Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Seabe se se Botlhokwa mo Kalafing ya Saense”

“Seabe se se Botlhokwa mo Kalafing ya Saense”

“Seabe se se Botlhokwa mo Kalafing ya Saense”

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA MEXICO

Basupi ba ga Jehofa ba itsege mo lefatsheng lotlhe e le batho ba ba dirisang kalafi e go sa dirisiweng madi mo go yone. Batho ba bangwe ba nyatsa boemo jono jwa bone jo bo theilweng mo Baebeleng. Le fa go ntse jalo, jaaka go ile ga bolelwa mo lokwalodikgang lo lo anamisiwang thata lwa Reforma la kwa Mexico City, Dr. Ángel Herrera, yo e leng ngaka e e arang e bile e le tlhogo ya kwa National Institute of Oncology (Setheo sa Ditšhabatšhaba sa Baithuti ba Ditlhagala) o ne a re: “Basupi ga se dieleele. E bile ga se batho ba ba feteletsang dilo. . . . [Ba] nnile le seabe se segolo mo go direng gore ba kalafi ba akanyetse botlhokwa jwa go dira gore madi a se ka a tshologa thata.”

Dingwaga di le 15 tse di fetileng Dr. Herrera o ne a rulaganya gore setlhopha sa dingaka tse di dirang ka diidibatsi le ba ba arang gore ba are kwantle ga go dirisa madi. Dr. Isidro Martínez, yo e leng ngaka ya diidibatsi yo o neng a le mo setlhopheng seo o ne a bolela jaana: “Fa diidibatsi di dirisiwa sentle, go ka kgonega gore go dirisiwe ditsela tsotlhe tsa go boloka madi. Ka jalo, tota re ka kgona go thusa Basupi ba ga Jehofa, le go tlotla boemo jwa bone jwa bodumedi.”

Ka October 2006 Reforma e ne ya bega gore go na le ditsela tse dingwe tse di fetang 30 tsa kalafi tse mo go tsone go sa dirisiweng madi. Di akaretsa go fisa ditshika tsa madi, go tswala dirwe ka letseta le le kgethegileng le le ntshang dikhemikale tse di rileng tse di thibelang go dutla ga madi le dilo tse di oketsang selekanyo sa madi. *

Dr. Moisés Calderón, yo e leng mookamedi wa dingaka tse di arang pelo kwa La Raza General Hospital kwa Mexico City, gantsi o ara kwantle ga go tshela madi. O ne a bolela jaana mo lokwalodikgannyeng lwa Reforma: “Go tshela madi ga se sengwe se se se nang kotsi. Go na le kotsi ya go ka tsenya motho dibaerase, dibakateria kgotsa diparasaete. Mme gape go ka nna le go ilelwa ke go tshelwa madi mme go bo go ama tsela e diphilo le makgwafo tsa motho di dirang ka yone.” Dr. Calderón ene o ne a re: “Ka ntlha ya dikotsi tseo, re ara balwetse botlhe e kete ke Basupi ba ga Jehofa. Re leka go dira gore motho a se ka a dutla madi thata, re bo re busetsa madi a a ileng a dutla ka go dirisa melemo e e thusang molwetse gore a se ka a dutla madi thata.”

Lokwalodikgang loo lo ile lwa nopola Ditiro 15:28, 29, e e leng temana ya konokono e Basupi ba ga Jehofa ba e dirisang e le motheo wa boemo jwa bone. Mo temaneng eno baaposetoloi ba ile ba ntsha taolo eno: “Moya o o boitshepo le rona ka borona re bone go le molemo go se lo okeletse mokgweleo o mongwe, fa e se dilo tseno tse di tlhokegang, go nna lo ithiba mo dilong tse di isediwang medingwana ditlhabelo le mo mading le mo dilong tse di kgamilweng le mo kgokafalong.”

Lephata la Tshedimosetso Kaga Dikokelo kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Mexico le bega gore go na le Dikomiti tsa Puisano le Dikokelo di le 75 mo nageng eo mme go na le baithaopi ba le 950 ba ba etelang dingaka go ba naya tshedimosetso e e malebana le dilo tse dingwe tse di ka dirisiwang mo boemong jwa madi. Dingaka di ka nna 2 000 kwa Mexico di ikemiseditse go alafa Basupi ba ga Jehofa kwantle ga go dirisa madi. Basupi ba anaanela thata tsela e dingaka di dirisanang le bone ka teng, mme dingaka tseno di kgona go thusa le balwetse ba e seng Basupi botoka.

[Ntlha e e kwa tlase

^ ser. 5 Tsogang! ga e buelele mofuta ope wa kalafi e go sa dirisiweng madi mo go yone, ka gone kgang eno ke tshwetso ya motho ka namana.

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Dr. Ángel Herrera

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Dr. Isidro Martínez

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Dr. Moisés Calderón