ka go itumedisa tota!—Ditiro 20:35.

Go na le ditlhogo tse di oketsegileng tsa “Basha ba Botsa Jaana . . . ” tse o ka di bonang mo atereseng eno ya Internet, www.watchtower.org/ype

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 21 Go bona dikakantsho tse di oketsegileng, bona setlhogo se se reng “Go godisa Bana Kwa Nageng e Sele—Mathata le Maduo a Gone,” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa October 15, 2002.

DILO TSE O KA AKANYANG KA TSONE

▪ Ke mathata afe a ditso le a dipuo a o lebaneng le one?

▪ O ka fenya jang dingwe tsa dikgwetlho tseno?

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Go bua puo ya batsadi ba gago go ka nonotsha kamano ya lona ya lelapa