Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Go thuthafala ga tlelaemete ya lefatshe “go bonala sentle ,” e bile “go ka direga” gore go bakwa ke dilo tse batho ba di dirang.—INTERGOVERNMENTAL PANEL ON CLIMATE CHANGE (IPCC), SWITZERLAND.

Dimilione tse di magareng ga 1,4 le 1,9 tsa batho ba kwa Jeremane, di “tshwakgotswe ke melemo.” Selekanyo seno se masisi go tshwana le sa batho ba ba tshwakgotsweng ke bojalwa.—TAGESSCHAU, GERMANY.

Masea a a kafa tlase ga ngwaga o le mongwe kwa Boritane, a dira karolo ya palo ya baagi ba go ka diregang thata gore ba tla bolawa.—THE TIMES, BRITAIN.

Dikarolo tsa molelwane o o fa gare ga United States le Canada di na le dimela tse di goletseng kwa godimo thata mo e leng gore badiredi ba puso “ga ba tlhole ba itse gore molelwane o felela kae.” Dennis Schornack wa International Boundary Commission a re: “Fa o sa kgone go o bona, ga o ka ke wa kgona go o sireletsa.”—ASSOCIATED PRESS, UNITED STATES.

Mmele o Dirilwe ka Tsela ya Gore o Kgone go Iphodisa

Porofesa Gustav Dobos, mokaedimogolo kwa Bookelong jwa Moepo kwa Essen, kwa Jeremane a re: “Mmele wa motho o kgona go fodisa diperesente di le 60 go ya go di le 70 tsa malwetse ka boone.” Gore o tle o kgone go iphodisa, go bolelwa gore mmele o kgona go ntsha melemo e 30 go ya go e 40 e e jaaka cortisone le dire dingwe tse di kgonang go thibela matlapana a a golang mo diphilong. Babatlisisi ba tlhaloganya dithulaganyo dingwe tse di dirang gore mmele wa motho o kgone go iphodisa, mme gone go sa ntse go na le dilo di le dintsi tse ba sa di itseng. Makasine wa Vital wa re, baitsesaense ba lemogile gore “go kopana go go raraaneng ga dihoromone, horomone tse di sireletsang mmele kgatlhanong le malwetse, le disele tse di bolayang disele tse di tshwaeditsweng ke megare di nna di le mo tirong, mme maikutlo le tsela e re ikutlwang ka yone le tsone di na le seabe.” Le fa go ntse jalo, makasine ono o tswelela ka gore go gatelelwa mo maikutlong le mathata a botho di ka “koafatsa bokgoni jwa thulaganyo ya mmele ya go itshireletsa ka lobaka lo loleele.”

Go Abiwa ga Khumo ya Lefatshe

Lokwalodikgang lwa Guardian lwa kwa Lontone lo bega gore: “Bagolo ba ba humileng thata mo lefatsheng ba ba dirang peresente e le nngwe ba ruile diperesente di le 40 tsa khumo ya lefatshe. Bontsi jwa batho ba ba dirang mo ditheong tsa madi le mo mafapheng a Internet ke bone ba ba humileng thata.” Dipatlisiso tse di dirilweng ke lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng di fitlhetse gore diperesente tse 37 tsa batho ba ba humileng thata mo lefatsheng di nna kwa United States, mme diperesente di le 27 tsone di nna kwa Japane, fa diperesente di le 6 tsone di le kwa United Kingdom. Bagolo ba ba humanegileng thata mo lefatsheng ba ba diperesente tse 50 ba na le peresente e le 1 fela ya khumo ya lefatshe. Go ya ka Duncan Green, mookamedi wa dipatlisiso wa mokgatlho o o thusang bahumanegi wa kwa Boritane wa Oxfam, “go sa lekalekane gono ga batho go a tshosa eleruri. . . . Ga go kgonege gore motho a tlodise matlho lebaka la go bo batho ba le dimilione tse 800 ba lala ka tlala bosigo bongwe le bongwe mme go na le khumo e ntsi jaana.”